Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Emelanang le Thaelo ka Gone

Kafa o ka Emelanang le Thaelo ka Gone

Tsa Basha

Kafa o ka Emelanang le Thaelo ka Gone

JOSEFA—KAROLO 1

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Josefa, mosadi wa ga Potifaro

Tshobokanyo: Josefa o emelana le thaelo ya go tlhakanela dikobo le mosadi wa ga Potifaro.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.BALA GENESISE 39:1-12.

Tlhalosa gore o akanya gore ntlo ya ga Potifaro e ne e le kgolo jang e bile e le ntle jang.

․․․․․

O akanya gore Josefa o ne a lebega jang? (Ntlha e e ka thusang: Bala temana 6 gape.)

․․․․․

O akanya gore lentswe la ga Josefa le ne le bontsha gore o ikutlwa jang fa a ntse a bua le mosadi wa ga Potifaro mo go temana 8 le 9?

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Ke eng se se neng se ka raela Josefa gore a ineele go dira se se sa siamang? (Ntlha e e ka thusang: Bala Bafilipi 2:12 o bo o akanya ka boemo jo Josefa a neng a le mo go jone. Ka sekai, ka nako eo ba lelapa la gaabo Josefa le baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa ba ne ba le kae?)

․․․․․

O akanya gore ke ka ntlha yang fa Josefa a ne a tsaya gore go dira boaka e ne e tla bo e le go leofela Modimo le fa go ne go se na molao wa Modimo o o neng o kgala boaka ka nako eo? (Ntlha e e ka thusang: Bala o bo o tlhatlhanya ka ditemana tse di latelang: Genesise 2:24; 12:17, 18; Baroma 2:14, 15; le Bahebera 5:14.)

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . . 

Tsela e boikgapo bo amanang ka yone le seriti.

․․․․․

Melemo e e bonwang ke batho ba ba tshelang ka melao ya Modimo ya boitsholo.

․․․․․

Botlhokwa jwa go thapisa ‘bokgoni jwa gago jwa go lemoga.’ (Bahebera 5:14)

․․․․․

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

Ke maemo afe mo botshelong jwa gago a a ka tlhokang gore o ikemisetse thata go emelana le thaelo ya go tlhakanela dikobo? (Ntlha e e ka thusang: Bala o bo o tlhatlhanya ka Jobe 31:1; Pesalema 119:37; Baefeso 5:3, 4.)

․․․․․

4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA THATA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Fa o se na Baebele, kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye yone kgotsa o e bale mo atereseng eno ya internet www.watchtower.org