Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Letla Moya wa Modimo o go Goga?

A o Letla Moya wa Modimo o go Goga?

A o Letla Moya wa Modimo o go Goga?

“Moya wa gago o molemo; e kete o ka nkgoga mo lefatsheng la thokgamo.”—PES. 143:10.

1, 2. (a) Umaka maemo mangwe a mo go one Jehofa a ileng a dirisa moya o o boitshepo go thusa batlhanka ba gagwe. (b) A moya o o boitshepo o dira fela mo maemong mangwe a a kgethegileng? Tlhalosa.

O AKANYA eng ka tsela e moya o o boitshepo o dirang ka yone? A o akanya ka ditiro tse di maatla tsa ga Gideone le Samesone? (Baatlh. 6:33, 34; 15:14, 15) Gongwe o akanya ka bopelokgale jwa Bakeresete ba bogologolo kgotsa go ritibala ga ga Setefane fa a ne a eme fa pele ga Sanehederine. (Dit. 4:31; 6:15) Mo motlheng wa gompieno, o akanya eng ka boipelo jo bo nnang gone kwa dikopanong tsa ditšhabatšhaba, go ikanyega ga bakaulengwe ba rona ba ba kwa dikgolegelong ka ntlha ya go sa tseye letlhakore le koketsego e e gakgamatsang ya tiro ya go rera? Dikai tseno tsotlhe di naya bosupi jwa gore moya o o boitshepo o a dira.

2 A moya o o boitshepo o dira fela mo maemong mangwe a a kgethegileng kgotsa mo maemong a a sa tlwaelegang? Nnyaa. Lefoko la Modimo la re Bakeresete ba ‘tsamaya ka moya,’ ba “gogwa ke moya” e bile ba “tshela ka moya.” (Bagal. 5:16, 18, 25) Dipolelwana tseno di supa gore moya o o boitshepo o ka kgona go tswelela o na le tlhotlheletso mo matshelong a rona. Letsatsi le letsatsi, re tshwanetse go kopa Jehofa go kaela tsela e re akanyang ka yone, e re buang ka yone le se re se dirang a dirisa moya wa gagwe. (Bala Pesalema 143:10.) Fa re ntse re letla moya go dira mo matshelong a rona, o tla dira gore re nne le dinonofo tsa one tse di lapolosang batho ba bangwe le tse di dirang gore Modimo a bakwe.

3. (a) Ke eng fa re tlhoka go gogwa ke moya o o boitshepo? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

3 Ke eng fa go le botlhokwa gore re gogwe ke moya o o boitshepo? Ka gonne go na le tlhotlheletso e nngwe e e batlang go re laola, tlhotlheletso e e kgatlhanong le go dira ga moya o o boitshepo. Tlhotlheletso eo e nngwe ke se Dikwalo di se bitsang “nama,” e e kayang tshekamelo ya nama ya rona ya go dira boleo, e leng boswa jwa go se itekanele jo re bo ruileng ka gonne re le ditlogolwana tsa ga Adame. (Bala Bagalatia 5:17.) Ka jalo, ke eng se se akarediwang ke go itetla go gogwa ke moya wa Modimo? A go na le dikgato tse re ka di tsayang go lwa kgatlhanong le go gogwa ke nama ya rona e e nang le boleo? Mma re sekaseke dipotso tseno mme re tlotle ka dikarolo tse thataro tse di setseng tsa ‘dinonofo tse moya o di tlhagisang’ e leng “bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—Bagal. 5:22, 23NW.

Bonolo le Bopelotelele di Dira Gore go Nne le Kagiso mo Phuthegong

4. Bonolo le bopelotelele di dira jang gore go nne le kagiso mo phuthegong?

4 Bala Bakolosa 3:12, 13. Mo phuthegong, bonolo le bopelotelele di dira mmogo gore go nne le kagiso. Dikarolo tseno tse pedi tsa dinonofo tse moya o di tlhagisang di re thusa go tshwara ba bangwe sentle, go nna re ritibetse le fa re rumolwa le go tila go ipusolosetsa fa ba bangwe ba sa re buise sentle kgotsa ba sa re tshware sentle. Fa re na le bothata le Mokeresete mmogo le rona, bopelotelele bo tla re thusa gore re se ka ra tlhoboga mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yoo mme re dire se re ka se kgonang go baakanya bothata. A tota bonolo le bopelotelele di a tlhokega mo phuthegong? Ee, ka gonne rotlhe ga re a itekanela.

