Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

A Jehofa O na Le Maikutlo?

A Jehofa O na Le Maikutlo?

FA E le gore karabo ke ee, potso e nngwe e e ka bodiwang ke gore: A boitshwaro jwa rona bo ama tsela e Modimo a ikutlwang ka yone? Ke gore, a se re se dirang se ka itumedisa Modimo kgotsa sa mo utlwisa botlhoko? Bangwe ba baitsefilosofi ba bogologolo ba ne ba araba potso eno ka nnyaa. Ba ne ba re ga go na ope yo o ka tlhotlheletsang Modimo ka tsela nngwe gape ba re Modimo o tshwanetse a bo a se na maikutlo. Mme Baebele e re ruta se se farologaneng le seo, ya re Jehofa o na le maikutlo e bile o amega thata ka se re se dirang. Ela tlhoko mafoko a a mo go Pesalema 78:40, 41.

Pesalema 78 e anela ditiragalo tsa fa Modimo a ne a dirisana le Baiseraele ba bogologolo. Fa Jehofa a sena go golola setšhaba seo mo bokgobeng jwa kwa Egepeto, o ne a ba bolelela gore o batla go nna le kamano e e kgethegileng le bone. O ne a ba solofetsa gore fa ba ne ba ka nna ba ikobela melao ya gagwe, ba ne ba tla nna ‘thuo ya gagwe e e kgethegileng’ mme o ne a tla ba dirisa ka tsela e e tlhomologileng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Batho ba ne ba dumalana le seo mme ba tsena mo kgolaganong ya Molao. A ba ne ba dira se ba neng ba dumetse gore ba tla se dira?—Ekesodo 19:3-8.

Ga go na sepe se se tlhwatlhwakgolo se re ka se nayang Jehofa se se gaisang go tshela ka tsela e e ipedisang pelo ya gagwe

Mopesalema a re: “A bo ba ne ba mo tsuologela gantsi jang kwa nageng!” (Temana 40) Temana e e latelang ya re: “Gangwe le gape ba ne ba leka Modimo.” (Temana 41) Ela tlhoko gore fano mokwadi o tlhalosa gore ba ne ba na le mokgwa wa go tsuologa. Moya ono wa botsuolodi le go sa bontshe tlotlo o ne wa simologa bogologolo—kwa nageng moragonyana fela ga gore ba gololwe kwa Egepeto. Batho ba ne ba simolola go ngongoregela Modimo, ba belaela gore a o tla kgona go ba tlhokomela le gore a o iketleeleditse go dira jalo. (Dipalo 14:1-4) Buka nngwe e e tlhalosang mafoko ya baranodi ba Baebele ya re mafoko a a reng “ba ne ba mo tsuologela” a ka “ranolwa ka mafoko a mangwe go twe ‘ba ne ba thatafaletsa Modimo dipelo tsa bone’ kgotsa ‘ba ne ba raya Modimo ba re “Nnyaa.”’” Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gagwe, Jehofa o ne a itshwarela batho ba gagwe fa ba ne ba ikwatlhaya. Le fa go ntse jalo, ba ne ba boela kwa ditseleng tsa bone tsa pele mme ba tsuologa gape, ba nna ba tswelela ka mokgwa wa bone wa go tsuologa.—Pesalema 78:10-19, 38.

Jehofa o ne a ikutlwa jang nako le nako fa batho ba gagwe ba ne ba nna ba tsuologa? Temana 40 ya re “ba ne ba mo utlwisa botlhoko.” Thanolo e nngwe ya re ba ne ba “dira gore a hutsafale.” Buka nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re: “Bokao jwa mafoko ano ke gore tsela e Bahebera ba neng ba itshwara ka yone e ne e utlwisa botlhoko—fela jaaka boitshwaro jwa ngwana yo o sa utlweng e bile a tsuologa bo utlwisa botlhoko.” Fela jaaka ngwana wa seganana a ka utlwisa batsadi ba gagwe botlhoko thata, Baiseraele ba batsuolodi ba ne ba “utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko.”—Temana 41.

Re ka ithuta eng mo pesalemeng eno? Go a kgothatsa go bona gore Jehofa o atamalane thata le baobamedi ba gagwe e bile ga a itlhaganelele go ba tlhoboga. Mme gone ke kgang e e masisi go itse gore Jehofa o na le maikutlo le gore tsela e re itshwarang ka yone e ka ama kafa a ikutlwang ka gone. Go itse seo go go ama jang? A go go tlhotlheletsa gore o batle go dira se se siameng?

Go na le go tswelela re dira se se sa siamang re bo re utlwisa pelo ya ga Jehofa botlhoko, re ka tlhopha go dira se se siameng re bo re ipedisa pelo ya gagwe. Tota e bile, seo ke sone se a se kopang mo baobameding ba gagwe: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me.” (Diane 27:11) Ga go na sepe se se tlhwatlhwakgolo se re ka se nayang Jehofa se se gaisang go tshela ka tsela e e ipedisang pelo ya gagwe.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka July: