Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Jehofa ke Modisa wa Me”

“Jehofa ke Modisa wa Me”

Atamalana le Modimo

“Jehofa ke Modisa wa Me”

LEBA setshwantsho se se mo tsebeng eno. A o bona kafa nku eno e ikutlwang e sireletsegile ka gone e le mo sehubeng sa modisa wa yone? Mo go Pesalema 23, Baebele e dirisa sekapuo sa tshwantshiso sa modisa le nku ya gagwe go tlhalosa kafa Jehofa a tlhokomelang baobamedi ba gagwe ka lorato ka gone. O batla gore re ikutlwe re sireletsegile ka tsela e batho ba ba tlang kwa go ene ba ikutlwang ka yone, ba jaaka mopesalema Dafide ba ka buang jaana ba tlhatswegile pelo: “Jehofa ke Modisa wa me.” *Temana 1.

Mokwadi wa pesalema eno e bong Dafide e ne e le modisa fa a sa le mosha. O ne a itse gore dinku di tlhoka eng le gore boikarabelo jwa modisa ke bofe. Dafide, yo o neng a bona kafa Modimo a amegang ka gone ka ene, o ne a kwala se se ileng sa bidiwa “pesalema e e buang ka go ikanya kgotsa go tshepa.” Leina la Modimo, Jehofa, le tlhaga kwa tshimologong le kwa bokhutlong jwa pesalema eno. (Temana 16) Mafoko a ditemana tse di fa gare a bontsha ditsela tse tharo tse ka tsone Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe jaaka modisa a tlhokomela dinku tsa gagwe.—Pesalema 100:3.

Jehofa o kaela dinku tsa gagwe. Gantsi dinku tse di se nang modisa di a timela. Ka tsela e e tshwanang, re tlhoka thuso gore re bone tsela e e siameng mo botshelong. (Jeremia 10:23) Dafide a re Jehofa o kaela batho ba gagwe go ya kwa “mafulong a a tletseng bojang” le kwa “mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi.” O ba kaela “mo ditselaneng tsa tshiamo.” (Temana 23) Ditshwantsho tseno tse di tlhalosang tiro ya go disa di re tlhomamisetsa gore re ka ikanya Modimo. Fa re dirisa kaelo ya Modimo e e mo Baebeleng, re ka tshela botshelo jo bo kgotsofatsang, jo bo lapolosang le jo bo sireletsegileng.

Jehofa o sireletsa dinku tsa gagwe. Fa dinku di se na modisa di a boifa e bile ga di a sireletsega. Jehofa o bolelela batho ba gagwe gore ga ba a tshwanela go boifa, tota le fa ba “tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho,” ke gore, ka dinako tse di ka lebegang di le thata mo botshelong. (Temana 4) Jehofa o nna a ba tlhokometse, a iketleeleditse go ba thusa. A ka naya baobamedi ba gagwe botlhale le maatla a ba a tlhokang gore ba kgone go lebana le diteko.—Bafilipi 4:13; Jakobe 1:2-5.

Jehofa o fepa dinku tsa gagwe. Dinku di ikaegile ka modisa wa tsone gore a di batlele dijo. Le rona re na le se re se tlhokang semoyeng mme ke Modimo fela yo o ka re thusang go se bona. (Mathaio 5:3) Re itumelela gore Jehofa ke Motlamedi yo o pelotshweu, yo o baakanyetsang batlhanka ba gagwe letlepu la dijo. (Temana 5) Baebele le dikgatiso tsa go ithuta Baebele, tse di jaaka makasine ono, di re naya dijo tsa semoya tse di kgotsofatsang keletso ya rona ya go itse gore re tshelela eng le gore Modimo o ikaeletse eng ka rona.

Dafide o ne a ikutlwa a sireletsegile ka a ne a itse gore fa a ka nna a atamalane le Modisa wa gagwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o ne a tla mo tlhokomela ka lorato “malatsi otlhe a botshelo jwa [gagwe].” (Temana 6) A o eletsa go ikutlwa o sireletsegile jalo? Fa go le jalo, ithute kafa o ka atamalanang le Jehofa ka gone. Ka jalo o ka ikutlwa o sireletsegile mo mabogong a Modisa yo Mogolo, yo o kaelang batho ba ba nnang ba ikanyega mo go ene a bo a ba sireletsa le go ba tlamela.—Isaia 40:11.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka Balwang ka May:

Jobe 38-42Pesalema 1-25

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Babadi ba le bantsi ba itse polelwana e e reng “MORENA ke Modisa wa me.” Fa o batla go itse gore ke ka ntlha yang fa baranodi bangwe ba Baebele ba sa dirise leina la Modimo, Jehofa, bona tsebe 195-197 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.