Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo o Dirileng Melao e e Laolang Lobopo?

Ke Mang yo o Dirileng Melao e e Laolang Lobopo?

Ke Mang yo o Dirileng Melao e e Laolang Lobopo?

“A O TLHALOGANTSE melao ya magodimo?” (Jobe 38:33, The New Jerusalem Bible) Fa Modimo a ne a botsa Jobe potso eo, o ne a thusa motlhanka wa Gagwe yo o neng a tshwenyegile go lemoga kafa batho ba itseng go le gonnye ka teng fa ba bapisiwa le Mmopi wa bone yo o nang le botlhale jo bo ka se lekanngweng le bope. O akanyang ka pharologanyo eo?

Batho ba ithutile go le gontsi ka melao e e laolang lobopo, mme bontsi jwa baitsesaense ba tla dumalana le gore go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse re tshwanetseng go di ithuta. Gangwe le gape fa go ribololwa dilo tse disha, di dira gore baitsesaense ba akanye bosha ka dithuto tsa bone malebana le kafa lobopo lo dirang ka teng. A dilo tse disha tse batho ba di ribolotseng di dirile gore potso e Modimo a neng a e botsa Jobe e felelwe ke bokao? A kgotsa kgatelopele eno tota e neela bosupi jwa gore Jehofa ke ene Modiri wa melao ya magodimo?

Baebele e na le mafoko a a itumedisang a a re thusang go araba dipotso tse di ntseng jalo. Gone ke boammaaruri gore Baebele ga e ipolele gore ke buka ya saense. Le fa go ntse jalo, fa e bua sengwe ka lobopo, e bua dilo tse di boammaaruri tota tse gantsi di ileng tsa lemogiwa dingwaga di le dintsintsi yone e sa bolo go di bua.

Kafa go Neng go Tlhalosiwa Dilo ka Teng Bogologolo

Gore re bone ditlhaloso tse dingwe, a re lebeng kwa lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo fa go sena go wediwa Tesetamente e Kgologolo—karolo ya Baebele e e neng e kwadilwe ka Sehebera. Ka nako eo, rafilosofi wa Mogerika e bong Aristotle o ne a ruta bakanoki ba ba itsegeng ba motlha wa gagwe ka lobopo. Le gompieno o sa ntse a tsewa e le rasaense yo o nnileng le tlhotlheletso e kgolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. (Bona  lebokose le le mo go tsebe 25.) Go ya ka Encyclopædia Britannica, “Aristotle e ne e le ene rasaense wa ntlha wa mmatota mo hisitoring. . . . Moitsesaense mongwe le mongwe o tshwanetse go anaanela se a se fitlheletseng.”

Aristotle o ne a dira setshwantsho ka kelotlhoko sa kafa lobopo lo ntseng ka teng. O ne a akantsha gore lefatshe le fa gare ga lobopo lo lo dirilweng ka dikgolokwe tse di tsabakelang di feta 50, nngwe le nngwe e ikgarile mo teng ga e nngwe. Dinaledi di ne di le mo kgolokweng e e kafa ntlentle, dipolanete tsone di le mo dikgolokweng tse di leng gaufi thata le lefatshe. Sengwe le sengwe se se ka kwa ntle ga lefatshe se ne se nnetse ruri, se sa fetoge. Gompieno re ka utlwa dikgopolo tseo e kete ke ditlhamane fela, mme di ne tsa tlhotlheletsa baitsesaense ka lobaka lwa dingwaga di ka nna 2 000.

Mme gone, a dithuto tsa ga Aristotle di tshwana le tse di mo Baebeleng? Ke dithuto dife tse di itshupileng di le boammaaruri? A re sekasekeng dipotso di le tharo tse di malebana le melao e e laolang lobopo. Dikarabo tsa dipotso tseo di tla re thusa go nonotsha tumelo ya rona mo Mokwading wa Baebele, yo e leng ene Motlhomamolao wa “melao ya magodimo.”—Jobe 38:33.

