Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE KA ntlha yang fa mosadi yo o mo dingwageng tsa bo60 a ne a tlogela go obamela medingwana? Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa moruti wa bodumedi jwa Bo-Shinto gore a tlogele go direla kwa lefelong le le tsewang le le boitshepo la kobamelo mme a nne modiredi wa Mokeresete? Mosadi yo o neng a godisiwa ke banyalani ba e seng batsadi ba gagwe go tloga a sa le monnye o ne a kgona jang go fenya go ikutlwa a latlhilwe? Ela tlhoko se batho bano ba se buang.

Ga ke Tlhole ke le Motlhanka wa Medingwana.”—ABA DANSOU

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1938

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: BENIN

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOOBAMEDI WA MEDINGWANA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa So-Tchahoué, motse o o mo lefelong le le nnang le na le metsi le loraga gaufi le lekadiba. Banni ba motse ono ba tshwara ditlhapi, e bile ba ruile dikgomo, dinku, dikolobe le dinonyane. Ga go na ditsela mo lefelong leno, ka jalo batho ba dirisa mekoro fa ba batla go ya felo gongwe. Gantsi batho ba koo ba aga matlo ka dikgong le bojang, le fa bangwe ba bone ba aga ka ditene. Bontsi jwa bone ba humanegile. Le fa go ntse jalo, ga go na bokebekwa jo bontsi jaaka kwa ditoropong.

Fa ke ne ke sa le ngwana, Rre o ne a isa nna le nkgonne kwa lefelong la baitlami la kobamelo ya medingwana kwa re neng ra rutiwa tumelo eo ya setso gone. Fa ke gola ke ne ka obamela Dudua (Oduduwa) modimo wa setso sa Ba-Yoruba. Ke ne ka agela modimo ono ntlo mme ka metlha ka mo isetsa ditlhabelo tsa di-yam, leokwane la mokolane, dikgopa, dikoko, maphoi le diphologolo tse dingwe. Ditlhabelo tseno di ne di ja madi a mantsi mme gantsi ke ne ke dirisa mo e ka nnang madi otlhe a ke neng ke na le one.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ka ithuta gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri. Gape ke ne ka ithuta gore ga a amogele go dirisiwa ga medingwana mo kobamelong. (Ekesodo 20:4, 5; 1 Bakorintha 10:14) Ke ne ka lemoga se ke tshwanetseng go se dira. Ka jalo ke ne ka latlha ditshwantsho tsa me tsotlhe mme ka ntsha dilo tsotlhe tse di amanang le kobamelo ya medingwana mo ntlong ya me. Ke ne ka kgaotsa go ya kwa bathong ba ba bonelang isagwe pele, mme ka se tlhole ke dira meetlo ya phitlho le meetlo e mengwe ya mo lefelong leno.

Go ne go se motlhofo mo go nna—mosadi yo o mo dingwageng tsa bo60—go dira diphetogo tseno. Ditsala tsa me, ba losika le baagelani ba ne ba nkganetsa e bile ba sotla ka nna. Mme ke ne ka rapela Jehofa gore a nnonotshe gore ke dire se se siameng. Ke ne ka gomodiwa ke mafoko a Diane 18:10, a a reng: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.”

Selo se sengwe se se nthusitseng ke go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Fa ke le koo, ke ne ka bontshiwa lorato lwa Bokeresete mme seo se ne sa nkgatlha ka gonne batho bano ba leka go tshela ka melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo e e mo Baebeleng. Se ke neng ka se bona se ne sa ntlhatswa pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba mo bodumeding jwa boammaaruri.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Go dirisa melaometheo ya Baebele go nthusitse go tokafatsa kamano ya me le bongwanake. Gape ke ikutlwa ke imologile. Nkile ka bo ke senya madi mo medingwaneng e e sa tsheleng e e neng e sa nthuse ka sepe. Jaanong ke obamela Jehofa, yo o re nayang tharabololo ya leruri ya mathata otlhe a rona. (Tshenolo 21:3, 4) Ke itumelela gore ga ke tlhole ke le motlhanka wa medingwana, mme ke motlhanka wa ga Jehofa! Ke bone tshireletsego ya mmatota mo go ene.

