Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla Reetsa Ditlhagiso Tse di Utlwalang Sentle Tsa ga Jehofa?

A o Tla Reetsa Ditlhagiso Tse di Utlwalang Sentle Tsa ga Jehofa?

A o Tla Reetsa Ditlhagiso Tse di Utlwalang Sentle Tsa ga Jehofa?

“Tsela ke e. Tsamayang ka yone.”—ISA. 30:21.

1, 2. Satane o ikaeletse go dira eng, mme Lefoko la Modimo le re thusa jang?

LETSHWAO la tsela le le supang go sele ga le timetse fela; gape le ka nna kotsi. Akanya tsala ya gago e ile ya go tlhagisa gore monna mongwe yo o bosula o fetotse letshwao ka boomo gore a tsenye batsamai ba ba seng kelotlhoko mo kotsing. A o ne o ka se ka wa reetsa tlhagiso eo?

2 Re ka tlhomamisega gore Satane ke mmaba yo o bosula yo o ikaeletseng go re tsietsa. (Tshen. 12:9) Dilo tsotlhe tse di bosula tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong se se fetileng di tswa kwa go ene mme o di diretse gore di re ntshe mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Math. 7:13, 14) Se se itumedisang ke gore Modimo wa rona yo o molemo o re tlhagisa gore re se ka ra latela ‘matshwao a tsela’ a a timetsang a ga Satane. A jaanong re tlotleng ka dilo tse dingwe di le tharo tse di bosula tse Satane a ka re tlhotlheletsang ka tsone. Fa re ntse re sekaseka kafa Lefoko la Modimo le re thusang ka gone gore re tile go tsiediwa, re ka nna ra bona ka leitlho la mogopolo Jehofa a tsamaya ka fa morago ga rona a re supetsa tsela e e siameng, a re: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.” (Isa. 30:21) Go akanya ka ditlhagiso tse di utlwalang sentle tsa ga Jehofa go tla nonotsha boikaelelo jwa rona jwa go di reetsa.

O se Ka wa Latela “Barutisi ba Maaka”

3, 4. (a) Barutisi ba maaka ba tshwana jang le didiba tse di kgadileng? (b) Gantsi barutisi ba maaka ba tswa kae, mme ba batla eng?

3 Akanya o le mo loetong o tsamaya mo nageng e e omileng. O bona sediba kwa kgakajana mme o bo o ya kwa go sone o solofetse go bona metsi gore o itimole lenyora. Le fa go ntse jalo, fa o fitlha kwa go sone o fitlhela gore se kgadile. Ruri o tla swaba nko go feta molomo! Barutisi ba maaka ba tshwana le didiba tse di kgadileng. Mongwe le mongwe yo o tlang kwa go bone a batla metsi a boammaaruri o tla swaba fela thata. Jehofa o dirisitse Paulo le Petere go re tlhagisa ka barutisi ba maaka. (Bala Ditiro 20:29, 30; 2 Petere 2:1-3.) Barutisi bao ke bomang? Mafoko a a tlhotlheleditsweng a baaposetoloi bano ba babedi a re thusa go bona gore barutisi bano ba maaka ba tswa kae le gore ba dirisa mekgwa efe.

4 Paulo o ne a raya bagolwane ba phuthego ya kwa Efeso a re: “Go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng.” Fa Petere a ne a bua le Bakeresetemmogo le ene o ne a kwala jaana: “Gape go tla nna le barutisi ba maaka mo go lona.” Ka jalo barutisi ba maaka ba tswa kae? Ba ka nna ba tswa mo phuthegong. Batho ba ba ntseng jalo ke batlhanogi. * Ba batla eng? Ga ba kgotsofalele fela go tlogela phuthego e gongwe ba kileng ba e rata. Paulo o ne a tlhalosa gore maikaelelo a bone ke “gore ba gogele barutwa kwa go bone.” Go na le gore batlhanogi ba ye go itirela barutwa ba bone, ba batla go tsaya barutwa ba ga Keresete gore ba tsamaye le bone. Fela jaaka “diphiri tse di garolakang,” barutisi ba maaka ba batla go kometsa maloko a phuthego a a ba ikanyang, ka go senya tumelo ya bone le go ba katosetsa kgakala le boammaaruri.—Math. 7:15; 2 Tim. 2:18.