5. Go ne ga direga eng magareng ga Paulo le Barabase, mme seno se gatelela eng?

5 Akanya ka se se neng sa direga magareng ga Paulo le Barenabase. Ba ne ba dirile mmogo ka dingwaga di le dintsi go tsweletsa pele dikgang tse di molemo. Mongwe le mongwe wa bone o ne a na le dinonofo tse di molemo. Le fa go ntse jalo, nako nngwe go ne “ga tsoga kgalefelano e e botlhoko [magareng ga bone], mo e leng gore ba ne ba kgaogana.” (Dit. 15:36-39) Tiragalo eno e gatelela ntlha ya gore tota le mo gare ga batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo, ka dinako dingwe go tla tsoga dikgotlhang. Fa Mokeresete a na le bothata bongwe le modumedimmogo le ene, a ka dira eng gore puisano ya bone e se ka ya fetoga komano e e ka senyetsang kamano ya bone ruri?

6, 7. (a) Re ka latela kgakololo efe ya Dikwalo pele ga motlotlo wa rona le modumedimmogo le rona o fetoga komano? (b) Melemo ya go nna “bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala” ke efe?

6 Fela jaaka mafoko “ga tsoga kgalefelano e e botlhoko” a bontsha, kgotlhang fa gare ga ga Paulo le Barabase e ne ya tla ka tshoganyetso e bile e le masisi. Fa Mokeresete a lemoga gore o simolola go galefa fa a tlotla ka kgang nngwe le modumedimmogo le ene, o tla bo a le botlhale fa a dirisa kgakololo eno e e fitlhelwang mo go Jakobe 1:19, 20: “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala; gonne tšhakgalo ya motho ga e felele ka tshiamo ya Modimo.” Go ikaegile ka gore boemo bo ntse jang, a ka nna a leka go tlotla ka sengwe se sele, a beela kgang eo nako e e tlang kgotsa a tsamaya pele ga e fetoga komano.—Dia. 12:16; 17:14; 29:11.

7 Go latela kgakololo eno go na le melemo efe? Fa Mokeresete a letla nako e feta gore a ritibale, a rapelele kgang eno a bo a akanyetse tsela e e molemo ya go araba, o itetla go gogwa ke moya wa Modimo. (Dia. 15:1, 28) Fa a tlhotlhelediwa ke moya, a ka kgona go bontsha bonolo le bopelotelele. Ka jalo, o tla kgona go latela kgakololo e e mo go Baefeso 4:26, 29: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa . . . A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.” Ke boammaaruri gore fa re ikapesa bonolo le bopelotelele, re dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong.

Lapolosa Lelapa la Gago ka Bopelonomi le Molemo

8, 9. Bopelonomi le molemo ke eng, mme di ka dira gore go nne jang mo lelapeng?

8 Bala Baefeso 4:31, 32; 5:8, 9Bopelonomi le molemo di lapolosa fela jaaka pheswana e e monate le senotsididi mo letsatsing le le mogote. Di dira gore go nne monate mo lelapeng. Bopelonomi ke nonofo e e rategang e e bakwang ke go kgatlhegela ba bangwe ka tsela ya mmatota, go ba kgatlhegela mo go bontshiwang ka ditiro le mafoko a go ba akanyetsa. Fela jaaka bopelonomi, molemo ke nonofo e ntle e e bontshiwang ka ditiro tse di solegelang ba bangwe molemo. E bonala ka go nna le moya wa bopelotshweu. (Dit. 9:36, 39; 16:14, 15) Mme gone molemo o akaretsa se se fetang seo.

