Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo

Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo

Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo

“Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—DIA. 14:15.

1, 2. (a) Ke eng se re tshwanetseng go tshwenyega thata ka sone mo ditshwetsong tsotlhe tse re di dirang? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

GO KA direga gore re dira di le dintsi letsatsi le letsatsi. Bontsi jwa tsone di na le ditlamorago tsa nakwana fela. Le fa go ntse jalo, dingwe tsa tsone di ka ama matshelo a rona fela thata. Ke eng tsone tseo? Ke ditshwetso. Ditshwetso tsotlhe tse re di dirang, di ka tswa di le dinnye kana di le dikgolo, di tshwanetse go bontsha gore re tshwenyegile thata ka go tlotla Modimo.—Bala 1 Bakorintha 10:31.

2 A o bona go le motlhofo kgotsa go le thata go dira ditshwetso? Fa re batla go nna Bakeresete ba ba godileng sentle semoyeng, re tshwanetse go ithuta go farologanya se se siameng le se se sa siamang re bo re dira ditshwetso tse di tsamaisanang le se re se dumelang e seng se se dumelwang ke motho yo mongwe. (Bar. 12:1, 2; Baheb. 5:14) Mabaka a mangwe a a re pateletsang go ithuta gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira ditshwetso tse di siameng ke afe? Ke eng fa ka dinako tse dingwe go le thata go di dira? Ke dilo dife tse re ka di dirang go tlhomamisa gore ditshwetso tsa rona di tlotla Modimo?

Gone ke Eng fa re Tshwanetse go Dira Ditshwetso?

3. Ke eng se re sa tshwanelang go se letla go re kgoreletsa fa re dira ditshwetso?

3 Fa e le gore ga re kgone go dira ditshwetso mo dilong tse di amanang le melao ya Baebele, batho ba re tsenang le bone sekolo kana ba re berekang le bone ba ka akanya gore tota ga re a tlhatswega pelo ka se re se dumelang le gore go ka nna motlhofo gore ba re tlhotlheletse. Ba ka nna ba bua maaka, ba tsietsa kgotsa ba utswa ba bo ba leka go re tlhotlheletsa go “sala mmudubudu morago” ka gore re dirisane le bone kgotsa re ba thuse go fitlha se ba se dirang. (Ekes. 23:2) Le fa go ntse jalo, motho yo o itseng gore a ka dira jang ditshwetso tse di tlotlang Modimo, ga a ka ke a letla poifo kana go batla go amogelwa go dira gore a itshware ka tsela e e sa dumalaneng le segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele.—Bar. 13:5.

4. Ke eng fa batho ba bangwe ba ka nna ba batla go re direla ditshwetso?

4 Ga se batho botlhe ba ba batlang go re direla ditshwetso ba ba ikaeletseng go re utlwisa botlhoko. Ditsala tse di nang le maitlhomo a a siameng di ka gatelela gore re latele dikgakololo tsa bone. Fa e le gore ga re tlhole re nna kwa gae, ba losika ba ka nna ba bo ba sa ntse ba amega ka rona mme ba ka ikutlwa ba patelesega go tswelela ba nna le seabe mo ditshwetsong tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di dira. Ka sekai, akanya ka kgang ya tsa kalafi. Baebele e bontsha ka tlhamalalo gore re tshwanetse go ithiba mo mading. (Dit. 15:28, 29) Le fa go ntse jalo, dikgang tse dingwe tse di amanang le tsa kalafi ga di a tlhalosiwa ka tlhamalalo, mme di tlhoka gore mongwe le mongwe wa rona a itirele tshwetso ya gore o tla amogela kalafi efe kgotsa o tla gana efe. * Batho ba re ba ratang ba ka nna ba tatalalela gore re dire dilo ka tsela ya bone mo dikgannyeng tseno. Le fa go ntse jalo, fa Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng e bile a kolobeditswe a dira tshwetso ka dikgang tseo, o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe” wa boikarabelo. (Bagal. 6:4, 5) Selo sa konokono se re tshwenyegileng ka sone ke go tswelela re na le segakolodi se se siameng mo Modimong e seng mo bathong.—1 Tim. 1:5.

