Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Disang Letsomane la Modimo Le lo Le Tlhokometseng”

“Disang Letsomane la Modimo Le lo Le Tlhokometseng”

“Disang Letsomane la Modimo Le lo Le Tlhokometseng”

“Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata.”—1 PET. 5:2.

1. Fa Petere a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha, ke boemo bofe jo Bakeresete ba neng ba lebane le jone?

MOAPOSETOLOI Petere o ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha nako nngwe pele ga Nero a simolola go bogisa Bakeresete ba kwa Roma. O ne a batla go nonotsha badumedimmogo le ene. Diabolo o ne a “tsamayatsamaya” a batla go kometsa Bakeresete. Gore ba kgone go nna ba nitame kgatlhanong le ene, ba ne ba tshwanetse go ‘nna ba thantse mo ditlhaloganyong’ le go ‘ikokobetsa kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo.’ (1 Pet. 5:6, 8) Gape ba ne ba tshwanetse go nna seoposengwe. E ne e se nako ya gore ba nnele go “lomana le go kometsana,” ka gonne seo se ne se tla felela ka gore ba ‘nyeletsane.’—Bagal. 5:15.

2, 3. Re tshwanetse go lwa le mang, mme re tlile go sekaseka eng mo motseletseleng ono?

2 Gompieno le rona re lebane le boemo jo bo tshwanang. Diabolo o senka ditshono tsa go re kometsa. (Tshen. 12:12) Mme re gomagomelwa ke “pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe.” (Math. 24:21) Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwanetse go itlhokomela gore ba se ka ba nnela go ngangisana, le rona re tshwanetse go dira jalo. Gore re kgone go dira seo, ka dinako dingwe re tlhoka go thusiwa ke banna ba ba bagolwane ba ba tshwanelegang.

3 Mma re sekasekeng kafa bagolwane ba ka tokafatsang ka gone tsela e ba anaanelang tshiamelo ya go disa ‘letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng.’ (1 Pet. 5:2) Go tswa foo, re tla sekaseka tsela e e siameng ya go dira tiro ya bodisa. Mo setlhogong se se latelang re tla tlhatlhoba gore phuthego e ka ‘tlotla jang ba ba dirang ka natla e bile ba okametse’ letsomane. (1 Bathes. 5:12) Go sekaseka dintlha tseno go tla re thusa go nna re nitame kgatlhanong le Mmaba wa rona yo mogolo, re lemoga gore ke ene yo re lwang le ene.—Baef. 6:12.

Disang Letsomane la Modimo

4, 5. Banna ba bagolwane ba tshwanetse go leba letsomane jang? Naya sekai.

4 Petere o ne a kgothaletsa banna ba e neng e le bagolwane mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga go nna le pono ya Modimo ka letsomane le ba le tlhokometseng. (Bala 1 Petere 5:1, 2.) Le fa Petere a ne a tsewa e le pilara mo phuthegong, o ne a sa bue le bone ka go ba nyatsa. Go na le moo, o ne a ba gakolola jaaka bagolwane mmogo le ene. (Bagal. 2:9) Gompieno Setlhopha se se Laolang se dirisa mokgwa o Petere a neng a o dirisa go rotloetsa bagolwane mo diphuthegong go leka ka natla go diragatsa boikarabelo jwa bone jo bo bokete jwa go disa letsomane la Modimo.

5 Moaposetoloi yono o ne a kwala gore banna ba bagolwane ba ne ba tshwanetse go ‘disa letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng.’ Go ne go le botlhokwa thata gore ba lemoge gore letsomane leo ke la ga Jehofa le Jesu Keresete. Bagolwane ba ne ba tshwanetse go ikarabelela go ya kafa ba neng ba disa dinku tsa Modimo ka gone. A re re tsala nngwe ya gago e go kopa gore o e tlhokomelele bana fa e tsamaile. A o ne o ka se tlhokomele bana bao le go ba fepa? Fa mongwe wa bone a ne a ka lwala, a o ne o ka se tlhomamise gore o amogela thuso ya tsa kalafi e a e tlhokang? Ka tsela e e tshwanang bagolwane mo phuthegong ba tshwanetse go ‘disa phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.’ (Dit. 20:28) Ba nna ba gakologetswe gore nku nngwe le nngwe e rekilwe ka madi a a tlhwatlhwakgolo a ga Keresete Jesu. E re ka bagolwane ba neilwe boikarabelo, ba fepa letsomane, ba a le sireletsa le go le tlhokomela.

6. Badisa ba bogologolo ba ne ba na la boikarabelo bofe?

6 Akanya ka boikarabelo jo badisa ba mmatota ba neng ba na le jone mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele. Ba ne ba tshwanetse go itshokela mogote wa letsatsi le serame sa bosigo gore ba tlhokomele letsomane. (Gen. 31:40) Ba ne ba bo ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba sireletse dinku. Mosimanyana wa modisa e bong Dafide o ne a sireletsa letsomane la gagwe mo dibataneng, tse di akaretsang tau le bera. Fa Dafide a ne a bua ka nngwe le nngwe ya tsone, a re o ne a ‘tshwara ditedu tsa yone a e itaya a e latlhela fa fatshe mme a e bolaya.’ (1 Sam. 17:34, 35) A bopelokgale ruri! O tshwanetse a bo a ile a atamela gaufi thata le meno a sebatana seo! Le fa go ntse jalo, o dirile sotlhe se a neng a ka se kgona go sireletsa dinku.

7. Bagolwane ba ka phamola jang nku mo leganong la ga Satane ka tsela ya tshwantshetso?

7 Gompieno, bagolwane ba tshwanetse go nna ba disitse letsomane kgatlhanong le ditlhaselo tsa ga Diabolo tse di jaaka tsa tau. Seno se ka akaretsa tiro ya bopelokgale ya go phamola nku mo leganong la ga Diabolo ka tsela ya tshwantshetso. Bagolwane ba ka sireletsa dinku ka go tshwara sebatana ka ditedu ka tsela ya tshwantshetso. Ba ka nna ba thusa bakaulengwe ba ba seng kelotlhoko ba ba raelwang ke dirai tsa ga Satane. (Bala Jude 22, 23.) Ke boammaaruri gore ba thusiwa ke Jehofa go fitlhelela seo. Ba tshwara nku ka lorato, ba e hapa le go e tshasa ka setlolo se se okobatsang se e leng Lefoko la Modimo.

8. Bagolwane ba lebisa letsomane kae, mme ba dira seo jang?

8 Gape modisa wa mmatota o ne a kaela letsomane kwa mafulong a a tshwanetseng le kwa mafelong a go nwa metsi. Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba lebisa letsomane kwa phuthegong, ba le kgothaletsa go nna gone ka metlha kwa dipokanong gore le fepiwe sentle mme le amogele “dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.” (Math. 24:45) Bagolwane ba ka nna ba tshwanelwa ke go dirisa nako e ntsi ba thusa batho ba ba lwalang semoyeng gore ba amogele dijo tsa Lefoko la Modimo. Nku e e timetseng e ka nna ya leka go boela mo letsomaneng. Bagolwane ga ba tshosetse mokaulengwe wa bone go na le moo, ba mo tlhalosetsa melaometheo ya Dikwalo ka lorato ba mmontsha kafa a ka e dirisang ka gone mo botshelong jwa gagwe.

9, 10. Bagolwane ba tshwanetse go thusa ba ba lwalang semoyeng jang?

9 Fa o lwala, o batla go ya kwa ngakeng e e ntseng jang? A o batla go ya kwa ngakeng e e go reetsang ka nakwana fela mme ka bonako e bo e go naya melemo e le fela gore e kgone go tlhatlhoba molwetse yo o latelang? Kgotsa a o tla rata go ya kwa ngakeng e e tla go reetsang ka kelotlhoko, e go tlhalosetsa gore matsapa e ka tswa e le eng e bo e go tlhalosetsa ka dikalafi tse di farologaneng tse o ka di dirisang?

