Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gomotsa ba ba Pelo e Phatlogileng

Go Gomotsa ba ba Pelo e Phatlogileng

Atamalana le Modimo

Go Gomotsa ba ba Pelo e Phatlogileng

‘JEHOFA ga a ka ke a nthata.’ Mafoko ao a ne a buiwa ke mosadi mongwe wa Mokeresete yo o sa bolong go tshwenyega thata mo maikutlong. O ne a akanya gore Jehofa o tshwanetse a bo a le kgakala le ene. A ruri Jehofa o kgakala le baobamedi ba gagwe ba ba ka tswang ba tshwenyegile thata mo maikutlong? Karabo e e gomotsang e fitlhelwa mo mafokong a a tlhotlheleditsweng a ga mopesalema Dafide, a a mo go Pesalema 34:18.

Dafide o ne a itse kafa go tshwenyega thata mo maikutlong go ka amang moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa ka teng. Fa Dafide e sa ntse e le lekawana, o ne a tshelela mo lobelong a tshaba Saulo, kgosi e e lefufa e e neng e ikaeletse go mmolaya. Dafide o ne a tshabela kwa lefelong le a ka tswang a ne a akanya gore Saulo a ka se mmatle kwa go lone—motse wa baba wa Gathe o o neng o le kwa nageng ya Bafilisitia. Mme fa Dafide a sena go bonwa, o ne a falola ka go itira e kete o a tsenwa. Dafide o ne a galaletsa Modimo ka go bo a ile a mo golola, mme o ne a kwala Pesalema 34 a akantse ka tiragalo eno.

A Dafide o ne a dumela gore Modimo o kgakala le batho ba ka ntlha ya go tshwenyega thata mo maikutlong ba ikutlwang ba ngomogile pelo kgotsa ba se botlhokwa mo matlhong a Modimo? Dafide o ne a kwala jaana: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Temana 18) Mma re bone gore mafoko ano a ka re gomotsa jang le go re naya tsholofelo.

“Jehofa o gaufi.” Buka nngwe ya tshedimosetso ya re mafoko ano “ke polelwana e e bontshang gore Morena o tlhokometse batho ba gagwe e bile o nna a ba lebile, ka metlha a iketleeleditse go ba thusa le go ba boloka.” Go a gomotsa go itse gore Jehofa o tlhokometse batho ba gagwe. O bona mathata a ba lebaneng le one mo ‘dinakong tseno tsa mathata’ e bile o itse maikutlo a bone a a kwa teng.—2 Timotheo 3:1; Ditiro 17:27.

“Ba ba pelo e phatlogileng.” Mo ditsong tse dingwe, “go phatloga pelo” go tsamaisana le go sa ratiwe ke motho yo o mo ratang. Le fa go ntse jalo, mokanoki mongwe a re mafoko ano a mopesalema a kaya “go hutsafala le go utlwa botlhoko mo go tlwaelegileng.” Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe le baobamedi ba ba ikanyegang ba Modimo ba ka lebana le mathata a a boima a a ka dirang gore ba phatloge pelo.

“Ba ba moya o pitlaganeng.” Batho ba ba kgobegileng marapo ba ka ipona ba se botlhokwa gotlhelele mo ba felelwang ke tsholofelo ka nakwana. Buka nngwe ya baranodi ba Baebele ya re polelwana eno e ka ranolwa go twe “ba go se nang sepe se se molemo se ba lebileng pele kwa go sone.”

Jehofa o tsaya kgato efe ka ba ba “pelo e phatlogileng” le ba ba “moya o pitlaganeng”? A o nna a le kgakala le bone, a tsaya gore ga ba tshwanelwe ke gore a ba rate le go ba tlhokomela? Nnyaa le e seng! Fela jaaka motsadi yo o lorato a tshola ngwana wa gagwe le go mo gomotsa fa a tshwenyegile, Jehofa le ene o gaufi le baobamedi ba gagwe ba ba ikuelang kwa go ene ba kopa thuso. O batla go ba gomotsa le go nametsa pelo ya bone e e phatlogileng le moya wa bone o o pitlaganeng. A ka ba naya botlhale le maatla a ba a tlhokang go itshokela diteko dipe fela tse ba ka lebanang le tsone.—2 Bakorintha 4:7; Jakobe 1:5.

Ke ka ntlha yang fa o sa ithute gore o ka atamalana jang le Jehofa? Modimo yono yo o kutlwelobotlhoko o solofetsa jaana: “Ke agile . . . le yo moya wa gagwe o gateletsweng e bile o le kwa tlase, gore ke rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.”—Isaia 57:15.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka Balwang ka June:

Pesalema 26-59