5. Barutisi ba maaka ba dirisa mekgwa efe?

5 Barutisi ba maaka ba dirisa mekgwa efe? Mekgwa e ba e dirisang e supa gore ba boferefere. Batlhanogi ba “kukunela ba . . . tlisa” dikgopolo tse di sa siamang. Fela jaaka batho ba ba tsenyang dilo tse di seng kafa molaong mo nageng, ba ruta batho dikgopolo tsa bone tsa botlhanogi ka tsela e e bofitlha. Mme fela jaaka motho yo o kgonang go kwala makwalo a maaka, batlhanogi ba dirisa “mafoko a tsietso” kgotsa dipolelo tsa maaka go leka go dira gore batho ba akanye gore dikgopolo tsa bone tse ba itlhametseng tsone di boammaaruri. Ba anamisa ‘dithuto tse di tsietsang,’ ‘ba sokamisa Dikwalo’ gore di tsamaisane le dikgopolo tsa bone. (2 Pet. 2:1, 3, 13; 3:16) Go bonala sentle gore batlhanogi ga ba re batlele sepe se se molemo. Go ba latela go ka re ntsha mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.

6. Baebele e re naya kgakololo efe e e utlwalang sentle malebana le barutisi ba maaka?

6 Re ka itshireletsa jang mo barutising ba maaka? Kgakololo ya Baebele e e malebana le kafa re tshwanetseng go dirisana le bone ka gone e utlwala sentle. (Bala Baroma 16:17; 2 Johane 9-11.) Lefoko la Modimo la re: “Lo ba tile.” Dithanolo tse dingwe di ranola polelwana eo e le “ba fularele,” “ba katoge” le “nna kgakala le bone!” Kgakololo eo e utlwala sentle. A re re ngaka e ne ya go bolelela gore o tile go kopana le mongwe yo o nang le bolwetse jo bo tshwaetsanang jo bo kotsi. O tla itse gore ngaka eo e kaya eng, mme o tla reetsa tlhagiso ya gagwe ka kelotlhoko. Batlhanogi ba “lwala mo mogopolong” mme ba batla go tshwaetsa ba bangwe ka dithuto tsa bone tse di sa ikanyegeng. (1 Tim. 6:3, 4) Jehofa, Ngaka e Kgolo o re bolelela gore re tile go kopana le bone. Re a itse gore o kaya eng, mme gone a re ikemiseditse go reetsa tlhagiso ya gagwe mo dilong tsotlhe?

7, 8. (a) Ke eng se se akarediwang ke go tila barutisi ba maaka? (b) Ke eng fa o ititeile sehuba go ema o nitame kgatlhanong le barutisi ba maaka?

7 Go tila barutisi ba maaka go akaretsa eng? Ga re ba amogele mo matlong a rona e bile ga re ba dumedise. Gape ga re bale dibuka tsa bone, kgotsa go leba dithulaganyo tsa thelebishene tse ba tlhagelelang mo go tsone, ga re lebe mafelo a bone a a mo Internet e bile ga re akgele mo mafelong a ba tlotlang mo go one mo Internet. Ke eng fa re ema re nitame jalo? Ke ka ntlha ya lorato. Re rata “Modimo wa boammaaruri” ka jalo ga re kgatlhegele dithuto tse di sokamisitsweng tse di ganetsang Lefoko la gagwe le le boammaaruri. (Pes. 31:5; Joh. 17:17) Gape re rata phuthego ya ga Jehofa e e re rutileng dithuto tse di kgatlhang tsa boammaaruri—tse di akaretsang leina la ga Jehofa le bokao jwa lone, boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe, boemo jwa baswi le tsholofelo ya tsogo. A o gakologelwa kafa o neng o ikutlwa ka gone lekgetlho la ntlha fa o ne o ithuta dithuto tseno le tse dingwe tse di boammaaruri tse di kgatlhang? Ka jalo, ke eng fa o tshwanetse go itetla go galefisiwa ke mongwe yo o nyatsang phuthego e e go thusitseng gore o ithute dilo tseno tse di boammaaruri?—Joh. 6:66-69.

