Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jo bo Nang le Bokao—Gone Jaanong le ka Bosakhutleng

Botshelo jo bo Nang le Bokao—Gone Jaanong le ka Bosakhutleng

Botshelo jo bo Nang le Bokao—Gone Jaanong le ka Bosakhutleng

O KA tshela botshelo jo bo nang le bokao jwa mmatota le e leng gone jaanong. Jang? Ka go latela melaometheo e e molemo e e mo Lefokong la Modimo, Baebele. Mma re tlhatlhobe e le mmalwa fela ya yone.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Ga go na sepe se se botoka fa e se gore [motho] a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.MORERI 2:24.

Re bopetswe gore re kgotsofalele tiro e re e dirang. Le e leng mo maemong a a boima thata, o ka itumelela go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang gone jaanong ka selekanyo se se rileng fa o dira ka natla le ka boikanyegi.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”DITIRO 20:35.

Batho ba le bantsi ba fitlhetse gore go direla ba bangwe dilo— ka sekai, go dirisa nako ya bone le maatla a bone go thusa ba bangwe ka dinako tsa mathata—go ile ga ba kgotsofatsa thata e bile go dirile gore matshelo a bone a nne le bokao go feta pele. Solomone o ne a kwala jaana: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.”—Diane 3:27.

Akanya ka sekai sa ga Ralph. Fa a sena go tlogela tiro, o ne a dira mmogo le mosadi wa gagwe mo bodireding jwa Bokeresete jwa nako e e tletseng. Mongwe le mongwe wa bone o fetsa diura di le dintsi mo bodireding kgwedi le kgwedi, a dira ka natla go ruta batho ba bangwe Baebele. Ralph a re: “Fa re fitlha kwa gae maitseboa, re a bo re sa lapa fela ka ntlha ya bogodi mme re a bo re lapisitswe ke go bo re dirisitse maatla a rona otlhe re direla Rraarona yo o kwa legodimong. E a bo e le letsapa le le siameng!” Ene le mosadi wa gagwe ba itumetse ka gonne selo se segolo se ba se dirang mo botshelong ke go aba.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”DIANE 17:17.

Mabogo dinku a a thebana. Rafilosofi wa Moesemane e bong Francis Bacon o ne a kwala gore batho ba ba se nang ditsala tsa mmatota ba ikutlwa e kete ba latlhegile mo lefatsheng. Go nna le ditsala tsa mmatota—le go nna tsala e e molemo—go ka go tlhofofaletsa dilo mo botshelong; botshelo bo ka nna monate e bile bo ka kgotsofatsa.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”MATHAIO 5:3.

Fano Jesu o ne a bontsha selo sa botlhokwa se o tshwanetseng go se dira fa o batla go ipelela go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo—go lemoga se o se “tlhokang semoyeng” o bo o se diragatsa. Go farologana le diphologolo, rona ka tlholego fela re tlhoka go tlhaloganya bokao jwa botshelo. Jehofa Modimo ke ene fela a ka re thusang go bo tlhaloganya, mme o dira jalo ka Lefoko la gagwe e leng Baebele. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Baebele e re senolela boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe. E re bolelela gore re tshelelang, gore ke ka ntlha yang fa go na le pogo e kanakana le gore Modimo o batla gore re dire eng. Gore re tshele botshelo jo bo nang le bokao le jo bo kgotsofatsang re tshwanetse go tlhaloganya dithuto tse di ntseng jalo tsa Dikwalo. Batho ba ba iphang nako ya go ithuta Baebele le go dirisa se ba se ithutang, ba itumetse. Ka ntlha yang? Ka gonne fa ba dira jalo ba ikanya Mmopi wa rona, “Modimo yo o itumetseng” e bong Jehofa.—1 Timotheo 1:11.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Gakologelwa Mmopi wa gago . . . pele ga nako ya mathata e tla le dingwaga di atamela tsa fa o tla bo o re: ‘Ga ke bone mosola mo go tsone.’”MORERI 12:1, THE NEW ENGLISH BIBLE.