9 Molemo ke go nna le boitsholo jo bo siameng. O akaretsa thata se re leng sone e seng fela se re se dirang. O tshwana le leungo le le botshe e bile le budule lotlhe, le sa senyega kafa teng le kwa ntle. Molemo o o tlhagisiwang ke moya o o boitshepo o ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa Mokeresete.

10. Ke eng se se ka dirwang go thusa ba lelapa go leka ka natla go nna le dinonofo tse moya o di tlhagisang?

10 Mo lelapeng la Bokeresete, ke eng se se ka thusang botlhe gore ba tshwarane ka bopelonomi le ka molemo? Go nna le kitso ya boammaaruri ka Lefoko la Modimo go ka thusa thata. (Bakol. 3:9, 10) Ditlhogo dingwe tsa malapa di dira gore karolo nngwe ya Kobamelo ya Lelapa ya beke le beke e nne go ithuta ka dinonofo tse moya o di tlhagisang. Ga go thata go ithuta ka dinonofo tseo. Lo ka dirisa didirisiwa tse lo nang le tsone ka puo ya lona go dira dipatlisiso, mme lo tlhophe tshedimosetso e e ka ga karolo nngwe le nngwe ya dinonofo tse moya o di tlhagisang. Lo ka nna lwa sekaseka dirapa di se kae fela beke le beke mme lwa tlotla ka karolo e le nngwe dibeke di le mmalwa. Fa lo ntse lo ithuta tshedimosetso eo, balang ditemana tse di umakilweng lo bo lo tlotle ka tsone. Batlang ditsela tse ka tsone lo ka dirisang se lo ithutang sone, mme lo kope Jehofa gore a lo segofatse fa lo ntse lo dira maiteko. (1 Tim. 4:15; 1 Joh. 5:14, 15) A ruri go ithuta ka tsela e e ntseng jalo go ka tokafatsa tsela e ba lelapa ba tshwaranang ka yone?

11, 12. Malapa a mabedi a Bakeresete a ne a solegelwa molemo jang ke go ithuta ka nonofo ya bopelonomi?

11 Banyalani bangwe ba basha ba ba neng ba batla gore lenyalo la bone le atlege, ba ne ba dira tshwetso ya go ithuta ka dinonofo tse moya o di tlhagisang ba tsenelela kwa teng. Ba solegetswe molemo jang? Mosadi a re: “Go ithuta gore bopelonomi bo akaretsa go ikanyega, go tokafaditse tsela e re tshwaranang ka yone go tla go fitlha jaanong. Go re rutile go ineela fa re sa dumalane ka sengwe mmogo le go itshwarelana. Gape go re rutile go re ‘ke a leboga,’ le go re ‘ke kopa maitshwarelo’ fa go tshwanela.”

12 Banyalani ba bangwe ba Bakeresete, ba ba neng ba na le mathata a lenyalo, ba ne ba lemoga gore ga ba dirisane ka bopelonomi. Ba ne ba swetsa ka gore ba ithute ka kgang ya bopelonomi ba le mmogo. Matswela e ne ya nna afe? Monna a re: “Go ithuta ka nonofo ya bopelonomi go re thusitse go bona botlhokwa jwa go akanya dilo tse di molemo ka molekane yo mongwe go na le go mo pega molato wa gore o ne a na le maitlhomo a a sa siamang, gore re batle se se siameng mongwe mo go yo mongwe. Re ne ra simolola go kgatlhegela dilo tse yo mongwe a di tlhokang. Go nna pelonomi go ne go akaretsa go kopa mosadi wa me gore a ntshe maikutlo a gagwe a gololesegile mme ke sa kgopisiwe ke se a se buang. Go ne go kaya gore ke tlogele go ikgogomosa. Fa re simolola go bontshana bopelonomi mo lenyalong la rona, re ne ra tlogela go nna re batla go ipuelela. Seno se ne sa dira gore re ikutlwe re gololesegile tota.” A lelapa la gago le ka solegelwa molemo ke go ithuta ka dinonofo tse moya o di tlhagisang?