8 Le fa barutisi ba maaka ba ka reng, ga re kitla re ba latela! O tla bo o elang kwa didibeng tse di kgadileng gore fela o tsiediwe o bo o swabisiwe? Go na le moo, a re ititeyeng sehuba go nna re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe e e sa bolong go itsege ka go timola lenyora ka metsi a a itshekileng le a a lapolosang a boammaaruri a a tswang mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng.—Isa. 55:1-3; Math. 24:45-47.

O se Ka wa Latela “Dipolelo Tsa Maaka”

9, 10. Paulo o ne a naya Timotheo tlhagiso efe malebana le “dipolelo tsa maaka” mme Paulo a ka tswa a ne a akantse ka eng? (Bona gape le ntlha e e kwa tlase.)

9 Ka dinako dingwe go ka nna motlhofo go lemoga gore mongwe o fetotse letshwao la tsela e bile le lebile go sele. Ka dinako tse dingwe, go ka nna thata go lemoga seo. Go ntse jalo le ka ditlhotlheletso tse di bosula tsa ga Satane; dingwe tsa tsone o ka di lemoga motlhofo go feta tse dingwe. Moaposetoloi Paulo o re tlhagisa ka lengwe la maano a a bofitlha a ga Satane—“dipolelo tsa maaka.” (Bala 1 Timotheo 1:3, 4.) E le gore re se ka ra faposiwa mo tseleng e e isang botshelong, re tshwanetse go itse gore, Dipolelo tsa maaka ke eng mme re ka tila jang go di latela?

10 Tlhagiso ya ga Paulo e e malebana le dipolelo tsa maaka ke karolo ya lekwalo la ntlha le a neng a le kwaletse Timotheo, yo e neng e le molebedi wa Mokeresete yo o ileng a newa taelo ya go boloka phuthego e itshekile le go thusa badumedimmogo le ene gore ba nne ba ikanyega. (1 Tim. 1:18, 19) Paulo fano o dirisa lefoko la Segerika le le ka kayang tlhamane, leinane kgotsa sengwe sa maaka. Go ya ka The International Standard Bible Encyclopaedia lefoko leno le kaya “tlhamane (ya bodumedi) e go seng ka tsela epe e ka nnang ya mmatota.” Gongwe Paulo o ne a akantse ka maaka a bodumedi a a rotloediwang ke ditlhamane kgotsa dikinane. * Dipolelo tse di ntseng jalo “di dira gore batho ba ipotse dipotso tse di tlhokang dipatlisiso”—ke gore ba ipotse dipotso tse di sa reng sepe tse di dirang gore ba dire dipatlisiso tse di se nang mosola. Dipolelo tsa maaka ke leano la motsietsi yo mogolo e bong Satane, yo o dirisang maaka a bodumedi le mainane a a sa dumalaneng le dithuto tsa Modimo gore a fapose batho ba ba sa lemogeng maano a gagwe. Kgakololo e Paulo a re e nayang e utlwala sentle: O se ka wa latela dipolelo tsa maaka!

11. Satane o dirisitse jang bodumedi jwa maaka ka botlhale gore a tsietse batho, mme ke tlhagiso efe e go e reetsa go tla re thusang go tila go tsiediwa?

