Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Polelelopele 4. Go sa Nne le Lorato Lwa Tlholego

Polelelopele 4. Go sa Nne le Lorato Lwa Tlholego

Polelelopele 4. Go sa Nne le Lorato Lwa Tlholego

“Batho ba tla bo . . . ba se na lorato lwa tlholego mo go ba malapa a bone.”—2 TIMOTHEO 3:1-3, Baebele ya God’s Word.

● Chris o berekela setlhopha sa kwa North Wales se se thusang batho ba ba sotliwang ke ba malapa a bone. A re: “Ke gopola go tla mosadi mongwe yo ke neng ke kile ka kopana le ene mme a iteilwe thata jaana mo ke neng ke sa mo lemoge. Basadi ba bangwe ba a bo ba amegile thata mo maikutlong mo ba ka se kang ba lebanya matlho le wena.”

DITIRAGALO DI BONTSHA ENG? Mo nageng nngwe ya mo Afrika, mo e batlang e le mosadi a le 1 mo go ba le 3 o sotlilwe ka tlhakanelodikobo fa a ne a sa le ngwana. Patlisiso e e dirilweng mo go yone naga eo e bontsha gore palo e e fetang nngwetharong ya banna, ba bona go itshiametse fela gore ba iteye basadi ba bone. Le fa go ntse jalo, ga se basadi fela ba ba sotliwang mo malapeng. Ka sekai, kwa Canada, mo e batlang e le banna ba le 3 mo go ba le 10 ba ile ba itewa kgotsa ba sotliwa ke balekane ba bone.

GANTSI BATHO BA GANETSA BA RENG? Go sotliwa ga batho mo malapeng ga go bolo go nna teng. Ke fela gore jaanong batho ba go ela tlhoko go feta mo nakong e e fetileng.

A GO A UTLWALA GO BO BA GANETSA JALO? Go sotliwa ga batho mo malapeng go ne ga lemogiwa thata mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana. A mme go lemoga bothata jono go fokoditse palo ya batho ba ba sotliwang mo malapeng? Nnyaa, ga go a nna jalo. Go sa nne le lorato lwa tlholego go aname thata go feta le fa e le leng pele.

O AKANYANG? A 2 Timotheo 3:1-3 e a diragadiwa? A batho ba le bantsi ga ba rate ba malapa a bone ka lorato lo lo neng lo tshwanetse go itlela fela ka tlholego?

Boporofeti jwa botlhano jo bo diragadiwang gompieno bo ama legae la rona e leng lefatshe. Ela tlhoko gore Baebele ya reng ka kgang eno.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Go bolelwa gore go sotla ba lelapa ke mongwe wa melato e e sa begweng thata mo setšhabeng. Ka kakaretso mosadi a ka itewa ke molekane wa gagwe ka makgetlo a le 35 pele a ka begela mapodise.”—A SPOKESWOMAN FOR WALES DOMESTIC ABUSE HELPLINE.