10 Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba ka reetsa motho yo o lwalang semoyeng mme ba mo thusa gore dintho tsa gagwe di fole, ka go dira jalo ba mo ‘tlotsa ka leokwane ka leina la ga Jehofa’ ka tsela ya tshwantshetso. (Bala Jakobe 5:14, 15.) Lefoko la Modimo le ka fodisa motho yo o lwalang fela jaaka balema e e tswang kwa Gileade. (Jer. 8:22; Esek. 34:16) Fa motho yo o lwalang a dirisa melaometheo ya Baebele, a ka kgona go boa a direla Jehofa ka botlalo. Bagolwane ba ka kgona go thusa nku e e lwalang fa ba ka utlwa mathata a yone mme ba e rapelela.

E Seng ka go Patelelwa Mme ka go Rata

11. Ke eng se se tlhotlheletsang bagolwane go disa letsomane la Modimo ka go rata?

11 Go tswa foo, Petere o gakolola banna ba bagolwane kafa ba tshwanetseng go dira tiro ya bodisa ka gone le kafa ba sa tshwanelang go e dira ka gone. Bagolwane ba tshwanetse go disa letsomane la Modimo “e seng ka go patelelwa mme ka go rata.” Ke eng se se tlhotlheletsang bagolwane go direla bakaulengwe ba bone ka go rata? Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Petere go disa le go fepa dinku tsa ga Jesu? O ne a tlhotlhelediwa ke lorato lo a neng a rata Morena ka lone. (Joh. 21:15-17) Bagolwane ba thusiwa ke lorato gore ba se ka ba “tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela.” (2 Bakor. 5:14, 15) Lorato lono mmogo le lorato lo ba ratang Modimo le bakaulengwe ba bone ka lone, lo ba tlhotlheletsa go direla letsomane, ba dirisa maatla a bone, didirisiwa tsa bone le nako ya bone gore ba le thuse. (Math. 22:37-39) Ba intsha setlhabelo ka go rata e seng ka go patelelwa.

12. Moaposetoloi Paulo o ne a intsha setlhabelo go le kana kang?

12 Bagolwane ba tshwanetse go intsha setlhabelo go le kana kang? Fa ba ntse ba tlhokometse letsomane, ba etsa sekao sa ga moaposetoloi Paulo yo le ene a neng a etsa Jesu. (1 Bakor. 11:1) E re ka Paulo le bapati ba gagwe ba ne ba rata bakaulengwe ba kwa Thesalonika ba ne ba itumelela go ba naya ‘e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo mme gape le meya ya bone.’ Ba ne ba dira jalo ka bonolo, “jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe.” (1 Bathes. 2:7, 8) Paulo o ne a tlhaloganya kafa mmè yo o amusang a ikutlwang ka teng ka bana ba gagwe. O ne a ka ba direla sengwe le sengwe, go akaretsa le go tsoga mo gare ga bosigo gore a ba fepe.

13. Bagolwane ba tshwanetse go nna tekatekano ka tsela efe?

13 Bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba nne tekatekano fa ba dira maeto a bodisa le fa ba diragatsa maikarabelo a bone a lelapa. (1 Tim. 5:8) Nako e bagolwane ba e dirisang ba na le phuthego ke nako e e botlhokwa thata e ba ka bong ba e dirisa ba na le ba malapa a bone. Tsela nngwe e ka yone o ka diragatsang maikarabelo ano ka bobedi ke ka gore ka dinako dingwe o laletse ba bangwe gore ba nne gone mo maitseboeng a lona a Kobamelo ya Lelapa. Masanao yo e leng mogolwane kwa Japane, o ne a laletsa batho ba ba seng mo lenyalong le malapa a a se nang borre ba e leng Bakeresete mo thutong ya bone ya lelapa ka dingwaga di le dintsi. Fa nako e ntse e ya, bangwe ba Masanao a ileng a ba thusa ba ne ba nna bagolwane mme ba etsa sekao se se molemo sa gagwe.