11 Dipolelo dingwe tsa maaka tse di ka faposang batho ba ba seng kelotlhoko ke dife? Totatota polelwana “dipolelo tsa maaka” e ka kaya maaka ape fela a bodumedi kgotsa leinane le le ka re faposang “mo boammaaruring.” (2 Tim. 4:3, 4) Satane yo o itirang “moengele wa lesedi,” o dirisitse bodumedi jwa maaka ka botlhale gore a timetse batho. (2 Bakor. 11:14) Madumedi a a ipitsang a Bokeresete a dirisa Bokeresete ka tsela e e sa siamang go ruta dithuto tsa kereke—tse di akaretsang Tharonngwe, molelo wa dihele le gore moya ga o swe—tse di tletseng mainane le maaka. Gape madumedi a a ipitsang a Bokeresete a rotloetsa malatsi a boikhutso, a a jaaka Keresemose le Ista a a tswang mo dingwaong tse di ka lebegang di se phoso mme gone boammmaaruri e le gore a simolotse mo mainaneng le mo boheitaneng. Fa re reetsa tlhagiso ya Modimo ya gore re itomolole re bo re “tlogele go ama selo se se seng phepa” re ka se ka ra tsiediwa ke dipolelo tsa maaka.—2 Bakor. 6:14-17.

12, 13. (a) Satane o rotloeditse maaka afe, mme boammaaruri ke bofe malebana le maaka ao? (b) Re ka tila jang go tsiediwa ke dipolelo tsa maaka tsa ga Satane?

12 Satane o rotloeditse maaka a mangwe a a ka re tsietsang fa re se kelotlhoko. Akanya ka dikai dingwe. Sengwe le sengwe se siamese ka tswa se le phoso kgotsa se se phoso. Se se botlhokwa ke gore o ikutlwa jang ka sone. Kgopolo eno e rotloediwa mo metsweding ya tshedimosetso le mo boitlosobodutung. Tsela eo e e phoso e e malebana le kafa re lebang melao ya Modimo ka gone, e re gatelela gore re kgaphele kwa thoko melao e e siameng ya boitsholo. Boammaaruri ke gore rotlhe re tlhoka kaelo malebana le boitsholo mme ke Modimo fela a ka e re nayang. (Jer. 10:23) Modimo ga a ka ke a tsenya letsogo mo ditiragalong tsa lefatshe. Go tlhotlhelediwa ke moya oo wa go tshelela gompieno go ka re dira “ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng.” (2 Pet. 1:8) Boammaaruri ke gore letsatsi la ga Jehofa le atamela ka bofefo jo bogolo, mme re tshwanetse go nna re le letile. (Math. 24:44) Modimo ga a go kgathalele. Go dumela maaka ano a ga Satane go ka dira gore re ineele, re ikutlwe re ka se ka ra tshwanelwa ke lorato lwa Modimo. Boammaaruri ke gore Jehofa o rata mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe e bile o a ba anaanela.—Math. 10:29-31.

13 Re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng, ka gonne tsela e lefatshe la ga Satane le akanyang ka yone le boikutlo jwa lone bo ka lebega bo utlwala. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Satane ke setswerere mo go tsietseng. Fa fela re reetsa dikgakololo tse di tswang mo Lefokong la Modimo re tla kgona go tila go tsiediwa ke “dipolelo [tsa ga Satane] tsa maaka tse di logetsweng maano ka boferefere [“mainane a a dirilweng ka botlhale,” The New American Bible].”—2 Pet. 1:16.

O se Ka wa Latela “Satane”

14. Ke tlhagiso efe e Paulo a neng a e naya batlholagadi bangwe ba babotlana, mme ke eng fa rotlhe re tshwanetse go tsaya mafoko a gagwe tsia?

14 Akanya letshwao la tsela le le reng “Tsaya Tsela E fa O Batla go Latela Satane.” Ke mang mo go rona yo o neng a tla latela letshwao leo? Le fa go ntse jalo, Paulo o re tlhagisa ka ditsela di le mmalwa tse ka tsone Bakeresete ba ba ineetseng ba ka nnang ‘ba faposiwa gore ba sale Satane morago.’ (Bala 1 Timotheo 5:11-15.) Mafoko ano a ga Paulo a lebisitswe mo ‘batlholagading bangwe ba babotlana,’ mme melaometheo e a e umakileng e re ama rotlhe. Basadi bao ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ka tswa ba ne ba sa akanye gore ba latela Satane mme ditiro tsa bone tsone di ne di bontsha gore ba a mo latela. Re ka nna re itisitse jang kgatlhanong le go latela Satane tota le fa re sa lemoge? Mma re sekaseke tlhagiso ya ga Paulo e e malebana le tshebo e e kotsi.