“Ga ke Bolo go Batla Modimo go Tloga Ke sa Le Ngwana.”—SHINJI SATO

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1951

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: JAPANE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MORUTI WA BODUMEDI JWA BO-SHINTO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa torotswaneng e e kwa magaeng mo Kgaolong ya Fukuoka. Batsadi ba me ba ne ba rata bodumedi thata; ba ne ba nthuta go tloga ke sa le monnye gore ke tlotle medimo ya Bo-Shinto. Fa ke sa le mosimanyana, gantsi ke ne ke akanya kafa nka bolokwang ka gone e bile ke ne ke eletsa thata go thusa batho ba ba mo mathateng. Ke gakologelwa nako nngwe ke le kwa sekolong se se potlana morutabana a re botsa gore re batla go dira eng fa re gola. Bana ba ke neng ke le mo tlelaseng e le nngwe le bone ba ne ba na le mekgele e e tlhomameng, e e jaaka go nna baitsesaense. Nna ke ne ka re mokgele wa me ke go direla Modimo. Botlhe ba ne ba ntshega.

Fa ke sena go fetsa kwa sekolong se segolwane, ke ne ka ya kwa sekolong sa boruti. Fa ke ntse ke le kwa sekolong seo, ke ne ka kopana le moruti wa bodumedi jwa Bo-Shinto yo e neng e re fa a itapolositse a bo a bala buka ya khabara e ntsho. Letsatsi lengwe o ne a mpotsa jaana, “Sato, a o itse buka eno?” Ke ne ke bone khabara ya buka eno ka jalo ke ne ka re, “Ke Baebele.” O ne a re, “Mongwe le mongwe yo o batlang go nna moruti wa bodumedi jwa Bo-Shinto o tshwanetse go bala buka eno.”

Ke ne ka ya go reka Baebele ka yone nako eo. Ke ne ka e baya kwa godimo mo shelofong ya me ya dibuka mme ka e tlhokomela. Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka ipha nako ya go e bala ka gonne ke ne ke nna ke tshwaregile ka tiro ya sekolo. Fa ke fetsa sekolo ke ne ka nna moruti wa bodumedi jwa Bo-Shinto kwa lefelong le le tsewang le le boitshepo la kobamelo. Mokgele o ke neng ke ipeetse one go tloga ke sa le ngwana o ne o diragetse.

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore go nna moruti wa Bo-Shinto go ne go sa nna jaaka ke ne ke solofetse. Bontsi jwa baruti ba ne ba sa bontshe lorato go le kalo e bile ba ne ba sa amege ka batho ba bangwe. Gape ba le bantsi ba ne ba se na tumelo. Mongwe wa baruti ba ba neng ba na le maemo a a fetang a me o ne a ba a nthaya a re: “Fa o batla go atlega fano, o tshwanetse go bua fela ka dikgang tsa filosofi. Go bua ka dilo tse di amanang le go nna le tumelo ga go a letlelelwa.”

Mafoko ao a ne a dira gore ke tlhoboge bodumedi jwa Bo-Shinto. Le fa ke ne ka tswelela ke bereka kwa lefelong le le tsewang le le boitshepo la kobamelo, ke ne ka simolola go tlhatlhoba madumedi a mangwe. Le fa go ntse jalo, ga go na bope jwa madumedi ao jo bo neng bo lebega bo le botoka. Fa ke ntse ke tlhatlhoba madumedi a mangwe, ke ne ka kgobega marapo le go feta. Ke ne ka swetsa ka gore ga go na bodumedi bope jo bo nang le boammaaruri.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Ka 1988 ke ne ka kopana le Mobuda mongwe yo o neng a nkgothaletsa go bala Baebele. Ke ne ka gopola moruti wa bodumedi jwa Bo-Shinto yo le ene a neng a nkgothaletsa gore ke bale Baebele dingwaga pelenyana ga moo. Ke ne ka swetsa ka gore ke dirise kgakololo eo. Fela fa ke sena go simolola go bala Baebele, go ne ga nna thata go kgaogana le yone. Ka dinako tse dingwe ke ne ke e bala bosigo jotlhe go fitlha mo mosong fa marang a letsatsi a tsena ka fensetere.

