Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Gehena ke Lefelo la Tlhokofatso ya Molelo?

A Gehena ke Lefelo la Tlhokofatso ya Molelo?

Babadi ba a Botsa . . . 

A Gehena ke Lefelo la Tlhokofatso ya Molelo?

▪ Mo pegong ya Diefangele, Jesu o tlhagisa barutwa ba gagwe malebana le go atlholelwa Gehena. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a batla gore tlhagiso eo e tsewe masisi. Le fa go ntse jalo, a o ne a bua ka dihele tsa molelo tse di tlhokofatsang ka bosakhutleng?—Mathaio 5:22.

Sa ntlha, mma re sekaseke lefoko leno ka bolone. Lefoko la Segerika Geʹen·na le na le bokao jo bo tshwanang le la Sehebera la geh Hin·nomʹ le le kayang “mokgatšha wa Hinoma,” kgotsa fa le feletse geh veneh-Hin·nomʹ, “mokgatšha wa bomorwa Hinoma.” (Joshua 15:8; 2 Dikgosi 23:10) Lefelo leno le gompieno le bidiwang Wadi er-Rababi, ke mokgatšha o o boteng o mosesane o o kwa borwa le borwabophirima jwa Jerusalema.

Go simolola fela ka lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., mo metlheng ya dikgosi tsa kwa Juda, lefelo leno le ne le dirisediwa meetlo ya boheitane e e neng e akaretsa go fisiwa ga bana mo molelong ba ntshiwa ditlhabelo. (2 Ditiragalo 28:1-3; 33:1-6) Moporofeti Jeremia o ne a bolelela pele gore mokgatšha oo, e ne e tla nna lefelo le Bababelona ba neng ba tla bolaela Bajuda mo go lone e le katlholo e e tswang kwa Modimong ka ntlha ya boikepo jwa bone. *Jeremia 7:30-33; 19:6, 7.

Go ya ka mokanoki mongwe wa Mojuda e bong David Kimhi (wa mo e ka nnang ka 1160 go fitlha mo e ka nnang ka 1235 C.E.), moragonyana mokgatšha oo o ne wa dirwa thotobolo ya matlakala ya motse wa Jerusalema. Lefelo leo le ne le dirisiwa jaaka lefelo la go fisetsa matlakala le le neng le aga le tuka molelo. Sengwe le sengwe se se neng se latlhelwa mo thotobolong eo se ne se sha lore.

Baranodi ba le bantsi ba Baebele ba ile ba tlhopha go ranola lefoko Geʹen·na ba re “dihele.” (Mathaio 5:22, King James Version) Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba tsaya gore thuto e e tswang mo boheitaneng ya gore fa batho ba ba boikepo ba swa ba atlholelwa go fisiwa mo molelong e amana le molelo wa mmatota wa mokgatšha o o neng o le kwa ntle ga Jerusalema. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a amanya Gehena le tlhokofatso.

Jesu o ne a itse gore kgang fela ya go fisa batho ba tshela e ne e sa ratege mo go Rraagwe yo o kwa legodimong, Jehofa. Modimo o ne a bua jaana ka tsela e Gehena e neng e itsege e dirisiwa ka yone mo metlheng ya ga moporofeti Jeremia: “Ba agile mafelo a a kwa godimo a Tofethe, e e mo mokgatšheng wa morwa Hinoma, gore ba tle ba fise bomorwaabone le bomorwadiabone mo molelong, selo se ke neng ke sa se laela le se se neng se sa tla mo pelong ya me.” (Jeremia 7:31) Mo godimo ga moo, kgopolo ya gore baswi ba a tlhokofadiwa ga e tsamaisane le botho jo bo lorato jwa Modimo le thuto e e utlwalang sentle ya Baebele ya gore baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.”—Moreri 9:5, 10.

Jesu o ne a dirisa lefoko “Gehena” go tshwantshetsa go fedisiwa gotlhelele ga batho ba Modimo a ba atlhotseng. Ka jalo, bokao jwa lefoko “Gehena” bo tshwana le bokao jwa polelwana “bodiba jwa molelo,” e e umakilweng mo bukeng ya Tshenolo. Tsotlhe di tshwantshetsa go senyediwa ruri mme go sena tsholofelo ya tsogo.—Luke 12:4, 5; Tshenolo 20:14, 15.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Fa New Catholic Encyclopedia e akgela ka boporofeti jono ya re: “Fa Jerusalema e senngwa, banni ba yone ba ne ba tla bolawa ba le bantsi thata mo ditopo tsa bone di neng di tla latlhelwa mo mokgatšheng di sa fitlhwa gore di bole kgotsa di fisiwe.”