15. Boikaelelo jwa ga Satane ke bofe, mme Paulo o tlhalosa jang maano a ga Satane?

15 Maikaelelo a ga Satane ke go dira gore re emise go rera dikgang tse di molemo. (Tshen. 12:17) Gore a kgone go fitlhelela seo, o leka go dira gore re tshwarege ka ditiro tse di senyang nako kgotsa tse di bakang dikgaogano mo gare ga rona. Ela tlhoko kafa Paulo a tlhalosang maano a ga Satane ka gone. “Go nna ba sa dire sepe, ba dikologa.” Mo motlheng ono wa thekenoloji go motlhofo gore re senye nako ya rona le ya ba bangwe gongwe ka go ba romelela melaetsa ya e-mail e e seng botlhokwa kgotsa e bile e se boammaaruri. “Basebi.” Tshebo e e kotsi e ka felela ka go senya motho leina mme gantsi seo se felela ka dikomano. (Dia. 26:20) Batho ba ba senyang ba bangwe leina ka tsela e e setlhogo ba etsa Satane Diabolo, ba ka tswa ba lemoga seo kgotsa nnyaa. *Ba ba itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe.” Ga re na tshwanelo ya go bolelela ba bangwe gore ba tshele botshelo jwa bone jang. Maitshwaro ano a a se nang mosola le a a bakang mathata a ka re kgoreletsa go dira tiro e Modimo a re neileng yone ya go rera ka Bogosi. Fa re kgaotsa go ema tiro ya ga Jehofa nokeng, re tla bo re simolola go latela Satane. O ka se nne fa gare ga maikutlo a mabedi.—Math. 12:30.

16. Ke kgakololo efe e go e reetsa go ka re thusang go tila go ‘faposiwa gore re sale Satane morago’?

16 Go reetsa kgakololo ya Baebele go ka re thusa gore re tile go ‘faposiwa gore re sale Satane morago.’ Akanya ka dingwe tsa dikgakololo tse di botlhale tsa ga Paulo. Nna le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58) Go tshwarega mo ditirong tsa Bogosi go tla re sireletsa mo dikotsing tsa go nna re sa dire sepe le mo ditirong tse di senyang nako. (Math. 6:33) Bua “lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga.” (Baef. 4:29) Ikemisetse go se reetse tshebo e e kotsi mme o se ka wa e anamisa. * Leka ka natla go ikanya badumedimmogo le wena le go ba tlotla. Fa re dira jalo go ka nna motlhofo gore re bue mafoko a a agang go na le a a senyang. “Go dire boikaelelo jwa lona . . . go tlhokomela dikgang tsa lona.” (1 Bathes. 4:11) Bontsha gore o kgatlhegela batho ba bangwe mme o dire jalo ka ditsela tse di bontshang gore o tlotla dikgang tsa bone tsa botho le ka tsela e e sa ba digeng seriti. Gape gakologelwa gore ga re a tshwanela go gatelela dikgopolo tsa rona mo bathong ba bangwe malebana le dikgang tse ba tshwanetseng go itirela ditshwetso mo go tsone.—Bagal. 6:5.

17. (a) Ke eng fa Jehofa a re tlhagisa malebana le gore re se ka ra latela eng? (b) O ititeile sehuba go dira eng malebana le tsela e Jehofa a batlang gore re e tseye?