1. A Lobopo ga lo Fetofetoge?

Aristotle o ne a re dikgolokwe tsa legodimo ga di fetofetoge. E e tshwereng dinaledi, fela jaaka tse dingwe, e ka se gonyele e bile e ka se tsharologe.

A Baebele le yone e tlhalosa dilo jalo? Nnyaa; ga e bue sepe e gatelela mo kgannyeng eno. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko tlhaloso eno ya yone e e kgatlhang: “Go na le Yo o nnang kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe, e ba ba nnang mo go yone ba ntseng jaaka ditsiakgope, Yo o phuthololang magodimo fela jaaka letsela le le letsatsa, yo o a tsharololang jaaka mogope o go nniwang mo go one.”—Isaia 40:22. *

Ke efe e e utlwalang thata gompieno—setshwantsho sa ga Aristotle kgotsa tlhaloso ya Baebele? Thutalobopo ya gompieno e tlhalosa lobopo jang? Ka lekgolo la bo20 la dingwaga baithutadinaledi ba ne ba gakgamalela go lemoga gore lobopo lo a tsharologa. E bile tota go lebega masagaripa a dinaledi a ntse a katologana ka bofefo. Ke baitsesaense ba se kae fa e le gore ba teng, ba ba kileng ba akanya gore lobopo lo ka tsharologa ka tsela eno. Gompieno baithutalobopo ba le bantsi ba dumela gore lobopo lo simolotse lo kgotlhagane mme lo ntse lo tsharologa fa e sa le ka nako eo. Ka mafoko a mangwe, saense e dirile gore setshwantsho sa ga Aristotle se se ka sa nna boammaaruri.

Mme go tweng ka mafoko a Baebele? Go motlhofo go akanya ka monna yo o jaaka moporofeti Isaia a lebeletse kwa legodimong le le tletseng dinaledi a bo a bona le tshwana fela le letsela la mogope le phutholotswe. * Gongwe e bile a ka tswa a ile a bona losagaripa lwa Molala wa Tladi lo tshwana le “letsela le le letsatsa.”

Mo godimo ga moo, mafoko a ga Isaia a dira gore re bone dilo ka leitlho la mogopolo. Re ka nna ra akanya ka mogope wa metlha ya ditiragalo tsa Baebele; gongwe re akanya ka mophuthelwana wa letsela le le thata le phuthololwa le bo le tsharololwa mo godimo ga dikota e bo e nna mogope. Gape re ka nna ra akanya morekisi a tshotse mophuthelwana wa letsela le le letsatsa a bo a le tsharolola gore moreki a le tlhatlhobe. Mo maemong ano a mabedi, go tsharololwa sengwe se se kompa re bo re se bona se le segolo.

Gone ga re re fa Baebele e dirisa setshwantsho sa mogope le letsela le le letsatsa e a bo e tlhalosa go tsharologa ga lobopo. Mme le fa go ntse jalo, a ga go gakgamatse go bo Baebele e tlhalosa lobopo ka tsela e e tshwanang sentle le ya saense ya gompieno? Isaia o tshedile dingwaga di feta makgolo a mararo pele ga motlha wa ga Aristotle le diketekete tsa dingwaga pele ga saense e naya bosupi mo kgannyeng eno. Le fa go ntse jalo, tlhaloso e e kwadilweng ke moporofeti yono yo o ikanyegang wa Mohebera ga e tlhoke go fetolwa jaaka setshwantsho se se dirilweng ka bothakga ke Aristotle se tlhoka go fetolwa.

