Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Dumetse”

“Ke Dumetse”

Etsa Tumelo ya Bone

“Ke Dumetse”

MARATHA o ne a kgona go bona lebitla la ga kgaitsadie ka leitlho la mogopolo. Lebitla leo e ne e le logaga lo kgoro ya lone e neng e thibilwe ka leje. Pelo ya gagwe e ne e rotha madi. Go ne go le thata mo go ene go dumela gore Lasaro yo a neng a mo rata o ne a tlhokafetse. Go ne go fetile malatsi a le manè fela a tlhokafetse mme go ne go lebega e kete go fetile lobaka lo loleele a hutsafetse, a nna le baeng e bile a gomodiwa.

Jaanong fa pele ga ga Maratha go ne go eme monna mongwe yo fa Lasaro a ne a tshela a neng a mo tseela kwa godimo. Maratha o ne a utlwa botlhoko thata fa a bona Jesu gape, ka gonne Jesu ke ene fela mo lefatsheng lotlhe yo o neng a ka bo a dirile gore kgaitsadie a se ka a swa. Le fa go ntse jalo, Maratha o ne a gomotsega fa a na le Jesu kwa ntle ga motsana wa Bethani o o mo mohapheng. Mo nakong e khutshwane e Maratha a neng a na le Jesu ka yone, o ne a boa gape a gomotsega ka ntlha ya bopelonomi jo Jesu a neng a bo bontsha le kutlwelobotlhoko ya gagwe e e neng e mo kgothatsa. Jesu o ne a mmotsa dipotso tse di neng di mo thusa go akanya ka tumelo ya gagwe le dilo tse a neng a di dumela ka tsogo. Motlotlo ono o ne wa felela ka gore Maratha a bue mafoko a a botlhokwa go gaisa ape a a kileng a a bua: “Ke dumetse gore o Keresete Morwa Modimo, Yo o tlang mo lefatsheng.”—Johane 11:27.

Maratha o ne a na le tumelo e e nonofileng. Tshedimosetso e nnye e Baebele e re bolelelang yone ka ga gagwe e re ruta dithuto tsa botlhokwa tse di ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona. Go bona kafa di ka re thusang ka gone, a re sekasekeng pego ya ntlha e e mo Baebeleng e e ka ga Maratha.

“O a Tlhobaela e Bile o Tshwenyegile”

E ne e le dikgwedi di se kae pelenyana. Lasaro o ne a sa ntse a tsogile sentle. O ne a tloga a amogela moeng wa botlhokwa thata e bong Jesu Keresete kwa legaeng la gagwe kwa Bethani. Lasaro, Maratha le Marea e ne e le bana ba motho ba ba godileng ba go lebegang ba ne ba nna botlhe mo legaeng le le lengwe. Babatlisisi bangwe ba akanya gore Maratha a ka tswa a ne a le mogolwane mo go bone ba bararo e re ka e ne e le ene a amogelang baeng e bile ka dinako tse dingwe go umakwa ene pele. (Johane 11:5) Ga go na jaaka re ka itse gore a ope wa bone o ne a kile a nyala kgotsa a nyalwa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu. O ne a nna kwa legaeng la bone ka nako ya bodiredi jwa gagwe kwa Judea, kwa batho ba neng ba mo ganetsa thata e bile ba mo tlhoile teng. Kwantle ga pelaelo, o ne a anaanela fela thata lefelo leo le kwa go lone a neng a bona kagiso e bile a engwa nokeng.

Maratha o ne a dira go le gontsi gore baeng ba ikutlwe ba amogelesegile. E re ka e ne e le mosadi wa senatla, go lebega gantsi a ne a nna a tshwaregile ka ditiro tse dintsi. O ne a dira jalo le ka nako ya fa Jesu a ne a etile. Ka bonakonyana o ne a baakanyetsa moeng wa gagwe wa tlotla, gongwe le bangwe ba ba neng ba tsamaya le ene, dijo tse dintsi tse di farologaneng. Mo metlheng eo, go amogela baeng go ne go le botlhokwa thata. Fa moeng a goroga, o ne a atliwa, a rolwa bompaatšhane, a tlhapisiwa dinao a bo a tshelwa leokwane le le lapolosang e bile le nkga monate mo tlhogong. (Luke 7:44-47) Go ne go tlwaelegile gore moeng a newe lefelo le le siameng le a neng a tla ikhutsa mo go lone le dijo tse di siameng.