17 Ruri re itumelela gore Jehofa o re bolelela ka tsela e e utlwalang gore ke eng se re sa tshwanelang go se latela! Le fa go ntse jalo, se lebale gore ditlhagiso tsa ga Jehofa tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno le se se fetileng di tlhotlhelediwa ke lorato lo logolo lo a re ratang ka lone. O batla go re sireletsa mo masetlapelong le mo botlhokong jo bo ka bakiwang ke go latela ‘matshwao a tsela’ a ga Satane a a tsietsang. Tsela e Jehofa a batlang gore re e tseye e ka tswa e pitlagane, le fa go ntse jalo e re isa kwa lefelong le le molemolemo—botshelo jo bo sa khutleng. (Math. 7:14) A le ka motlha re se ka ra okaoka mo maikaelelong a rona a go reetsa tlhagiso eno ya ga Jehofa: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.”—Isa. 30:21.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 “Botlhanogi” ke go katogela kgakala le kobamelo ya boammaaruri kgotsa go tsuologa.

^ ser. 10 Ka sekai, buka ya ga Tobit (Tobias) e go sa tlhomamisiwang boammaaruri jwa yone, e e neng ya kwalwa mo e ka nnang ka lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E., e e neng e sa ntse e le gone mo motlheng wa ga Paulo, e tletse ka tumelabotlhodi le ditlhamane tse di se nang tlhaloganyo tsa maselamose le boloi tse go tweng di boammaaruri.—Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 122.

^ ser. 15 Ka Segerika lefoko “diabolo” ke “di·aʹbo·los” mme le kaya “yo o senyang ba bangwe leina.” Lefoko leno le dirisiwa e le leina le lengwe la ga Satane, yo o etelelang pele mo go senyeng ba bangwe maina.—Joh. 8:44; Tshen. 12:9, 10.

O ka Araba Jang?

O ka dirisa jang ditlhagiso tse di mo ditemaneng tse di latelang?

2 Petere 2:1-3

1 Timotheo 1:3, 4

1 Timotheo 5:11-15

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]

 Go Phatlalatsa Mafofa mo Phefong

Kinane ya bogologolo ya Sejuda e bontsha ka tsela e e utlwalang sentle ditlamorago tsa go anamisa tshebo e e kotsi. Le fa kinane eno e builwe ka ditsela tse di farologaneng, moko wa yone ke ono.

Monna mongwe o ne a tsamaya a senya leina la monna yo o botlhale mo motseng. Moragonyana mosebi yono yo o bosula o ne a lemoga phoso ya gagwe mme a ya go kopa maitshwarelo kwa monneng yo o botlhale a bo a mo raya a re o tla dira sengwe le sengwe se se tlhokegang gore a baakanye dilo. Monna yono yo o botlhale o ne a kopa selo se le sengwe: Mosebi o ne a bolelelwa gore a ye go tsaya mosamo o o dirilweng ka mafofa mme a o bule a phatlalatse mafofa ao mo phefong. Le fa mosebi yono a ne a akabaditswe ke kopo eo, o ne a dira fela jaaka a ne a laetswe mme a boela kwa monneng yo o botlhale.

O ne a botsa jaana: “A jaanong o intshwaretse?”

Monna yo o botlhale o ne a araba jaana: “Pele ga ke go itshwarela, tsamaya o ye go phutha mafofa ao otlhe.”

Mosebi o ne a re: “Nka se kgone go dira seo. Phefo e setse e a phatlaladitse.”

Monna yo o botlhale o ne a re: “Go thata go baakanya tshenyo e e bakilweng ke mafoko a gago fela jaaka go le thata go phutha mafofa a a setseng a fofile.”

Se re se ithutang fano se utlwala sentle. Lefoko ga le boe go boa monwana ka jalo go ka nna ga se ka ga kgonega go dirolola tshenyo e lefoko le setseng le e dirile. Pele ga re anamisa tshebo epe fela go tla bo go le botlhale go gakologelwa gore tota re tla bo re le gaufi le go phatlalatsa mafofa mo phefong.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Bangwe ba ka laletsa jang batlhanogi mo magaeng a bone?