Tilang Poelo Ya go Sa Ikanyege Mme lo Dise Letsomane ka Tlhagafalo

14, 15. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse go ikela tlhoko gore ba se ka ba “rata poelo ya go sa ikanyege,” mme ba ka etsa Paulo jang mo ntlheng eno?

14 Gape Petere o ne a kgothaletsa bagolwane go disa letsomane “e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo.” Tiro ya bagolwane e tsaya nako ya bone e ntsi, le fa go ntse jalo, ga ba a lebelela gore ba duelwe. Petere o ne a bona go tlhokega gore a tlhagise banna ba e neng e le bagolwane mmogo le ene ka kotsi ya go disa letsomane ka ntlha ya “go rata poelo ya go sa ikanyege.” Re kgona go bona kotsi ya go dira jalo mo tseleng e baeteledipele ba bodumedi ba “Babelona o Mogolo” ba tshelang botshelo jwa manobonobo ka yone fa batho ba bangwe ba bantsi bone ba tshwanetse go tshelela mo khumanegong. (Tshen. 18:2, 3) Bagolwane gompieno ba tshwanetse go nna ba iketse tlhoko gore ba se ka ba nna le mokgwa o o ntseng jalo.

15 Paulo o tlhometse bagolwane ba Bakeresete sekao se se molemo thata. Le fa e ne e le moaposetoloi mme e bile a ne a ka nna “mokgweleo wa ditshenyegelo tse dintsi” mo Bakereseteng ba kwa Thesalonika, ga a ka a “ja dijo tse di tswang mo go ope mahala.” Go na le moo, o ne a “dira ka natla le ka go fufulelwa bosigo le motshegare.” (2 Bathes. 3:8) Bagolwane ba le bantsi ba motlha wa gompieno go akaretsa le ba ba leng mo tirong ya go eta, ba tlhoma sekao se se molemo mo ntlheng eno. Le fa ba itumelela go tsholwa sentle ke badumedimmogo le bone, ga ba nne “mokgweleo wa ditshenyegelo tse dintsi” mo go ope.—1 Bathes. 2:9.

16. Go disa letsomane ka “tlhagafalo” go kaya eng?

16 Bagolwane ba disa letsomane ka “tlhagafalo.” Tlhagafalo eno e bonala kafa ba intshang setlhabelo ka teng gore ba thuse letsomane. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore ba pateletsa letsomane go direla Jehofa; e bile bagolwane ba ba lorato ga ba kgothaletse ba bangwe go nna le moya wa go gaisana fa ba direla Modimo. (Bagal. 5:26) Bagolwane ba tlhaloganya gore dinku ga di tshwane. Ba tlhagafalela go thusa bakaulengwe ba bone go direla Jehofa ba itumetse.

E Seng ka go Rena mo Letsomaneng Mme e Nne ka go Nna Dikao mo go Lone

17, 18. (a) Ke eng fa ka dinako dingwe baaposetoloi ba ne ba thatafalelwa ke go tlhaloganya se Jesu a neng a ba ruta sone ka go nna boikokobetso? (b) Bakaulengwe ba ka iphitlhela ba le mo maemong afe a a tshwanang le a bone?

17 Fela jaaka re setse re tlotlile, bagolwane ba tshwanetse go nna ba gakologetswe gore letsomane le ba le disang ke la Modimo, e seng la bone. Ba kelotlhoko gore ba se ka ba “rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo.” (Bala 1 Petere 5:3.) Ka dinako dingwe baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba kgaratlhela maikarabelo ka maikaelelo a a sa siamang. Ba ne ba batla go nna le maemo a a kwa godimo fela jaaka batho ba ba neng ba busa ditšhaba.—Bala Mareko 10:42-45.