Maratha le Marea ba ne ba lebane le namane e tona ya tiro. Marea, yo ka dinako tse dingwe a tsewang e le ene yo o amegang ka batho e bile a akanyetsa dilo kwa teng go feta Maratha, o tshwanetse a bo a ile a thusa Maratha kwa tshimologong. Mme fa Jesu a sena go goroga, dilo di ne tsa fetoga. O ne a dirisa nako eo go ruta batho ba ba neng ba le foo. Jesu o ne a sa tshwane le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ka gonne o ne a tlotla basadi e bile a ba ruta ka Bogosi jwa Modimo, e leng selo sa konokono se a neng a bua ka sone mo bodireding jwa gagwe. Marea o ne a itumelela tshono eno, mme a nna fa dinaong tsa gagwe a reetsa sengwe le sengwe se a neng a se bua.

Akanya fela gore seno se ka tswa se ile sa utlwisa Maratha botlhoko jang. E re ka a ne a tshwanetse go apaya dijo tse dintsi le go direla baeng ba gagwe dilo tse dintsi, o ne a nnela go tlhobaela le go tshwenyega. Fa a ntse a fetafeta a tshwaregile mo tirong mme a bona monnawe a ntse fela a sa mo thuse, a o ne a bontsha gore ga a itumela, a fegelwa kgotsa a sosobanya sefatlhego? Fa e le gore o ne a dira jalo seo se ne se ka se gakgamatse. O ne a ka se kgone go dira tiro eno yotlhe a le esi!

Kgabagare Maratha o ne a palelwa ke go itshwara. O ne a tsena Jesu ganong, a re: “Morena, a ga go go re sepe go bo nnake a ntlogetse ke dira dilo ke le nosi? Jalo, mmolelele gore le ene a nthuse.” (Luke 10:40) O ne a bua fela a sa potapote. Dithanolo di le mmalwa di ranotse potso eno ya gagwe jaana: “Morena, a ga o kgathale . . . ?” Go tswa foo o ne a kopa Jesu gore a gakolole Marea ka go mo laela gore a tle go mo thusa.

Karabo ya ga Jesu e ka nna ya bo e ile ya gakgamatsa Maratha fela jaaka e sa bolo go gakgamatsa babadi ba le bantsi ba Baebele. Ka bonolo o ne a re: “Maratha, Maratha, o a tlhobaela e bile o tshwenyegile ka dilo tse dintsi. Mme, go tlhokega dilo di sekaenyana fela, kgotsa se le sengwe fela. Marea ene o tlhophile karolo e e molemo, mme ga e na go tsewa mo go ene.” (Luke 10:41, 42) Jesu o ne a raya jang? A o ne a raya gore Maratha o ne a rata dilo tse di bonalang? A o ne a tsaya tiro ya ga Maratha ya bonatla ya go baakanyetsa dijo tse di monate e se ya sepe?

Nnyaa. Jesu o ne a lemoga sentle gore Maratha o ne a dira jalo ka lorato le ka boikaelelo jo bo siameng. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a sa tseye gore go rata go amogela baeng thata go ne go le phoso. O ne a kile a ya ka go rata kwa ‘modirong wa mokete o mogolo’ o Mathaio a neng a mo diretse one. (Luke 5:29) Kgangkgolo fano e ne e se dijo tsa ga Maratha; go na le moo e ne e le gore ke dilo dife tse a dirang gore di tle pele mo botshelong jwa gagwe. O ne a tshwarega thata ka go dira dijo tse dintsi mo a ileng a lebala gore ke dilo dife tse di botlhokwa thata. Ke dilo dife tseo?

Jesu, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa Modimo, o ne a tletse go ruta boammaaruri kwa legaeng la gaabo Maratha. Go ne go se na sepe se se neng se ka nna botlhokwa go feta seo, le fa e le dijo tsa ga Maratha tse di monate le tse di baakantsweng sentle. Kwantle ga pelaelo Jesu o ne a hutsafadiwa ke gore Maratha o ne a latlhegelwa ke tshono e e sa tshwaneng le epe ya go nonotsha tumelo ya gagwe mme o ne a mo letla gore a itlhophele. Le fa go ntse jalo, Maratha o ne a sa tshwanela go kopa Jesu gore a tlhotlheletse Marea gore le ene a latlhegelwe.

