Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe ke Eng?

Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe ke Eng?

Ithute mo Lefokong la Modimo

Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe ke Eng?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe ke eng?

Lefatshe ke legae la batho. Fa Modimo a sena go bopa baengele gore ba tshele kwa legodimong, o ne a bopa batho gore ba itumelele go tshela mo lefatsheng. (Jobe 38:4, 7) Ka jalo, Jehofa o ne a baya motho wa ntlha mo paradaiseng e ntle e e bidiwang Edene, mme a dira gore ene le bana ba a neng a tla nna le bone ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.—Genesise 2:15-17; bala Pesalema 115:16.

Tshimo ya Edene e ne e le karolo e nnye fela ya lefatshe. Banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa ba ne ba tla nna le bana. Fa lelapa la batho le ntse le gola, ba ne ba tla lema lefatshe mme ba le dire paradaise. (Genesise 1:28) Lefatshe ga le kitla le senngwa le ka motlha.—Bala Pesalema 104:5.

2. Ke ka ntlha yang fa gone jaanong lefatshe e se paradaise?

Adame le Efa ga ba a ka ba ikobela Modimo, ka jalo ba ne ba kobiwa mo Edene. Paradaise e ne ya se ka ya tlhola e nna teng mme ga go na motho ope yo o kgonneng go e tsosolosa. Baebele ya re: “Lefatshe ka bolone le tsentswe mo seatleng sa yo o boikepo.”—Jobe 9:24; bala Genesise 3:23, 24.

Mme gone, Jehofa ga a lebala boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka batho e bile ga a ka ke a palelwa ke go bo diragatsa. (Isaia 45:18) O tla dira gore batho ba boe ba nne ka tsela e a neng a ikaeletse gore ba nne ka yone.—Bala Pesalema 37:11.

3. Modimo o tla dira jang gore go boe go nne le kagiso mo lefatsheng?

Modimo o tshwanetse go fedisa batho ba ba boikepo pele gore batho ba nne ka kagiso. Ka ntwa ya Haramagedona, baengele ba Modimo ba tla fedisa batho botlhe ba ba ganetsang Modimo. Satane o tla golegwa ka dingwaga di le 1 000 mme batho ba ba ratang Modimo ba tla falola gore ba itumelele go tshela mo tsamaisong e ntšha ya dilo mo lefatsheng.—Bala Tshenolo 16:14, 16; 20:1-3; 21:3, 4.

4. Pogo e tla fela leng?

Mo dingwageng tse 1 000, Jesu o tla busa lefatshe a le kwa legodimong a bo a dira gore le nne paradaise gape. Gape o tla phimola maleo a batho ba ba ratang Modimo. Ka jalo, Jesu o tla fedisa bolwetse, botsofe le loso.—Bala Isaia 11:9; 25:8; 33:24; 35:1.

Modimo o tla fedisa bosula leng mo lefatsheng? Jesu o ne a naya “sesupo” se se neng se tla bontsha gore bokhutlo bo atametse. Gone jaanong maemo a lefatshe a dira gore botshelo jwa batho botlhe bo nne mo kotsing e bile a bontsha gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.’—Bala Mathaio 24:3, 7-14, 21, 22; 2 Timotheo 3:1-5.

5. Ke bomang ba ba tla tshelang mo Paradaiseng ya mo isagweng?

Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire batho barutwa mme ba ba rute ditsela tsa Modimo tsa lorato. (Mathaio 28:19, 20) Mo lefatsheng lotlhe, Jehofa o thusa batho ba le dimilionemilione go ipaakanyetsa go tshela mo tsamaisong e ntšha ya dilo mo lefatsheng. (Sefania 2:3) Kwa Diholong Tsa Bogosi Tsa Basupi ba ga Jehofa, batho ba ithuta go nna banna ba ba nyetseng le borre ba ba botoka le go nna basadi ba ba nyetsweng le bommè ba ba botoka. Batsadi le bana ba ithuta mmogo mabaka a go dumela gore go tla nna le isagwe e e botoka.—Bala Mika 4:1-4.

Kwa Holong ya Bogosi, o tla kopana le batho ba ba ratang Modimo e bile ba batla go ithuta go mo itumedisa.—Bala Bahebera 10:24, 25.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.