2. Ke Eng se se Dirang Gore Dipolanete di Nne Di le Mo Maemong a Tsone?

Aristotle o ne a tsaya gore lobopo lo tletse thi! O ne a dumela gore lefatshe le atemosefere ya lone le dirilwe ka dielemente di le nnè—lefatshe, metsi, moya le molelo. Karolo e nngwe ya lobopo e ne e dirilwe ka dikgolokwe tse di tsabakelang, tsotlhe di dirilwe ka sengwe se se nnelang ruri se a neng a se bitsa ether. Dipolanete di ne di golagane le dikgolokwe tse di sa bonaleng. Go ne ga tsaya lobaka lo loleele borasaense ba le bantsi ba dumalana le kgopolo ya ga Aristotle, ka gonne e ne e lebega e tsamaisana le tumelo e e tlwaelegileng: Selo se tshwanetse go ikaega kgotsa sa golagana le se sengwe, e seng jalo se tla wa.

Go tweng ka Baebele? E na le pego ya mafoko a monna yo o ikanyegang e bong Jobe, yo o neng a bua jaana ka ga Jehofa: “O lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe.” (Jobe 26:7) Ruri Aristotle o ne a ka tsaya gore mafoko ao ga a na tlhaloganyo.

Mo lekgolong la bo17 la dingwaga C.E., dingwaga di ka nna 3 000 morago ga motlha wa ga Jobe, kgopolo e e neng e aname ya saense e ne e le gore lobopo ga lo a tlala ka dikgolokwe tse di tsabakelang mme lo tletse ka seedi sa mofuta mongwe. Le fa go ntse jalo, moragonyana mo lekgolong leo la dingwaga, mankge wa fisikisi e bong Sir Isaac Newton o ne a tla ka kgopolo e nngwe e e farologaneng gotlhelele. O ne a re dipolanete di golaganngwa ke maatlakgogedi. Newton o ne a le gaufi le go tlhaloganya gore lefatshe le dipolanete tse dingwe tota di lepeletse fela, mo batho ba ka reng ke “mo go se nang sepe.”

Kgopolo ya ga Newton e e kaga maatlakgogedi e ne ya ganediwa thata. Go ne go sa ntse go le thata gore batho ba ba ratang saense ba lemoge gore dinaledi le dipolanete tse dingwe di ne di sa tshwarwa ke sengwe se se thata. Lefatshe la rona le legolo jaana kgotsa dipolanete tse dingwe di ka lepelela jang mo go se nang sepe? Bangwe ba ne ba tsaya kgopolo eo e le go dumela mo maatleng a a fetang a tlholego. Fa e sa le mo motlheng wa ga Aristotle, bontsi jwa baitsesaense ba ne ba dumela gore lefaufau le tshwanetse la bo le tletse ka sengwe.

Gone ke boammaaruri gore Jobe o ne a sa itse sepe ka maatla a a sa bonaleng a a tshwereng lefatshe fa le ntse le dikologa letsatsi. Mme ke eng se se dirileng gore a re lefatshe le lepeletse “mo go se nang sepe”?

Mo godimo ga moo, kgang ya gore lefatshe ga le a tshwarwa ke sepe e tsosa potso e nngwe gape: Ke eng se se thusang gore lone le dipolanete tse dingwe di nne di ntse di dikologa? Ela tlhoko mafoko a a kgatlhang a Modimo a kileng a a raya Jobe: “A o ka bofa dikgole tsa lesomo la dinaledi la Khima thata, kgotsa a o ka bofolola megala ya lesomo la dinaledi la Kesile?” (Jobe 38:31) Maitseboa mangwe le mangwe a botshelo jwa gagwe, Jobe o ne a bona e kete dinaledi tseo tse a di tlwaetseng di a tlhaba di bo di phirima. * Mme ke ka ntlha yang fa di ne di nna di lebega ka tsela e e tshwanang, ngwaga le ngwaga, tota le fa go ntse go feta masomesome a dingwaga? Ke eng se se neng se dira gore dinaledi tseo le dipolanete tse dingwe tsotlhe di nne di le mo maemong a tsone? Ruri go akanya ka kgang eo go ne go akabatsa Jobe.

