Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letlelela Bosula le Pogo?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letlelela Bosula le Pogo?

Ithute mo Lefokong la Modimo

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letlelela Bosula le Pogo?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Bosula bo simologile jang?

Bosula bo ne jwa simolola mo lefatsheng fa Satane a ne a bua maaka a ntlha. Satane ga a bopiwa a le bosula. E ne e le moengele yo o itekanetseng, mme “a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” (Johane 8:44) O ne a simolola go eletsa kobamelo e e tshwanetseng go newa Modimo fela. Satane o ne a aketsa mosadi wa ntlha e bong Efa a bo a mo tlhotlheletsa gore a mo ikobele go na le go ikobela Modimo. Adame le ene fela jaaka Efa, o ne a se ka a ikobela Modimo. Tshwetso ya ga Adame e ne ya felela ka gore go nne le pogo le loso.—Bala Genesise 3:1-6, 17-19.

Fa Satane a ne a tlhotlheletsa Efa gore a se ka a ikobela Modimo, o ne a dira gore batho ba simolole go tsuologela bolaodi jwa Modimo. Bontsi jwa batho ba ne ba latela Satane mme ba gana gore Modimo e nne Mmusi wa bone. Ka jalo, Satane o ne a nna “mmusi wa lefatshe.”—Bala Johane 14:30; Tshenolo 12:9.

2. A popo ya Modimo e ne e na le bokoa bongwe?

Batho le baengele ba Modimo a ba bopileng ba ne ba itekanetse e bile ba ka kgona go ikobela melao ya gagwe ka botlalo. (Duteronome 32:5) Modimo o re bopile re na le kgololesego ya go itlhophela go dira se se siameng kgotsa se se bosula. Kgololesego eo e re naya tshono ya go bontsha gore re rata Modimo.—Bala Jakobe 1:13-15; 1 Johane 5:3.

3. Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo?

Jehofa o letlile batho go tsuologela bolaodi jwa gagwe ka nakwana. Ka ntlha yang? Go bontsha gore maiteko ape a a dirwang a go busa kwantle ga gagwe ga a ka ke a solegela batho molemo. (Jeremia 10:23) Kgang eno e bonala sentle morago ga dingwaga di le 6 000 fa e sa le batho ba nna teng. Babusi ba batho ba paletswe ke go fedisa ntwa, bokebekwa, tshiamololo le malwetse.—Bala Moreri 7:29; 8:9; Baroma 9:17.

Mme batho ba ba amogelang Modimo e le Mmusi wa bone ba solegelwa molemo. (Isaia 48:17, 18) Go ise go ye kae, Jehofa o tla fedisa dipuso tsotlhe tsa batho. Batho ba ba tlhophang go busiwa ke Modimo ke bone fela ba ba tla nnang mo lefatsheng.—Isaia 2:3, 4; 11:9; bala Daniele 2:44.

4. Bopelotelele jwa Modimo bo naya batho tshono efe?

Satane o ne a re batho ga ba ka ke ba ikobela Jehofa ka boikanyegi. Bopelotelele jwa Modimo bo naya mongwe le mongwe wa rona tshono ya go bontsha gore a o batla go busiwa ke Modimo kgotsa ke batho. Tsela e re tshelang ka yone e bontsha gore re tlhopha eng.—Bala Jobe 1:8-11; Diane 27:11.

5. Re ka bontsha jang gore re tlhopha gore Modimo e nne Mmusi wa rona?

Re tlhopha gore Modimo e nne Mmusi wa rona ka go batla kobamelo ya boammaaruri e e theilweng mo Lefokong la gagwe e leng Baebele le go tshela go dumalana le yone. (Johane 4:23) Gape, fela jaaka Jesu, ga re nne le seabe mo dipolotiking le mo dintweng.—Bala Johane 17:14.

Satane o dirisa maatla a gagwe go rotloetsa ditiro tse di kotsi tsa boitsholo jo bo sa siamang. Fa re tila ditiro tseo, bangwe ba ditsala tsa rona kgotsa ba losika ba ka nna ba re sotla kgotsa ba re ganetsa. (1 Petere 4:3, 4) Ka jalo re tshwanetse go tlhopha. A re tla ikopanya le batho ba ba ratang Modimo? A re tla ikobela melao ya gagwe e e re solegelang molemo le e e lorato? Fa re dira jalo, re bontsha gore Satane o ne a bua maaka fa a ne a re ga go na motho ope yo o neng a tla dira se Modimo a batlang gore re se dire.—Bala 1 Bakorintha 6:9, 10; 15:33.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Adame o ne a dira tshwetso e e sa siamang

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ditshwetso tse re di dirang di bontsha gore a re batla gore Modimo e nne Mmusi wa rona