Ka jalo o ne a gakolola Maratha ka bonolo, a boaboeletsa leina la gagwe ka tsela e e nametsang gore a ritibale, mme a mo tlhomamisetsa gore o ne a sa tlhoke go ‘tlhobaela le go tshwenyega ka dilo tse dintsi.’ Dijo tse di motlhofo mme di se dintsi di ne di tla bo di lekane, bogolo jang fa go na le letlotlo la dijo tsa semoya. Ka jalo, ruri Jesu o ne a ka se amoge Marea “karolo e e molemo” e a neng a e tlhophile—ya go ithuta mo go ene!

Tiragalo eno e e neng ya direga kwa legaeng la gaabo Maratha, e ruta balatedi ba ga Keresete dithuto di le dintsi gompieno. Le ka motlha ga re a tshwanela go letla sepe se re kgoreletsa go bona se re se “tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Le fa re batla go etsa bopelotshweu le bonatla jwa ga Maratha, ga re a tshwanela go ‘tlhobaela le go tshwenyega’ thata ka selo se se seng botlhokwa thata e leng go amogela baeng re bo re latlhegelwa ke dilo tse di botlhokwa thata. Fa re kopana mmogo le badumedi ka rona, lebaka la konokono e a bo e le go kgothatsana le go abelana dimpho tsa semoya, e seng go aba kgotsa go amogela dijo tsa maemo. (Baroma 1:11, 12) Mo kokoanong e e ntseng jalo e e agang, go ka nna ga tlhokega fela dijo tse di motlhofo.

Kgaitsadie Yo a Mo Ratang o a Swa—A bo A Tsosiwa

A Maratha o ne a amogela kgakololo e e bonolo ya ga Jesu a bo a ithuta sengwe mo go yone? Ga re tlhoke go ikatla tlhogo. Fa moaposetoloi Johane a simolola pego e e kgatlhang ka ga kgaitsadie Maratha, o re gopotsa seno: “Jaanong Jesu o ne a rata Maratha le monnawe le Lasaro.” (Johane 11:5) Go ne go setse go fetile dikgwedi di se kae Jesu a sena go ya kwa Bethani jaaka go tlhalositswe fa godimo. Go bonala sentle gore Maratha o ne a sa ngala; o ne a sa tshwara sekgopi ka ntlha ya kgakololo ya ga Jesu e e lorato. O ne a e amogetse. Le mo kgannyeng eno, Maratha o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa tumelo ka gonne rotlhe re a tle re tlhoke go gakololwa ka dinako dingwe.

Fa kgaitsadia Maratha a lwala, Maratha o ne a dira ka natla go mo tlhokomela. O ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go mo okobaletsa ditlhabi le go mo thusa gore a nne botoka. Le fa go ntse jalo, bolwetse jwa ga Lasaro bo ne jwa etegela pele. Bokgaitsadie ba ne ba nna ba mo tlhokometse letsatsi le letsatsi. Maratha o tshwanetse a bo a ile a nnela go leba sefatlhego sa ga kgaitsadie se se wetseng ka ntlha ya bolwetse, a gopola dingwaga tse dintsi tse ba di nnileng mmogo le dilo tse di itumedisang le tse di hutsafatsang tse di ba diragaletseng.

Fa go ne go lebega go se na sepe se Maratha le Marea ba neng ba ka se dira go thusa Lasaro, ba ne ba romela molaetsa kwa go Jesu. O ne a rera kwa lefelong le go neng go ka tsaya malatsi a le mabedi go ya kwa go lone. Molaetsa wa bone o ne o sa raraana: “Morena, bona! yo o mo ratang o a bobola.” (Johane 11:1, 3) Ba ne ba itse gore Jesu o ne a rata kgaitsadiabone, mme ba dumela gore o ne a tla dira se a ka se kgonang go thusa tsala ya gagwe. A ba ne ba solofela gore Jesu a ka goroga Lasaro a ise a swe? Fa go le jalo, se ba neng ba se solofetse ga se a ka sa direga. Lasaro o ne a swa.