Fa dinaledi di ka bo di kgomaretse fela mo dikgolokweng tsa magodimo, go ka bo go sa tlhokege gore go nne le sepe se se di golaganyang. E ne ya nna fela morago ga diketekete tsa dingwaga fa baitsesaense ba ne ba ithuta mo go oketsegileng ka “dikgole” kgotsa “megala” e e sa bonaleng e e golagantseng dipolanete fa di ntse di tsamaya ka bonya mo lefaufaung le le lefifi. Isaac Newton mme moragonyana Albert Einstein ba ne ba tuma thata ka ntlha ya dilo tse ba di ribolotseng ka kgang eno. Gone ke boammaaruri gore Jobe o ne a sa itse sepe ka maatla a Modimo a a dirisang go golaganya dipolanete mmogo. Le fa go ntse jalo mafoko a a tlhotlheleditsweng a a mo bukeng ya Jobe a ile a itshupa a le boammaaruri morago ga diketekete tsa dingwaga go feta dikgopolo tsa ga Aristotle yo o rutegileng. Ke mang yo o neng a ka nna le kitso e e ntseng jalo fa e se Modiramelao fela?

3. A di Nnetse Ruri Kgotsa di ka Senyega?

Aristotle o ne a dumela gore go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga magodimo le lefatshe. O ne a re lefatshe le ka fetoga, le ka senyega mme ether e magodimo a a tletseng dinaledi a dirilweng ka yone, yone e ka se fetoge, e nnetse ruri. Dikgolokwe tse Aristotle a neng a re di a tsabakela mme dipolanete tsa legodimo di ngaparetse mo go tsone di ne di ka se fetoge, tsa onala kgotsa tsa swa.

A ke sone se Baebele e se rutang? Pesalema 102:25-27 ya re: “O ne wa thaya metheo ya lefatshe ka bolone bogologolo, mme magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. Tsone ka botsone di tla nyelela, mme wena ka bowena o tla nna o eme; mme di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo. O tla di emisetsa fela jaaka diaparo, mme di tla fetsa lobaka lwa tsone. Mme wena o ntse o tshwana fela, le dingwaga tsa gago ga di kitla di wediwa.”

Ela tlhoko gore mopesalema yono, yo a ka tswang a kwadile makgolo a mabedi a dingwaga pele ga motlha wa ga Aristotle, ga a dire pharologanyo fa gare ga lefatshe le magodimo a a tletseng dinaledi, jaaka e kete lefatshe lone le ka senyega mme dinaledi di nnetse ruri. Go na le moo, o dira pharologanyo fa gare ga legodimo mmogo le lefatshe a di farologanya le Modimo, Setshedi sa Moya se se maatla se se kaetseng go bopiwa ga tsone. * Pesalema eno e bontsha gore dinaledi di ka senyega fela jaaka sengwe le sengwe se se mo lefatsheng. Mme saense ya gompieno e lemogile eng?

Saense ya go ithuta ka maje e dumalana le Baebele mmogo le Aristotle fa e re lefatshe le ka senyega. E bile tota, maje a lefatshe a ntse a fela ka go gogolega a bo a direga gape fa makgwamolelo a thunya kgotsa go direga dilo tse dingwe mo lefatsheng.