5. Re ka tila jang go senyegelwa ke tumelo?

5 Go palelwa ke go dira ditshwetso go ka re tsenya mo kotsing e e seng kana ka sepe. Morutwa Jakobe o ne a kwala gore motho yo o palelwang ke go dira ditshwetso ga a ‘nitama mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.’ (Jak. 1:8) Motho yo o ntseng jalo o tla heheutlelwa kwa le kwa ke dikgopolo tsa batho tse di fetofetogang, fela jaaka motho yo o mo sekepeng se se se nang selaolasekepe mo lewatleng le le matsubutsubu. Ruri go tla nna motlhofo gore motho yoo a senyegelwe ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe mme a latofatse ba bangwe ka ntlha ya boemo jwa gagwe jo bo utlwisang botlhoko! (1 Tim. 1:19) Re ka tila jang ditlamorago tse di ntseng jalo? Re tshwanetse go “tsepamisiwa mo tumelong.” (Bala Bakolosa 2:6, 7.) Gore re kgone go tsepama, re tlhoka go ithuta go dira ditshwetso tse di bontshang gore re dumela mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo. (2 Tim. 3:14-17) Le fa go ntse jalo, ke eng se se ka re kgoreletsang go dira ditshwetso tse di siameng?

Lebaka La go Bo go Ka Nna Thata go Dira Ditshwetso

6. Poifo e ka re ama jang?

6 Poifo e ka dira gore re sitege—poifo ya go dira ditshwetso tse di phoso, ya gore re tla palelwa le ya gore re tla lebega re le dieleele mo bathong ba bangwe. Mabaka ano a a utlwala. Ga go ope yo o batlang go dira tshwetso e e sa siamang, e e ka mo tsenyang mo mathateng kgotsa ya mo tlhabisa ditlhong. Le fa go ntse jalo, go rata Modimo le Lefoko la gagwe go ka re thusa go fokotsa poifo. Ka ditsela dife? Go rata Modimo go tla re tlhotlheletsa gore ka metlha re tlhatlhobe Lefoko la gagwe le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng pele ga re dira ditshwetso tse di botlhokwa. Mme ka go dira jalo, re tla fokotsa diphoso tse re di dirang. Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele e ka “naya ba ba se nang maitemogelo botlhale, [le] go naya lekau kitso le bokgoni jwa go akanya.”—Dia. 1:4.

7. Sekao sa ga Kgosi Dafide se ka re ruta eng?

7 A ka metlha re tla dira ditshwetso tse di siameng? Nnyaa. Rotlhe re dira diphoso. (Bar. 3:23) Ka sekai, Kgosi Dafide e ne e le monna yo o botlhale le yo o ikanyegang. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe o ne a dira ditshwetso tse di sa siamang tse di neng tsa bakela ene le ba bangwe mathata. (2 Sam. 12:9-12) Mme gone, Dafide ga a ka a letla diphoso tsa gagwe di dira gore a palelwe ke go dira ditshwetso tse Modimo a neng a di amogela. (1 Dikg. 15:4, 5) Re ka kgona go dira ditshwetso le fa re dirile diphoso mo nakong e e fetileng, fa re gakologelwa fela jaaka Dafide gore Jehofa o tla tlhokomologa diphoso tsa rona mme a itshwarele maleo a rona. O tla tswelela a ema nokeng ba ba mo ratang le ba ba mo ikobelang.—Pes. 51:1-4, 7-10.

8. Re ithuta eng mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo malebana le lenyalo?

8 Re ka kgona go fokotsa tlhobaelo e re nang le yone malebana le go dira ditshwetso. Re ka dira seo jang? Ka go lemoga gore ka dinako tse dingwe go na le ditsela di le mmalwa tse di siameng tse re ka tlhophang mo go tsone. Akanya ka tsela e moaposetoloi Paulo a ileng a tlhalosa kgang ya lenyalo ka yone. O ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Fa mongwe a akanya gore o tshwara bokgarebane jwa gagwe ka tsela e e sa tshwanelang, fa a fetile nako ya bosha, mme eno e le tsela e go tshwanetseng ga diragala ka yone, a a dire se a se batlang; ga a leofe. A ba tsene mo lenyalong. Mme fa mongwe a ema a tlhomame mo pelong ya gagwe, a sa ikutlwe a patelesega, a kgona go laola thato ya gagwe e bile a dirile tshwetso eno mo pelong ya gagwe, gore a boloke bokgarebane jwa gagwe, o tla dira sentle.” (1 Bakor. 7:36-38) Paulo o ne a re fa motho a sa tsene mo lenyalong o dira sentle, mme ga a a ka a re ke yone fela tsela e e siameng.