Se ke neng ka se bala se ne sa ntlhotlheletsa gore ke batle go rapela Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Ke ne ka simolola ka thapelo ya sekao e e mo go Mathaio 6:9-13. Ke ne ke boeletsa thapelo eno morago ga diura dingwe le dingwe di le pedi—tota le fa ke ntse ke dira kwa lefelong le le tsewang le le boitshepo la bodumedi jwa Bo-Shinto.

Ke ne ke na le dipotso tse dintsi malebana le se ke neng ke se bala. Ka nako eo ke ne ke setse ke nyetse e bile ke itse gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho ka Baebele ka gonne ba ne ba kile ba etela mosadi wa me mo nakong e e fetileng. Ke ne ka batla mongwe wa Basupi mme ka mmotsa dipotso tse dintsi. Ke ne ka kgatlhiwa ke gore o ne a araba potso nngwe le nngwe a dirisa Baebele. O ne a rulaganya gore Basupi ba bangwe ba tle go ithuta Baebele le nna.

Moragonyana fela ga moo, ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka nako eo ke ne ke sa lemoge gore bangwe ba bone e ne e le ba ke neng ke ba bifetse mo nakong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ntumedisa ka lorato ba bo ba dira gore ke ikutlwe ke amogelesegile.

Kwa dipokanong tseo, ke ne ka ithuta gore Modimo o lebeletse gore banna ba rate ba malapa a bone le go ba tlotla. Ka nako eo, ke ne ke tlhomile mogopolo thata mo tirong ya me ya boruti mo ke neng ke tlhokomologile mosadi wa me le bongwanake ba babedi. Ke ne ka simolola go lemoga gore ke ne ke tlhola ke reetsa ka tlhoafalo se batho ba ba neng ba tla go obamela kwa lefelong le le tsewang le le boitshepo la kobamelo ba neng ba se bua mme le ka motlha ke ne ke sa reetse se mosadi wa me a neng a batla go mpolelela sone.

Fa ke ntse ke ithuta, ke ne ka lemoga dilo di le dintsi ka Jehofa tse di neng tsa dira gore ke atamalane le ene. Ke ne ka amiwa thata ke ditemana tse di jaaka Baroma 10:13, e e reng: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” Ke ne ke sa bolo go batla Modimo go tloga ke sa le monnye mme jaanong ke ne ke mmone!

Jaanong ke ne ke sa tlhole ke ikutlwa ke tshwanelega go nna kwa lefelong le le tsewang le le boitshepo la kobamelo. Kwa tshimologong ke ne ke tshwenyegile ka gore batho ba tla reng fa ke tlogela bodumedi jwa Bo-Shinto. Mme gone ke ne ke ntse ke ipoleletse gore ke tla bo tlogela fa nka bona Modimo wa boammaaruri go sele. Ka jalo, ka letlhabula la 1989, ke ne ka dira se segakolodi sa me se neng se ntlhotlheletsa go se dira. Ke ne ka tlogela lefelo le le tsewang le le boitshepo la kobamelo mme ka ikanya Jehofa.

Go ne go se motlhofo go tswa mo lefelong le le tsewang le le boitshepo la kobamelo. Baruti ba ba neng ba na le maemo a a fetang a me ba ne ba nkgala ba bo ba leka go nkgatelela gore ke se ka ka tsamaya. Mme selo se se neng se le thata le go feta e ne e le go bolelela batsadi ba me ka tshwetso e ke e dirileng. Fa ke le mo tseleng ke ya kwa ntlong ya bone, ke ne ke tshogile thata mo mafatlha a me a neng a le botlhoko le mangole a me a kgwetlha! Ke ne ka ema ka makgetlo a le mmalwa mo tseleng ke rapela Jehofa gore a nnonotshe.