Kgakololo e Kgosi Solomone a e nayang basha ba ba ka tswang ba sa lemoge gore botshelo bo ka nna le masetlapelo, e botlhokwa mo go rona rotlhe. Dira gore Mmopi wa gago a tle pele mo botshelong jwa gago. Seo ke sone se se tla dirang gore botshelo jwa gago bo nne le bokao jwa mmatota. Tila boikutlo jwa gore: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:32) Moreri 8:12 ya re fa o dira gore Modimo a tle pele mo botshelong jwa gago, dilo ‘di tla go tsamaela sentle.’

Mosetsana mongwe yo o bidiwang Wendi o ne a fitlhela mafoko ao a le boammaaruri. Fa a sa le monnye, ene le monnawe ba ne ba ithuta Se-Spain gore ba fudugele kwa Dominican Republic, kwa go neng go tlhokega batho ba ba ka rerang dikgang tse di molemo tsa Baebele gone. A re: “Re ne ra ithontsha dilo di le dintsi gore re kgone go direla kwa go nang le tlhokego gone, mme re ne ra nna le nako e e itumedisang. Ruri ga ke ikwatlhaele tiro e ke e dirileng mo dikgweding tseo tse thataro! Masego a re a boneng a feta kgakala dilo tse re neng ra di ithontsha.”

Go Ikanyega mo Modimong go Dira Gore Botshelo bo Nne le Bokao

Go nna le kamano e e molemo le Jehofa go ka dira gore botshelo jwa gago bo nne le bokao ka tsela e e tlhomologileng fela thata. Seo se ka direga jang? Satane ga a ka a dira fela gore Adame le Efa ba tsuologele bolaodi jwa Modimo, mme gape o ne a kaya gore ga go motho ope yo o neng a tla tswelela a ikanyega mo Modimong fa a lekwa. (Jobe 1:9-11; 2:4) O ka thusa go bontsha gore Satane ke moaki! O ka dira seo jang? Ka go nna o ikanyega mo Modimong, ka go ikobela melaometheo ya gagwe le ka go bontsha gore o lemoga gore Jehofa ke ene a nang le tshwanelo ya go re bolelela se se re siametseng le se se sa re siamelang.—Tshenolo 4:11.

Fa re batla go dira se se siameng, re ka nna ra tshwanelwa ke go itshokela dikgwetlho. A dikgwetlho tseo di tla dira gore re se ka ra tshela botshelo jo bo nang le bokao? Akanya ka mmaba yo o setlhogo yo o senyang tsala e re e ratang kgotsa mongwe wa lelapa leina. Fa go femela leina la motho yo re mo ratang go ne go ka dira gore mmaba wa rona a re bogise, a seo se ne se tla dira gore re se ka ra tshela botshelo jo bo nang le bokao? Nnyaa, le e seng! Re ne re tla itumelela go itshoka fa re bogisediwa go dira jalo. Go ntse jalo le ka go nna re ikanyega mo Modimong. Fa re ikanyega mo maemong a gompieno a a bosula, tota re a bo re ipedisa pelo ya Modimo.—Diane 27:11.

Botshelo jo bo Nang le Bokao ka Bosakhutleng

Dira sotlhe se o ka se kgonang go ithuta ka Modimo le boikaelelo jwa gagwe. Jesu Keresete ka boene o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Fa Modimo a diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka lefatshe, batho ba ba ikanyegang ba tla itumelela se Jehofa a neng a se ikaeletse ka bone go tswa kwa tshimologong—“botshelo jo bo sa khutleng” mo lefatsheng la paradaise. Ka nako eo, ruri botshelo bo tla nna le bokao e bile bo tla kgotsofatsa.—Pesalema 145:16.

O ka bona kae kitso e Jesu a neng a bua ka yone? Mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele. Fa o rata gore mongwe a go thuse go dira jalo, kwalela bagatisi ba makasine ono. Ba tla itumelela go dira dithulaganyo tsa gore mongwe a go thuse go ithuta se tota Baebele e se rutang.