9. A re tshwanetse go tshwenyega ka gore ba bangwe ba leba jang ditshwetso tse re di dirang? Tlhalosa.

9 A re tshwanetse go tshwenyega ka gore batho ba bangwe ba leba jang ditshwetso tse re di dirang? Re ka tshwenyega ka selekanyo se se rileng. Ela tlhoko se Paulo a se buileng ka kgang ya go ja dijo tse go lebegang di ne di iseditswe medingwana ditlhabelo. O ne a dumela gore tshwetso e motho a e dirang, ka boyone e ka nna ya se ka ya nna phoso, le fa go ntse jalo e ka kgopisa mongwe yo o nang le segakolodi se se bokoa. Paulo o ne a swetsa ka goreng? O ne a kwala jaana: “Fa e le gore dijo di dira gore mokaulengwe wa me a kgotšwe, gotlhelele ga ke kitla ke tlhola ke ja nama gape, gore ke se ka ka kgopisa mokaulengwe wa me.” (1 Bakor. 8:4-13) Le rona re tshwanetse go ela tlhoko kafa ditshwetso tse re di dirang di tla amang digakolodi tsa ba bangwe ka gone. Gone ke boammaaruri gore se re amegang ka sone thata ke kafa dilo tse re di tlhophang di tla amang kamano ya rona le Jehofa ka gone. (Bala Baroma 14:1-4.) Ke melaometheo efe ya Baebele e e tla re thusang go dira ditshwetso tse di tlotlang Modimo?

Ditsela Tse Thataro Tsa go Dira Ditshwetso Tse di Siameng

10, 11. (a) Re ka tila jang go ipagololela mogodu mo lelapeng? (b) Bagolwane ba tshwanetse go nna ba gakologetswe eng fa ba dira ditshwetso tse di amang phuthego?

10 Tila go ipagololela mogodu. Pele ga re dira ditshwetso re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke na le tetla ya go dira tshwetso eno?’ Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “A boikgodiso [kgotsa go ipagololela mogodu] bo tlile? Foo tlontlologo e tla tla; mme botlhale bo na le ba ba boingotlo.”—Dia. 11:2.

11 Batsadi ba ka letla bana ba bone go dira ditshwetso dingwe, mme fa batsadi ba ise ba ba neye tetla ya go itirela ditshwetso ga ba a tshwanela go dira jalo. (Bakol. 3:20) Basadi ba ba nyetsweng le bommè ba ka dira ditshwetso tse di rileng mo lelapeng mme go tla bo go le molemo go ikobela botlhogo jwa banna ba bone. (Dia. 1:8; 31:10-18; Baef. 5:23) Banna le bone ba tshwanetse go lemoga gore taolo ya bone e lekanyeditswe le gore ba tshwanetse go ikobela Keresete. (1 Bakor. 11:3) Bagolwane ba dira ditshwetso tse di amang phuthego. Le fa go ntse jalo, ba tlhomamisa gore ga ba ‘ye ka kwa ga dilo tse di kwadilweng’ mo Lefokong la Modimo. (1 Bakor. 4:6) Gape ba latela kaelo e e tswang kwa motlhankeng yo o boikanyego. (Math. 24:45-47) Re ka tila go ikutlwisa botlhoko le go bakela ba bangwe mathata fa re dira ditshwetso ka botlhale fela fa re neilwe tetla ya go di dira.

12. (a) Ke eng fa re tshwanetse go dira dipatlisiso? (b) Tlhalosa gore motho a ka dira dipatlisiso tseo jang.