Mme go tweng ka dinaledi? A di senyega ka tlholego jaaka Baebele e bontsha, kgotsa tsone ka tlholego di nnela ruri jaaka Aristotle a ne a ruta? Baithutadinaledi ba kwa Yuropa ba ne ba simolola go belaela kgopolo ya ga Aristotle ya gore dinaledi di nnela ruri fa mo lekgolong la bo16 la dingwaga C.E. ba ne ba bona supernova lekgetlo la ntlha, e leng go thunya ga naledi ka tsela e e gakgamatsang. Fa e sale ka nako eo baitsesaense ba lemogile gore dinaledi di ka senngwa ke go thunya mo go ntseng jalo kgotsa tsa tuka ka bonya di bo di fela kgotsa tsa phutlhama fela ka botsone kwa loaping. Le fa go ntse jalo, gape baithutadinaledi ba bone dinaledi tse disha di bopega mo marung a gase e e diregang fa go thunya dinaledi tsa bogologolo. Ka jalo, setshwantsho se se dirisitsweng ke mokwadi wa Baebele sa diaparo tse di onalang di bo di emisediwa ka tse dingwe se tshwanela tota. * A bo go gakgamatsa jang ne go bo mopesalema yono wa metlha ya bogologolo jalo a kgonne go kwala mafoko a a tsamaisanang sentle le dilo tse di fitlheletsweng bosheng jaana!

Mme o sa ntse o ka ipotsa jaana: ‘A Baebele e ruta gore lefatshe kgotsa lobopo lotlhe lo tla fela letsatsi lengwe kgotsa lo tla tlhoka go emisediwa ka lo longwe?’ Nnyaa, Baebele e solofetsa gore lo tla nnela ruri. (Pesalema 104:5; 119:90) Mme seo ga se ka gonne dilo tseno tse di bopilweng di nnela ruri ka botsone; go na le moo, Modimo yo o di bopileng o solofetsa gore o tla dira gore di nnele ruri. (Pesalema 148:4-6) Ga a tlhalose gore o tla dira seo jang, mme gone a ga go utlwale gore Ene yo o dirileng lobopo a ka nna le maatla a go dira gore le tswelele le le teng? Ka tsela e e tshwanang, moagi yo o setswerere a ka tlhokomela ka lorato ntlo e a e agileng a e agela ene le ba lelapa la gagwe.

Ke Mang yo o Tshwanetseng go Newa Kgalalelo le Tlotlo?

Go akanya ka melao e se kae e e laolang magodimo go ka re naya lesedi ka potso eno. Fa re akanya ka gore ke mang yo o dirileng gore dinaledi tse dintsintsi di tlale mo lefaufaung, yo o dirisang maatlakgogedi go dira gore di nne di le mo di tshwanetseng gone le yo o dirang gore di tswelele ka medikologo ya tsone, a ga re ikutlwe re mo sisimoga ka tlotlo?

Gongwe mabaka a go nna le tshisimogo e e ntseng jalo a tlhalosiwa sentle ke Isaia 40:26: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina.” Dinaledi di tshwantshiwa sentle le mophato wa ntwa, o e ka tswang e le masole a mantsintsi. Fa mophato oo o se na molaodi, e ka nna segopa fela se se sa laolegeng. Fa e ka bo e se ka melao ya ga Jehofa, dipolanete, dinaledi le masagaripa a dinaledi a ne a ka se latele thulaganyo epe e e tlhomameng; go ne go ka nna tlhakatlhakano fela. Mme gone go ntse jaaka e kete masole a le dibilione a na le Molaodi yo o a kaelang yo gape a itseng lesole lengwe le lengwe ka leina, gore le kwa kae le gore le mo boemong bofe!

Melao ya magodimo e re naya lesedinyana ka dikakanyo tse di se nang bolekanngo tsa Molaodi yono. Ke mang gape yo o neng a ka dira melao e e ntseng jalo a ba a tlhotlheletsa banna bangwe gore ba kwale boammaaruri ka dikgang tseno makgolo a dingwaga le e leng dikete tsa dingwaga pele baitsesaense ba di tlhaloganya? Ka jalo, ga go pelaelo gore re na le mabaka a mantsi a go naya Jehofa “kgalalelo le tlotlo.”—Tshenolo 4:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Go a kgatlha go bo Baebele e bitsa lefatshe e re ke kgolokwe, e re ka lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le lone le ka ranolwa jalo. Aristotle le Bagerika ba bangwe ba metlha ya bogologolo ba ne ba re lefatshe le kgolokwe, mme kgang eno e ne e sa ntse e le kgang ya moruthutha dikete tsa dingwaga moragonyana.