18 Go molemo gore bakaulengwe ba ba ‘kgaratlhelang tiro ya bolebedi’ ba itlhatlhobe gore ke ka ntlha yang fa ba e kgaratlhela. (1 Tim. 3:1) Bakaulengwe ba jaanong e leng bagolwane ba ka nna ba ipotsa ka boikanyegi gore a ba eletsa go nna le taolo kgotsa maemo fela jaaka baaposetoloi bangwe ba ne ba dira. Fa baaposetoloi ba ile ba nna le bothata mo ntlheng eno, go tla bo go le molemo gore bagolwane ba lemoge gore le bone ba tshwanetse go dira ka natla go tila moya wa lefatshe wa go rata go laola batho ba bangwe.

19. Bagolwane ba tshwanetse go gakologelwa eng fa ba tsaya kgato ya go sireletsa letsomane?

19 Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe bagolwane ba tshwanelwa ke go gagamatsa letsogo, jaaka fa ba tshwanelwa ke go sireletsa letsomane mo ‘diphiring tse di gatelelang.’ (Dit. 20:28-30) Paulo o ne a raya Tito a re a nne a ‘bue dilo tseno a bo a rotloetse e bile a kgalemele ka taolo e e feletseng.’ (Tit. 2:15) Mme le fa bagolwane ba tshwanelwa ke go tsaya kgato e e ntseng jalo, ba leka go tlotla batho ba ba ba thusang. Ba tlhaloganya gore, go na le go tshwayatshwaya motho diphoso ka bogale, gantsi go mo rotloetsa ka lorato go ka mo fitlhelela pelo le go mo tlhotlheletsa gore a dire se se siameng.

20. Bagolwane ba ka etsa Jesu jang ka go tlhoma sekao se se molemo?

20 Sekao se se molemo sa ga Keresete se tlhotlheletsa bagolwane gore ba rate letsomane. (Joh. 13:12-15) Re a itumela fa re bala kafa a ileng a ruta barutwa ba gagwe ka teng mo tirong ya go ruta le ya go dira barutwa. Tsela e a neng a bontsha boikokobetso ka yone e ne ya ama dipelo tsa barutwa ba gagwe ya ba tlhotlheletsa gore ba latele tsela ya go bontsha ‘mogopolo o o ikokobeditseng ba tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga bone.’ (Bafil. 2:3) Gompieno, bagolwane le bone ba tlhotlheletsega go latela sekao sa ga Jesu mme ka go dira jalo ba batla go nna “dikao mo letsomaneng.”

21. Bagolwane ba ka solofela go amogela tuelo efe?

21 Petere o ne a konela kgakololo e a e nayang banna ba bagolwane ka go ba bolelela ka tsholofetso ya isagwe. (Bala 1 Petere 5:4.) Bagolwane ba ba tloditsweng ba tla “amogela serwalo se se sa swabeng sa kgalalelo” ba na le Keresete kwa legodimong. Mme badisa ba e leng karolo ya “dinku tse dingwe” bone ba tla nna le tshiamelo ya go disa letsomane la Modimo mo lefatsheng ba le ka fa tlase ga taolo ya “modisa yo mogolo.” (Joh. 10:16) Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka ditsela tse ka tsone maloko a phuthego a ka emang nokeng banna ba ba tlhomilweng gore ba ba etelele pele.

Poeletso

• Ke eng fa go ne go tshwanela gore Petere a gakolole bagolwane mmogo le ene gore ba dise letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng?

• Bagolwane ba tshwanetse go disa jang ba ba lwalang semoyeng?

• Ke eng se se tlhotlheletsang bagolwane go disa letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Fela jaaka badisa ba bogologolo, bagolwane gompieno ba tshwanetse go sireletsa “dinku” tse ba di tlhokometseng