Maratha le Marea ba ne ba hutsafalela kgaitsadiabone, ba baakanyetsa phitlho ya gagwe le go amogela baeng ba bantsi ba ba tswang kwa Bethani le kwa mafelong a a mabapi. Mme Jesu o ne a ise a goroge. Maratha o tshwanetse a bo a ile a ema tlhogo fa a bona nako e ntse e feta. Kgabagare, malatsi a le manè Lasaro a sena go tlhokafala, Maratha o ne a utlwalela gore Jesu o ne a setse a le gaufi le motse. E re ka Maratha e ne e le mosadi yo o matlhagatlhaga, tota le mo nakong eno e e thata, o ne a itlhaganelela go ya go kgatlhantsha Jesu, a sa bolelela Marea.—Johane 11:20.

Fa Maratha a bona Mong wa gagwe, o ne a bua sengwe se ene le Marea ba neng ba ntse ba tshwenyegile ka sone ka malatsi a le mmalwa: “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.” Le fa go ntse jalo, Maratha o ne a sa ntse a na le tsholofelo le tumelo. O ne a tswelela ka go re: “Mme le fa go ntse jalo mo nakong eno ke a itse gore dilo tsotlhe fela tse o di kopang mo Modimong, Modimo o tla go di naya.” Ka yone nako eo, Jesu o ne a bua sengwe go nonotsha tumelo ya gagwe: “Kgaitsadio o tla tsoga.”—Johane 11:21-23.

Maratha o ne a akanya gore Jesu o ne a bua ka tsogo ya mo isagweng, ka jalo a mo raya a re: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Johane 11:24) Tsela e a neng a dumela mo tsogong ka yone e ne e gakgamatsa. Bangwe ba baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba bidiwang Basadukae, ba ne ba ganetsa gore go tla nna le tsogo, le fa e ne e le thuto e e utlwalang sentle e e tswang mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng. (Daniele 12:13; Mareko 12:18) Le fa go ntse jalo, Maratha o ne a itse gore Jesu o ne a ruta ka tsholofelo ya tsogo le gore o ne a tsositse baswi—tota le fa ba ne ba sa swa lobaka lo loleele jaaka Lasaro. O ne a sa itse gore go tla direga eng.

Go tswa foo, Jesu o ne a bua mafoko ano a a sa lebalegeng: “Ke nna tsogo le botshelo.” Eleruri Jehofa Modimo o neile Morwawe taolo ya go tsosa baswi mo isagweng mo lefatsheng lotlhe. Jesu o ne a botsa Maratha jaana: “A o dumela seno?” Mme Maratha o ne a araba jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya setlhogo seno. O ne a dumela gore Jesu e ne e le ene Keresete kgotsa Mesia, gore e ne e le Morwa wa ga Jehofa Modimo le gore baporofeti ba ne ba boleletse pele gore o ne a tla tla mo lefatsheng.—Johane 5:28, 29; 11:25-27.

A Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete ba tsaya tumelo e e ntseng jalo e le botlhokwa? Ditiragalo tse Maratha a neng a di bona morago ga moo di re naya dikarabo tse di utlwalang sentle. O ne a itlhaganelela go ya go bitsa monnawe. Go tswa foo, o ne a bona gore Jesu o ne a amegile tota fa a ntse a tlotla le Marea le batho ba bantsi ba ba hutsafetseng ba ba neng ba na le ene. O ne a bona Jesu a tsholola dikeledi, a bontsha kafa loso lo utlwisang botlhoko ka teng. Maratha o ne a utlwa Jesu a laela gore leje le tlosiwe fa lebitleng la ga kgaitsadie.—Johane 11:28-39.