^ ser. 13 Tshwantshiso eno e dirisiwa gangwe le gape mo Baebeleng.—Jobe 9:8; Pesalema 104:2; Isaia 42:5; 44:24; 51:13; Sekarea 12:1.

^ ser. 22 “Lesomo la dinaledi la Khima” le ka tswa le ne le kaya setlhopha sa dinaledi sa Pleiades. “Lesomo la dinaledi la Kesile” le ka tswa le ne le kaya lesomo la dinaledi la Orion. Go tsaya diketekete tsa dingwaga gore popego ya ditlhopha tse di ntseng jalo tsa dinaledi e fetoge thata.

^ ser. 27 E re ka Jehofa a ile a dirisa Morwawe wa moya yo o tsetsweng a le esi e le “modiri yo o setswerere” fa a ne a bopa dilo tsotlhe, mafoko a temana eno a ka lebisa le mo go Morwa.—Diane 8:30, 31; Bakolosa 1:15-17; Bahebera 1:10.

^ ser. 29 Ka lekgolo la bo19 la dingwaga, rasaense e bong William Thomson, yo gape a bidiwang Lord Kelvin, o ne a ribolola molao wa bobedi wa thermodynamics, o o tlhalosang lebaka la go bo dilo tsa tlholego di senyega kgotsa di fela fa nako e ntse e ya. Sengwe sa dilo tse di ileng tsa mo tlhotlheletsa go dira tshwetso eno e ne e le go sekaseka ka tlhoafalo Pesalema 102:25-27.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

 Tlhotlheletso e e Maatla

“Aristotle e ne e le rafilosofi le rasaense yo mogolo go gaisa botlhe ba metlha ya bogologolo.” Mafoko ao a tswa mo bukeng ya The 100—A Ranking of the Most Influential Persons in History. Go motlhofo go bona lebaka la go bo go ne ga buiwa jaana ka monna yono yo o sa tlwaelegang. Aristotle (384-322 B.C.E.) o ne a rutiwa ke rafilosofi yo o itsegeng e bong Plato mme moragonyana a ruta Alexander yo Mogolo fa a ne a sa le ngwana. Go ya ka manaane a bogologolo, mekwalo e mentsintsi ya ga Aristotle e ne e akaretsa dibuka di ka nna 170, tse go sa ntseng go na le tse 47 tsa tsone. O ne a kwala thata ka thutodinaledi, thutotshelo, khemiseteri, thutodiphologolo, fisikisi, thuto ya maje le thutotlhaloganyo. Dingwe tsa dintlha tse a di kwadileng ka ga dilo tse di tshelang ga di a ka tsa bonwa e bile ga go a ka ga ithutiwa ka tsone gape mo makgolong a dingwaga morago ga foo. Buka ya The 100 ya re “Aristotle o ne a nna le tlhotlheletso e kgolo mo dilong tsotlhe tse di neng di dumelwa ke batho ba kwa Bophirima moragonyana.” Le fa go ntse jalo, gape ya re: “Aristotle o ne a ratega thata jaana mo e leng gore mo metlheng ya bogare e ne e setse e kete o a obamelwa.”

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Royal Astronomical Society/​Photo Researchers, Inc.

From the book A General History for Colleges and High Schools, 1900

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Maatlakgogedi a dira gore dipolanete di nne di le mo maemong a tsone

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA and The Hubble Heritage Team (AURA/​STScl)

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Segopa sa dinaledi sa Pleiades

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Dinaledi dingwe di a thunya di bo di fela

[Motswedi wa Setshwantsho]

ESA/​Hubble

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Dinaledi tse disha di bopega mo marung a gase

[Motswedi wa Setshwantsho]

J. Hester and P. Scowen (AZ State Univ.), NASA

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

© Peter Arnold, Inc./​Alamy