Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jo bo Itumedisang bo Gaufi!

Botshelo jo bo Itumedisang bo Gaufi!

Botshelo jo bo Itumedisang bo Gaufi!

“Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—PESALEMA 37:10, 11.

A O KA rata go bona boporofeti jo bo nopotsweng fa godimo bo diragadiwa? Kwantle ga pelaelo o ka rata. Go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore bo tla tloga bo diragadiwa.

Ditlhogo tse di fetileng di tlhalositse dingwe tsa dipolelelopele tsa Baebele tse di bontshang sentle gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Modimo o ne a tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele go bolelela pele ditiragalo tseo gore re nne le tsholofelo. (Baroma 15:4) Go diragadiwa ga dipolelelopele tse di ntseng jalo go kaya gore mathata a re lebaneng le one gone jaanong a tla tloga a fela.

Go tla diragalang morago ga metlha ya bofelo? Bogosi jwa Modimo bo tla busa batho botlhe. (Mathaio 6:9) Ela tlhoko kafa Baebele e tlhalosang ka teng gore maemo a lefatshe a tla bo a ntse jang ka nako eo:

Tlala e tla fedisiwa. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

Bolwetse bo tla fedisiwa. “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Lefatshe le tla ntšhafadiwa. “Naga le kgaolo e e se nang metsi di tla itumela, le lebala le le sekaka le tla ipela le bo le ntsha dithunya jaaka saferone.”—Isaia 35:1.

Tseno ke dipolelelopele di se kae fela tse di kgothatsang tsa Baebele tse di tla tlogang di diragadiwa. Ke eng fa o sa kope Basupi ba ga Jehofa gore ba go bontshe gore ke ka ntlha yang fa ba tlhomamisegile jaana gore botshelo jo bo itumedisang bo gaufi?