12 Dira dipatlisiso. Solomone o ne a kwala jaana: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Dia. 21:5) Ka sekai, a o akanyetsa go nna le kgwebo? O se ka wa laolwa ke maikutlo. Batlisisa dintlha tsotlhe tse di amegang, batla kgakololo ya ba ba itseng ka dilo tse di ntseng jalo o bo o sekaseka gore ke melaometheo efe ya Baebele e e dirang mo kgannyeng eo. (Dia. 20:18) Fa o dira dipatlisiso, dira manaane a mabedi—le lengwe e le la melemo mme le lengwe e le la mathata a o ka lebanang le one. Pele ga o dira tshwetso, “bala ditshenyegelo.” (Luke 14:28) Akanyetsa kafa tshwetso ya gago e ka amang seemo sa gago sa tsa madi ka gone mmogo le kafa e ka amang kamano ya gago le Jehofa ka gone. Go dira dipatlisiso go tlhoka nako le go tseelwa matsapa. Mme fa o dira jalo, o ka tila go dira ditshwetso ka lepotlapotla mo go ka felelang ka mathata a a sa tlhokegeng.

13. (a) Jakobe 1:5 e re tlhomamisetsa eng? (b) Go rapelela botlhale go ka re thusa jang?

13 Rapelela botlhale. Ditshwetso tse re di dirang di tla tlotla Modimo fa fela re mo kopa gore a re thuse fa re di dira. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jak. 1:5) Ga go tlhabise ditlhong go dumela gore re tlhoka botlhale jwa Modimo gore bo re thuse fa re dira ditshwetso. (Dia. 3:5, 6) Kana e bile, go ikaega ka tlhaloganyo ya rona fela go ka re timetsa motlhofo. Fa re rapelela botlhale mme re dira dipatlisiso ka melaometheo e e mo Lefokong la Modimo, re a bo re letla moya o o boitshepo go re thusa go lemoga maitlhomo a rona a mmatota a go bo re batla go dira sengwe.—Baheb. 4:12; bala Jakobe 1:22-25.

14. Ke eng fa re tshwanetse go tila go okaoka go dira ditshwetso?

14 Dira tshwetso. O se ka wa itlhaganelela go dira tshwetso o ise o dire dipatlisiso le go rapelela botlhale. Motho yo o botlhale o ipha nako ya go “akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Dia. 14:15) Mme le fa go ntse jalo, o se ka wa okaoka go dira ditshwetso. Motho yo o okaokang go dira ditshwetso a ka nna a dira diipato tse di sa utlwaleng tsa go bo a sa dire jalo. (Dia. 22:13) Le fa go ntse jalo, tota o a bo a dira tshwetso—tshwetso ya gore o tla letla ba bangwe ba laola botshelo jwa gagwe.

15, 16. Go diragatsa tshwetso go akaretsa eng?

15 Diragatsa tshwetso ya gago. Matsapa a rona a go dira tshwetso e e molemo e ka nna matsapa a bophiri fa re sa dire ka natla go diragatsa tshwetso eo. Solomone o ne a kwala jaana: “Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago.” (Mor. 9:10) Gore re atlege, re tshwanetse go iketleeletsa go rulaganya dilo tse di tla re thusang go diragatsa ditshwetso tsa rona. Ka sekai, mmoledi mo phuthegong a ka dira tshwetso ya go nna mmulatsela. A o tla atlega? A ka atlega fa a sa letle gore tiro ya boitshediso e e oketsegileng le go itlosa bodutu ka tsela e e feteletseng go mo tseele maatla le nako e a e tlhokang gore a nne le seabe mo bodireding.

16 Gantsi ga go motlhofo go diragatsa ditshwetso tse di molemo. Ka ntlha yang? Ka gonne “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Joh. 5:19) Re tshwanetse go lwa le “babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baef. 6:12) Moaposetoloi Paulo le morutwa Jude ba ne ba bontsha gore ba ba dirang tshwetso ya go tlotla Modimo ba tla tshwanelwa ke go lwa.—1 Tim. 6:12; Jude 3.

