Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu—Kwa a Neng a Tswa Gone

Jesu—Kwa a Neng a Tswa Gone

“[Pilato] a tsena gape mo ntlong ya segosi ya molaodi a raya Jesu a re: ‘O tswa kae?’ Mme Jesu a se ka a mo araba.”—JOHANE 19:9.

MMUSI wa kwa Roma e bong Ponto Pilato o ne a botsa potso eo fa Jesu a ne a le mo tshekong e e amang botshelo jwa gagwe. * Pilato o ne a itse gore Jesu o ne a tswa kwa karolong efe ya Iseraele. (Luke 23:6, 7) Gape o ne a itse gore Jesu e ne e se motho yo o tlwaelegileng. A Pilato o ne a ipotsa gore a Jesu o ne a kile a tshela pele? A tota mmusi yono wa moheitane o ne a iketleeleditse go amogela boammaaruri le go tshela go dumalana le jone? Le fa lebaka la potso ya gagwe e ka tswa e ne e le lefe, Jesu ga a ka a mo araba, mme go ise go ye kae go ne ga bonala sentle gore Pilato o ne a amegile thata ka maemo a gagwe e seng ka boammaaruri le tshiamiso.—Mathaio 27:11-26.

Se se itumedisang ke gore batho ba ba peloephepa ba ba batlang go itse gore Jesu o ne a tswa kae ba ka bona karabo motlhofo. Baebele e tlhalosa sentle gore Jesu Keresete o ne a tswa kae. Ela tlhoko dintlha tse di latelang.

Kwa a tsholetsweng gone

Dipatlisiso tsa gompieno di bontsha gore Jesu o ne a tsholelwa mo lefelong la maemo a a kwa tlase kwa motseng wa Bethelehema wa Judea mo tshimologong ya letlhafula la ngwaga o gompieno o itsiweng e le 2 B.C.E. Taelo ya go ikwadisa e Kaesare Aguseto a neng a e ntshitse e ne ya pateletsa mmaagwe Jesu e bong Marea yo o neng “a goletswe,” le monna wa gagwe e bong Josefa, gore ba tseye mosepele go ya kwa Bethelehema, motse o Josefa a tsholetsweng kwa go one. E re ka motse o ne o tletse batho, banyalani bano ga ba a ka ba bona marobalo, ka jalo ba ne ba tshwanelwa ke go nna mo bonnong jwa diruiwa kwa Jesu a neng a tsholelwa gone a bo a bewa mo bojelong jwa diruiwa.—Luke 2:1-7.

Makgolokgolo a dingwaga pele ga moo, boporofeti jwa Baebele bo ne jwa bolelela pele lefelo le Jesu a neng a tla tsholelwa kwa go lone: “Wena, Bethelehema Eferatha, yo monnye thata go ka nna mo gare ga dikete tsa Juda, go tswa mo go wena go tla tla mo go nna yo o tla nnang mmusi mo Iseraele.” * (Mika 5:2) Go lebega Bethelehema e ne e le motse o monnye thata gore o ka umakiwa le metse e e mo nageng ya Juda. Le fa go ntse jalo, motsana ono o ne o tla nna le tshiamelo nngwe e e sa tshwaneng le epe. Mesia yo o solofeditsweng, kgotsa Keresete, o ne a tla tswa mo Bethelehema.—Mathaio 2:3-6; Johane 7:40-42.

Kwa a goletseng gone

Fa lelapa la gaabo Jesu le sena go nna lobaka lo lokhutshwane kwa Egepeto, le ne la fudugela kwa Nasaretha, motse o o kwa porofenseng ya Galalea o o dikilometara di ka nna 96 go ya kwa bokone jwa Jerusalema. Ka nako eo, Jesu o ne a ise a tshware dingwaga tse tharo. O ne a golela mo lelapeng le legolo, le e ka tswang e ne e le la maemo a a kwa tlase, mo kgaolong eo e ntle e balemi, badisa le batshwaraditlhapi ba neng ba dira ditiro tsa bone mo go yone.—Mathaio 13:55, 56.

Makgolokgolo a dingwaga pelenyana, Baebele e ne ya bolelela pele gore Mesia o ne a tla nna “Monasaretha.” Mokwadi wa Efangele e bong Mathaio a re lelapa la gaabo Jesu le ne la tla go nna kwa “Nasaretha, gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ka baporofeti ga twe: ‘O tla bidiwa Monasaretha.’” (Mathaio 2:19-23) Leina Monasaretha le lebega le amana le lefoko la Sehebera le le kayang “letlhogela.” Go bonala Mathaio a ne a bua ka boporofeti jwa ga Isaia jo bo neng bo bitsa Mesia “letlhogela” le le tswang mo go Jese, se se rayang gore Mesia e ne e tla nna setlogolwana sa ga Jese, rraagwe Kgosi Dafide. (Isaia 11:1) Tota Jesu e ne e le setlogolwana sa ga Jese ka Dafide.—Mathaio 1:6, 16; Luke 3:23, 31, 32.

Kwa a neng a tshela gone pele

Baebele e ruta gore Jesu o ne a tshela lobaka lo loleele pele a tsholelwa mo bonnong jwa diruiwa kwa Bethelehema. Boporofeti jwa ga Mika, jo bo nopotsweng pelenyana, bo tswelela ka go re Jesu ke yo o “simologileng mo metlheng ya bogologolo, mo metlheng e e se nang tshimologo.” (Mika 5:2) E re ka Jesu e le Morwa Modimo wa leitibolo, e ne e le sebopiwa sa moya se se neng se tshela kwa legodimong pele a tsholwa mo lefatsheng e le motho. Jesu ka boene o ne a re: “Ke fologile kwa legodimong.” (Johane 6:38; 8:23) Seno se ne sa kgonega jang?

Jehofa Modimo o ne a dirisa moya o o boitshepo go dira kgakgamatso ka go fetisetsa botshelo jwa Morwawe wa kwa legodimong mo sebopelong sa kgarebane ya Mojuda e bong Marea gore a tsholwe e le motho yo o itekanetseng. * Eno ke kgakgamatso e Modimo Mothatayotlhe a neng a ka e dira motlhofo fela. Go ntse fela jaaka moengele a ne a tlhalosetsa Marea a re, “mo Modimong ga go polelo e e se kitlang e kgonega.”—Luke 1:30-35, 37.

Baebele ga e re bolelele fela gore Jesu o ne a tswa kae. Diefangele tse nnè—Mathaio, Mareko, Luke le Johane—di re bolelela go le gontsi malebana le kafa a neng a tshela ka gone.

^ ser. 3 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka go tshwarwa le go sekisiwa ga ga Jesu, bona setlhogo se se reng “Tsheko E e Sa Tsamaisiwang Sentle go Gaisa Tsotlhe Tse di Kileng Tsa Tshwarwa,” se se mo go tsebe 18-22 mo makasineng ono.

^ ser. 6 Go lebega Bethelehema e kile ya bo e bidiwa Eferatha.—Genesise 35:19.

^ ser. 10 Jehofa ke leina la Modimo le le senotsweng mo Baebeleng.