Fa ke goroga kwa ntlong ya batsadi ba me, kwa tshimologong ke ne ke tshogile thata ke tshaba go ba bolelela. Diura di ne tsa feta ke sa ba bolelele. Kgabagare fa ke sena go rapela thata, ke ne ka bolelela Rre sengwe le sengwe. Ke ne ka mmolela gore ke bone Modimo wa boammaaruri le gore ke tlogela bodumedi jwa Bo-Shinto gore ke mo direle. Rre o ne a gamaregile e bile a utlwile botlhoko. Bangwe ba losika ba ne ba tla mo lapeng mme ba leka go dira gore ke fetole tshwetso e ke neng ke e dirile. Ke ne ke sa batle go utlwisa ba lelapa la gaetsho botlhoko mme gape ke ne ke itse gore ke tshwanetse go direla Jehofa. Fa nako e ntse e ya ba lelapa la gaetsho ba ne ba ntlotla ka ntlha ya tshwetso e ke neng ke e dirile.

Tota le fa ke ne ke sa tlhole ke ya kwa lefelong le le tsewang le le boitshepo la kobamelo, ke ne ke tshwanetse go fetola tsela e ke le lebang ka yone. Ke ne ke setse ke tlwaetse botshelo jwa go nna moruti thata. Ke ne ka leka ka natla go bo lebala, mme nako le nako go ne go lebega go na le dilo tse di nkgopotsang tsela e ke neng ke tshela ka yone pele.

Go na le dilo di le pedi tse di nthusitseng gore ke se ka ka tlhotlhelediwa ke dilo tseo. Sa ntlha, ke ne ka phuruphutsa ntlo ya me ke batla sepe fela sa dilo tse di neng di amana le bodumedi jwa me jwa pele. Go tswa foo, ke ne ka di fisa tsotlhe—dibuka, ditshwantsho, tota le dilwana tse di amanang le bodumedi tse di jeleng madi a mantsi. Sa bobedi, ke ne ka leka go kopanela le Basupi gantsi kafa go ka kgonegang ka gone. Ke ne ka thusiwa thata ke botsalano jwa bone le kafa ba neng ba nkema nokeng ka teng. Ka bonya ka bonya, ke ne ka lebala tsela e ke neng ke tshela ka yone pele.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Nkile ka bo ke tlhokomologa mosadi wa me le bongwanake, mme seo se ne se dira gore ke jewe ke bodutu thata. Mme fa ke ne ke simolola go ipha nako le bone jaaka Baebele e ruta banna gore ba dire, re ne ra atamalana thata. Fa nako e ntse e tsamaya, mosadi wa me o ne a direla Jehofa mmogo le nna. Jaanong re mmogo mo kobamelong ya boammaaruri le morwaarona, morwadiarona le monna wa gagwe.

Fa ke akanya ka mokgele o ke neng ke ipeetse one go tloga ke sale monnye wa go direla Modimo le go thusa batho ba bangwe, ke lemoga gore ke bone sengwe le sengwe se ke neng ke se batla—le se se fetang seo. Ga ke kgone go tlhalosa ka botlalo kafa ke lebogang Jehofa ka gone.

“Ke ne Ke Itse Gore Go na Le Sengwe se se Tlhaelang.”—LYNETTE HOUGHTING

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1958

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AFRIKA BORWA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A IKUTLWA E KETE O LATLHILWE

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa Germiston, torotswana e e sa humang thata e e nang le moepo mme e se na bokebekwa jo bontsi. E re ka batsadi ba me ba ne ba akanya gore ba ka se kgone go ntlhokomela, ba ne ba swetsa ka gore ba nneye batho ba bangwe kafa molaong gore ba nkgodise. Fa ke sa le losea lwa malatsi a le 14, ke ne ka tsewa ke banyalani bangwe ba ba lorato ba ke neng ka ba tsaya e le Rre le Mmè. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go itse kwa ke tswang teng ke ne ka ikutlwa ke latlhilwe. Ke ne ka simolola go tsaya gore tota ga ke ngwana wa batsadi ba me ba ba nkgodisang le gore ga ba ntlhaloganye.

Fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ka simolola go ya kwa dibareng, kwa nna le ditsala tsa me re neng re bina le go reetsa mmino o o neng o tshamekiwa ka nako eo. Fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka simolola go goga disekerete. Ke ne ke batla go nna mosesane jaaka bommotlelara ba ke neng ke ba bona mo dipapatsong tsa motsoko. Fa ke na le dingwaga di le 19, ke ne ka simolola go bereka kwa Gauteng, mme go ise go ye kae ka itsalanya le batho ba ba sa siamang. Kgabagare ke ne ke bua puo e e leswe, ke goga thata e bile ke nwa thata ka mafelobeke.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke le matlhagatlhaga. Ke ne ke ikatisa ka go dira diaerobiki ka metlha, ke tshameka kgwele ya dinao ya basadi le metshameko e mengwe. Gape ke ne ke dira ka natla mo tirong ya me mme ka itsege ke na le bokgoni mo go tsa dikhomputara. Seno se ne sa dira gore ke nne le madi mme batho ba le bantsi ba ne ba tsaya gore ke atlegile. Le fa go ntse jalo, tota ke ne ke sa itumela le e seng—botshelo jwa me bo ne bo sa tsamaye kafa ke neng ke batla ka teng e bile ke ne ke sa itse se ke se tshelelang. Ke ne ke itse gore go na le sengwe se se tlhaelang.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Fa ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore Jehofa ke Modimo yo o lorato. Gape ke ne ka ithuta gore o re bontshitse lorato loo ka go re naya Lefoko la gagwe e leng Baebele. Go ntse jaaka e kete o re kwaletse lekwalo go kaela dikgato tsa rona. (Isaia 48:17, 18) Ke ne ka lemoga gore fa ke batla go solegelwa molemo ke kaelo ya ga Jehofa e e lorato, ke ne ke tla tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong.

Phetogo nngwe e ke neng ke tshwanetse go e dira e ne e le malebana le batho ba ke neng ke itsalanya le bone. Ke ne ka tsaya tsia mafoko a a mo go Diane 13:20 a a reng: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” Molaomotheo oo o ne wa ntlhotlheletsa gore ke tlogele ditsala tsa me tsa bogologolo mme ke dire tse disha tsa Basupi ba ga Jehofa.

Kgwetlho e kgolo e ke neng ka lebana le yone e ne e le go tlogela go goga; motsoko o ne o ntshwakgotse thata. Fa ke ntse ke fenya bothata joo, ke ne ka lebana le kgwetlho e nngwe. Go tlogela sekerete go ne ga dira gore ke oketsege bokete jwa mmele ka dikilogerama di feta 13! Seo se ne sa dira gore ke inyatse mme go ne ga ntsaya dingwaga di ka nna lesome gore ke fokotse mmele oo. Mme gone ke ne ke itse gore ke tshwanetse go tlogela go goga. Ke ne ka rapela Jehofa ke sa kgaotse mme o ne a nnaya maatla a gore ke kgone go o tlogela.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Gone jaanong ke na le botsogo jo bo molemo. Gape ke kgotsofetse—ga ke tlhole ke lelekisa boitumelo jo go lebegang bo ka tlisiwa ke go nna le tiro, maemo le dikhumo. Go na le moo, ke itumelela go bolelela batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. Seno se feletse ka gore batho ba le bararo ba ke neng ke bereka le bone ba direle Jehofa mmogo le nna le monna wa me. Pele batsadi ba me ba ba nkgodisitseng ba tlhokafala, ke ne ka ba bolelela ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya gore batho ba tla tsosediwa mo lefatsheng la paradaise.

Go atamalana le Jehofa go nthusitse go fenya boikutlo jwa gore ke latlhilwe. O dirile gore ke ikutlwe ke na le ba gaetsho ka go ntlisa mo lelapeng la badumedi ka nna ba ba mo lefatsheng lotlhe. Mo go lone go na le batho ba le bantsi ba e leng bommè, borre, bomorwarre le bomorwadiarre.—Mareko 10:29, 30.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Basupi ba ga Jehofa ba mpontshitse lorato lwa Bokeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Lefelo la kobamelo la Bo-Shinto le nkileng ka bo ke obamela kwa go lone