17. Jehofa o lebeletse eng malebana le ditshwetso tse re di dirang?

17 Sekaseka tshwetso ya gago mme o dire diphetogo fa go tlhokega. Ga se ditshwetso tsotlhe tse di felelang jaaka o ne o batla. Rotlhe re diragalelwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Mor. 9:11) Le fa go ntse jalo, Jehofa o lebeletse gore re diragatse ditshwetso dingwe le fa re ka lebana le diteko. Tshwetso e motho a e dirang ya go neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa kgotsa ya go dira maikano a lenyalo ga se sengwe se a ka se fetolang. Modimo o lebeletse gore re tshelele ditshwetso tse di ntseng jalo. (Bala Pesalema 15:1, 2, 4.) Mme ga se ditshwetso tsotlhe tse di masisi jalo. Motho yo o botlhale o tla sekaseka ditshwetso tse a di dirileng gangwe le gape. A ka se ka a letla boikgodiso kgotsa botlhogoethata bo mo thibela go baakanya kgotsa go dirolola tshwetso e a e dirileng. (Dia. 16:18) Se a tshwenyegileng thata ka sone ke go tlhomamisa gore tsela e a tshelang ka yone e nna e tlotla Modimo.

Thapisa ba Bangwe go Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo

18. Batsadi ba ka thapisa bana ba bone jang gore ba dire ditshwetso tse di siameng?

18 Batsadi ba ka dira go le gontsi go thusa bana ba bone go ithuta go dira ditshwetso tse di tlotlang Modimo. Barutisi ba ba molemo ke ba ba tlhomang sekao se se molemo. (Luke 6:40) Fa go tshwanela, batsadi ba ka tlhalosetsa bana ba bone gore ba kgonne jang go dira tshwetso nngwe e e rileng. Gape ba ka nna ba letla bana ba bone gore ba itirele ditshwetso dingwe mme ba ba akgole fa ditshwetso tseo di atlega. Le fa go ntse jalo, go tweng fa ngwana a dira tshwetso e e sa siamang? Gantsi motsadi a ka nna a batla go sireletsa ngwana wa gagwe mo ditlamoragong tsa tshwetso eo, mme go dira jalo ga se ka metlha go tla solegelang ngwana molemo. Ka sekai, motsadi a ka letla ngwana wa gagwe go bona lekwalo la go kgweetsa. A re re ngwana o tlola molao wa tsela a bo a tshwanelwa ke go duela madi a kotlhao. Motsadi a ka nna a duela madi ao. Le fa go ntse jalo, fa ngwana a tshwanelwa ke go bereka gore a kgone go duela madi ao, a ka nna a ithuta go ikarabelela dilo tse a di dirang.—Bar. 13:4.

19. Ke eng se re tshwanetseng go se ruta batho ba re ithutang le bone Baebele, mme re ka dira seo jang?

19 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re ba rute ba bangwe. (Math. 28:20) Thuto nngwe ya botlhokwatlhokwa e re ka e rutang batho ba re ithutang le bone Baebele ke gore ba ka dira jang ditshwetso tse di siameng. Gore re atlege go dira jalo, re tshwanetse go tila tshekamelo ya go ba bolelela gore ba dire eng. Go tla bo go le molemo gore re ba rute go akanya ka melaometheo ya Baebele gore ba kgone go itirela ditshwetso. Kana e bile, “mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Bar. 14:12) Ka jalo, rotlhe re na le mabaka a a utlwalang a go dira ditshwetso tse di tlotlang Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona tlhaloso ya kgang eno, leba tsenyeletso e e nang le setlhogo se se reng, “Ke Leba Jang Dikarolwana Tsa Madi le Kalafi e go Dirisiwang Madi A me Mo go Yone?” e e gatisitsweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya 1/07, tsebe 3-6 (CD-ROM km-E 11/06 ts. 3-6).

O Tla Araba Jang?

• Ke eng fa re tshwanetse go ithuta gore re ka dira ditshwetso jang?

• Poifo e ka re ama jang mme re ka e fenya jang?

• Re ka dirisa ditsela dife tse thataro go tlhomamisa gore ditshwetso tsa rona di tlotla Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ditsela Tsa go Dira Ditshwetso Tse di Siameng

1 Tila go Ipagololela Mogodu

2 Dira Dipatlisiso

3 Rapelela Botlhale

4 Dira Tshwetso

5 Diragatsa Tshwetso ya Gago

6 Sekaseka Tshwetso ya Gago Mme o Dire Diphetogo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Motho yo o sa kgoneng go dira ditshwetso o tshwana le motho yo o mo sekepeng se se se nang selaolasekepe mo lewatleng le le matsubutsubu