Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakantsho Tsa Kobamelo ya Lelapa le Thuto ya Motho a le Esi

Dikakantsho Tsa Kobamelo ya Lelapa le Thuto ya Motho a le Esi

Dikakantsho Tsa Kobamelo ya Lelapa le Thuto ya Motho a le Esi

KWA tshimologong ya 2009, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di ne tsa fetola thulaganyo ya tsone ya dipokano. Dipokano tse pedi tsa fa gare ga beke di ne tsa kopanngwa mme botlhe ba ne ba kgothalediwa go dirisetsa maitseboa a mangwe a e neng e le a dipokano go nna a kobamelo ya lelapa kgotsa a thuto ya motho a le esi. A o ntse o dirisa thulaganyo eno e ntšha ka tsela e e molemo? A e go solegela molemo ka botlalo?

Bangwe ba ntse ba ipotsa gore ba ka dirisa eng go ithuta mo kobamelong ya lelapa. Ga se boikaelelo jwa Setlhopha se se Laolang go dira gore go dirisiwe tsela e le nngwe ya go ithuta mo malapeng otlhe. E re ka maemo a sa tshwane, go molemo gore tlhogo ya lelapa lengwe le lengwe kgotsa motho ka boene a akanyetse kafa a ka dirisang nako eno mo bekeng nngwe le nngwe ka tsela e e molemolemo ka gone.

Bangwe ba ntse ba baakanyetsa dipokano tsa phuthego, mme seo ga se sone fela se se tshwanetseng go dirwa mo kobamelong ya lelapa. Ba bangwe ba ntse ba bala tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng, ba tlotla ka yone gape ba dira motshameko wa terama ka yone, segolobogolo gore bana ba bannye ba solegelwe molemo. Ga go tlhokege gore ka metlha go dirisiwe mokgwa wa dipotso le dikarabo jaaka go dirwa kwa dipokanong tsa phuthego tota e bile e ka nna ya se ka ya nna selo se se eletsegang. Gantsi maemo a a ritibetseng a dira gore go nne le motlotlo o o itumedisang le go akantshana. Maemo a a ntseng jalo a dira gore motho a akanye ka tsela e e botlhale, mme seo se ka dira gore nako eo e nne e e sa lebalesegeng le e e itumedisang mo go botlhe.

Rre mongwe wa bana ba le bararo o ne a kwala jaana: “Se re ntseng re se dira, se remeletse thata mo mmalong wa Baebele. Mongwe le mongwe wa rona o bala dikgaolo tsa Baebele pele ga re kopana, bana ba tlhopha dikarolo dingwe tsa dikgaolo tseo gore ba dire dipatlisiso ka tsone ba bo ba bua ka se ba se fitlheletseng. Gantsi Michael [yo o nang le dingwaga di le supa] o taka setshwantsho se se rileng kana o kwala serapa ka se a se fitlheletseng. David le Kaitlyn [ba ba nang le dingwaga di le 13 le 15] ba ka nna ba kwala ka pego nngwe ya Baebele jaaka e kete ba ne ba le gone fa e direga. Ka sekai, fa re ne re bala ka gore Josefa o ne a tlhalosa ditoro tsa mmesi wa senkgwe le motsholasenwelo wa ga Faro, Kaitlyn o ne a kwala tlhamo e kete ke mogolegwa yo o lebileng dilo tseo di direga.”—Gen. kgao. 40.

Gone ke boammaaruri gore maemo ga a tshwane. Se se ka solegelang ba bangwe molemo se ka nna sa se ka sa go solegela molemo. Lebokose le le tsamaisanang le setlhogo seno le bontsha dikakantsho di le mmalwa tse di ka dirisiwang ka nako ya kobamelo ya lelapa kgotsa ka nako ya thuto ya motho a le esi. Gongwe o ka nna wa akanya ka tse dingwe tse dintsi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Malapa a a nang le bana ba dingwaga tsa bolesome:

• Balang mme lo tlotle ka buka ya Dipotso tse Basha ba Di Botsang—Dikarabo tse Di Nang le Tharabololo.

• Tshamekang metshameko ya go akanya lo tshela mo metlheng ya Baebele. (Bona Tora ya Tebelo ya May 15, 1996, tsebe 14, serapa 17-18.)

• Tlotlang ka mekgele e lo ka e fitlhelelang mo nakong e khutshwane le e lo ka e fitlhelelang mo nakong e e tlang.

• Gangwe le gape lebang bidio e e theilweng mo Baebeleng lo bo lo tlotle ka yone.

• Sekasekang karolo ya “Tsa Basha” e e mo go Tora ya Tebelo.

Banyalani ba ba se nang bana:

• Tlotlang ka dikgaolo 1, 3, 11-16 tsa buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.

• Tlotlang mmogo ka se lo se fitlheletseng fa lo dira dipatlisiso ka dintlha dingwe tsa mmalo wa Baebele.

• Baakanyetsang Thuto ya Baebele ya Phuthego kgotsa Tora ya Tebelo.

• Tlotlang ka ditsela tse lo ka oketsang bodiredi jwa lona ka tsone.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa nyalang kgotsa malapa a a kgaoganeng ka bodumedi:

• Ithuteng dikgatiso tse disha tse lo di amogetseng kwa dikopanong tsa kgaolo.

• Balang di-Yearbook tsa bosheng le tsa nako e e fetileng.

• Dirang dipatlisiso ka dipotso tse gantsi di bodiwang mo tshimong ya lona.

• Baakanyetsang dipuisano tse lo tla di dirisang mo bodireding jwa tshimo.

Malapa a a nang le bana ba bannye:

• Dirang diterama ka ditiragalo tse di mo Baebeleng.

• Tshamekang metshameko ya go gakologelwa se lo ithutileng sone e e tshwanang le e e fitlhelwang mo go tsebe 30 le 31 ya Tsogang!

• Ka dinako dingwe dirang sengwe se se rotloetsang bana go akanya. (Bona setlhogo se se reng “Go Ithutela Baebele mo Teng ga Zuu! se se mo go Tsogang! ya March 8, 1996, tsebe 16-19.)

• Sekasekang karolo e e reng, “Ruta Bana ba Gago” e e mo go Tora ya Tebelo.