E re ka Maratha e ne e le motho yo ka metlha a nang le temogo, o ne a gana a re setopo sa ga Lasaro se tshwanetse sa bo se nkga jaanong ka gonne a ne a na le malatsi a le manè a tlhokafetse. Jesu o ne a mo gopotsa a re: “A ke ne ka se ka ka go bolelela gore fa o ne o ka dumela o ne o tla bona kgalalelo ya Modimo?” O ne a dumela mme a bona kgalalelo ya ga Jehofa Modimo. Gone fela foo, o ne a naya Morwawe maatla a gore a tsose Lasaro! Akanya ka ditiragalo tse di tshwanetseng tsa bo di ile tsa nna mo mogopolong wa ga Maratha go fitlha a tlhokafala: Fa Jesu a tlhaeletsa, a laela a re, “Lasaro, tswa!”; mokgwasa o o neng o utlwala mo logageng lo Lasaro a neng a fitlhilwe mo go lone fa a ne a ema, a hapilwe ka matsela a a neng a hapilwe ka one fa a ne a fitlhiwa, a bo a totoba a ya kwa kgorong ya logaga; taelo ya ga Jesu ya gore ba ‘mmofolole mme ba mo lese a tsamaye’; le boipelo jo bogolo jwa gagwe le Marea fa ba ne ba itatlhela mo matsogong a ga kgaitsadiabone. (Johane 11:40-44) Maratha o ne a sa tlhole a utlwile botlhoko!

Pego eno e bontsha gore tsogo ya baswi ga se keletso fela; ke thuto e e kgothatsang e e mo Baebeleng mme go na le bosupi jwa gore e diragetse. Jehofa le Morwawe ba rata go naya batho maduo ka ntlha ya tumelo e ba nang le yone jaaka ba ne ba a naya Maratha, Marea le Lasaro. Le wena ba tla go naya maduo a a ntseng jalo fa o ka nna le tumelo e e nonofileng jaaka ya ga Maratha. *

“Maratha O ne A Direla”

Jaanong Baebele e umaka Maratha lekgetlo la bofelo. E ne e le kwa tshimologong ya beke ya bofelo ya botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng. E re ka Jesu a ne a itse sentle gore o ne a tlile go lebana le mathata afe, o ne a boa gape a tlhopha go nna kwa lefelong lele le le nang le kagiso kwa Bethani. O ne a tla tsamaya dikilometara di le tharo go tswa kwa go lone go ya kwa Jerusalema. Jesu le Lasaro ba ne ba ja kwa ntlong ya ga Simone wa molepero mme ke teng kwa re utlwang mafoko ano a bofelo ka ga Maratha: “Maratha o ne a direla.”—Johane 12:2.

Ruri ga go gakgamatse go bo go buiwa mafoko ano ka mosadi yoo wa senatla! Fa go buiwa ka ene lekgetlo la ntlha mo Baebeleng o a dira; lekgetlo la bofelo fa go buiwa ka ene o sa ntse a dira, a dira sotlhe se a ka se kgonang go tlhokomela batho ba a nang le bone. Gompieno diphuthego tsa balatedi ba ga Keresete di segofaditswe ka basadi ba ba tshwanang le Maratha—ba ba pelokgale e bile ba le pelotshweu, ka metlha ba bontsha tumelo ya bone ka go dira ka natla. Maratha o tshwanetse a bo a ile a tswelela a dira fela jalo. Fa go ntse jalo, o ne a dira sentle ka gonne o ne a sa ntse a tla lebana le mathata.

Morago ga malatsi a se kae, Maratha o ne a tshwanelwa ke go itshokela go bona Mong wa gagwe yo a mo ratang e bong Jesu a swa loso lo lo botlhoko. Mo godimo ga moo, bone baitimokanyi bao ba ba letlhoo ba ba neng ba mmolaya ba ne ba batla go bolaya le Lasaro ka gonne go tsosiwa ga gagwe go ne go nonotsha tumelo ya batho ba le bantsi. (Johane 12:9-11) Mme ke boammaaruri gore kgabagare loso lo ne lwa kgaoganya Maratha le monnawe le kgaitsadie ba ba neng ba ratana thata. Ga re itse gore seo se diragetse jang kgotsa leng, mme re ka tlhomamisega ka seno: Tumelo ya ga Maratha e e nonofileng e ne ya mo thusa go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. Ke gone ka moo Bakeresete gompieno ba tshwanetseng go etsa tumelo ya ga Maratha.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 27 Fa o batla go itse mo go oketsegileng malebana le se Baebele e se rutang ka tsogo, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Le fa Maratha a ne a hutsafetse, o ne a letla Jesu gore a mo kaele go tlhoma mogopolo mo dilong tse di nonotshang tumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Le fa Maratha a ne a ‘tlhobaela e bile a tshwenyegile,’ o ne a amogela kgakololo ka boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Maratha o ne a bona maduo a go nna le tumelo mo go Jesu ka go bona kgaitsadie a tsosiwa