Bontsha Tumelo Fa o Le Nosi

13. Re tshwanetse go itisa mo dilong dife tse di ka tsenyang bomoya jwa rona mo kotsing?

13 Bakeresete ba tshwanetse go letla moya wa Modimo o ba goga fa ba na le batho ba bangwe le fa ba le bosi. Gompieno mo lefatsheng la ga Satane, ditshwantsho tse di leswe le boitlosobodutu jo bo tlhabisang ditlhong bo ntse bo anama. Seno se ka tsenya bomoya jwa rona mo kotsing. Mokeresete o tshwanetse go dira eng? Lefoko la Modimo le re gakolola jaana: “Latlhang leswe lotlhe le selo seo se se totileng go feta selekanyo, bosula, mme lo amogele ka bori go jalelwa ga lefoko kwa teng le le kgonang go boloka meya ya lona.” (Jak. 1:21) Mma re sekasekeng kafa tumelo, e leng karolo e nngwe ya dinonofo tse moya o di tlhagisang, e ka re thusang ka gone go nna re le phepa mo matlhong a ga Jehofa.

14. Ke jang go tlhoka tumelo go ka felelang ka boitsholo jo bo sa siamang?

14 Fa re na le tumelo ya mmatota, Jehofa Modimo e tla nna motho wa mmatota mo go rona. Fa Modimo e se motho wa mmatota mo go rona, go ka nna motlhofo fela gore re dire boitsholo jo bo sa siamang. Akanya ka se se neng sa direga mo bathong ba Modimo mo motlheng wa bogologolo. Jehofa o ne a senolela moporofeti Esekiele gore dilo tse di makgapha di ne di dirwa mo sephiring, o ne a re: “A o bone, wena morwa motho, se bagolwane ba ntlo ya Iseraele ba se dirang mo lefifing, mongwe le mongwe a le mo diphaposing tse di kwa teng tsa mokgabisa wa gagwe? Gonne ba re, ‘Jehofa ga a re bone. Jehofa o tlogetse lefatshe.’” (Esek. 8:12) A o lemogile se se bakileng bothata? Ba ne ba sa dumele gore Jehofa o bona se ba se dirang. Jehofa e ne e se motho wa mmatota mo go bone.

15. Go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa go re sireletsa jang?

15 Akanya ka sekao sa mongwe yo o neng a farologane le bone, e bong Josefa. Le fa a ne a le kgakala le lelapa la gaabo, le batho ba gaabo, o ne a gana go dira boaka le mosadi wa ga Potifaro. Ka ntlha yang? O ne a re: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” (Gen. 39:7-9) Ee, Jehofa e ne e le motho wa mmatota mo go ene. Fa Modimo e le motho wa mmatota mo go rona, re ka se lebe boitlosobodutu jo bo leswe kgotsa ra dira sepe fela se re itseng gore ga se itumedise Modimo fa re le nosi. Boikemisetso jwa rona bo tla tshwana le jwa mopesalema yo o neng a opela jaana: “Ke tla tsamayatsamaya mo bothokgaming jwa pelo ya me mo teng ga ntlo ya me. Ga nkitla ke tlhoma selo se se se nang molemo wa sepe fa pele ga matlho a me.”—Pes. 101:2, 3.

Dibela Pelo ya Gago ka go Nna le Boikgapo

16, 17. (a) Fela jaaka go tlhalositswe mo bukeng ya Diane, “lekau le le seng botlhale” le wela jang mo boleong? (b) Fela jaaka go bontshitswe mo go tsebe 26, le rona gompieno re ka diragalelwa ke se se tshwanang le seo jang, go sa kgathalesege dingwaga tsa rona?

16 Boikgapo, e leng karolo ya bofelo ya dinonofo tse moya o di tlhagisang, bo dira gore re kgone go gana dilo tse Modimo a di kgalang. Bo ka re thusa go dibela dipelo tsa rona. (Dia. 4:23) Akanya ka boemo jo bo fitlhelwang mo go Diane 7:6-23, e e tlhalosang kafa “lekau le le seng botlhale” le neng la ineelela go hepisiwa ke seaka ka gone. O ne a raelwa morago ga go ‘feta ka mmila gaufi le sekhutlo sa mosadi yoo.’ Gongwe o ne a feta fa mosadi yoo a nnang gone fela ka ntlha ya go swegaswega a batla go bona. Ka bonako fela, o ne a palelwa ke go lemoga gore o gogelwa mo tseleng ya boeleele e e ‘amang moya wa gagwe.’

17 Lekau leno le ka bo le ile la kgona jang go tila go dira phoso eno e e masisi? Ka go reetsa tlhagiso eno: “Lo se ka lwa kgarakgatshegela mo ditseleng tsa gagwe.” (Dia. 7:25) Re ka ithuta thuto nngwe: Fa re batla gore moya wa Modimo o re goge, re tshwanetse go tila go itsenya mo maemong a a raelang. Tsela nngwe e motho a ka kgarakgatshegelang mo ditseleng tsa boeleele tsa “lekau le le seng botlhale” ka yone ke ka go fetofetola diteishene tsa thelebishene a sa itse gore o batla eng le ka go fenyenkolola Internet. A ka nna a bona ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, a ka tswa a ikaeletse kgotsa nnyaa. A ka simolola go nna le mokgwa o o leswe wa go leba ditshwantsho tse di hepisang, mme seno sa felela ka masetlapelo a a tla amang segakolodi sa gagwe le kamano ya gagwe le Modimo. Seo se ka ama tota le botshelo jwa gagwe.—Bala Baroma 8:5-8.

18. Mokeresete a ka tsaya dikgato dife go dibela pelo ya gagwe, mme di tsamaisana jang le go bontsha boikgapo?

18 Gone ke boammaaruri gore re ka kgona go nna le boikgapo fa re tsaya kgato ka bonako fa re bona setshwantsho se se hepisang, e bile re tshwanetse go dira jalo. Mme a bo go ka nna molemo jang fa re ka tila boemo joo gotlhelele! (Dia. 22:3) Go ipeela melelwane e e re sireletsang le go tshela go dumalana le yone go tlhoka gore re nne le boikgapo. Ka sekai, go baya khomputara mo lefelong le e bonwang ke batho botlhe mo go lone go ka re sireletsa. Bangwe ba bona go le molemo go dirisa khomputara le go leba thelebishene fela fa ba bangwe ba le teng. Ba bangwe bone ba dirile tshwetso ya gore ba se ka ba nna le Internet. (Bala Mathaio 5:27-30.) A re direng sotlhe se se tlhokegang gore re itshireletse rona le ba malapa a rona gore re kgone go obamela Jehofa ka ‘pelo e e phepa le ka segakolodi se se siameng le ka tumelo e e se nang boitimokanyo.’—1 Tim. 1:5.

19. Melemo ya go letla moya o o boitshepo o re goga ke efe?

19 Dinonofo tse re nnang le tsone fa moya o o boitshepo o dira mo go rona di na le melemo e mentsi. Bonolo le bopelotelele di dira gore go nne le kagiso mo phuthegong. Bopelonomi le molemo di dira gore go nne le boitumelo mo lelapeng. Tumelo le boikgapo di re thusa gore re nne re atamalane thata le Jehofa mme re nne re le phepa mo matlhong a gagwe. Mo godimo ga moo, Bagalatia 6:8 e re tlhomamisetsa jaana: “Yo o jalelang nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe, mme yo o jalelang moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo moyeng.” Ee, Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo mo motheong wa thekololo ya ga Keresete, go naya ba ba itetlang go gogiwa ke moya, botshelo jo bo sa khutleng.

O ka Araba Jang?

• Bonolo le bopelotelele di dira jang gore go nne le kagiso mo phuthegong?

• Bakeresete ba ka thusiwa ke eng go bontsha bopelonomi le molemo mo lelapeng?

• Tumelo le boikgapo di thusa Mokeresete jang gore a dibele pelo ya gagwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

O ka dira jang gore puisano e se ka ya fetoga komano?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go ithuta ka dinonofo tse moya o di tlhagisang go ka solegela lelapa la gago molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Fa re na le tumelo le boikgapo re tila dikotsi dife?