Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Letla Jehofa e Nna Kabelo ya Gago?

A o Letla Jehofa e Nna Kabelo ya Gago?

A o Letla Jehofa e Nna Kabelo ya Gago?

“Nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—MATH. 6:33.

1, 2. (a) “Iseraele wa Modimo” yo o umakilweng mo go Bagalatia 6:16 o emela bomang? (b) Mo go Mathaio 19:28, “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” di emela bomang?

FA O bala ka leina Iseraele mo Baebeleng, ke eng se se tlang mo mogopolong wa gago? A o akanya ka morwa Isake e bong Jakobe, yo o neng a fetolwa leina go nna Iseraele? Kgotsa a o akanya ka ditlogolwana tsa gagwe e leng setšhaba sa bogologolo sa Iseraele? Go tweng ka Iseraele wa semoya? Fa go buiwa ka Iseraele ka tsela ya tshwantshetso, gantsi go buiwa ka “Iseraele wa Modimo,” e leng ba ba 144 000 ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo go nna dikgosi le baperesiti kwa legodimong. (Bagal. 6:16; Tshen. 7:4; 21:12) Mme gone, akanya ka tsela e e kgethegileng e ditso tse 12 tsa Iseraele di umakiwang ka yone mo go Mathaio 19:28.

2 Jesu o ne a re: “Mo popong e ntšha, fa Morwa motho a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang, lona ba lo ntshetseng morago le lona ka bolona lo tla nna mo ditulong tse di lesome le bobedi tsa bogosi, lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” Mo temaneng eno, “ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele” ke ba ba tla atlholwang ke barutwa ba ga Jesu ba ba tloditsweng le ba ba solofetseng go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng mo Paradaiseng. Ba tla solegelwa molemo ke ditirelo tsa boperesiti tsa ba ba 144 000.

3, 4. Batlodiwa ba tlhomile sekao sefe se se molemo?

3 Fela jaaka baperesiti le Balefi ba bogologolo, le gompieno batlodiwa ba tsaya tirelo e ba e dirang e le tshiamelo. (Dipa. 18:20) Batlodiwa ga ba a lebelela gore ba newe karolo nngwe ya naga kgotsa lefelo lengwe mo lefatsheng gore e nne la bone. Go na le moo, ba lebile pele go nna dikgosi le baperesiti kwa legodimong le Jesu Keresete. Ba tla tswelela go direla Jehofa mo tirelong eo, jaaka go bontshitswe ke se re se balang mo go Tshenolo 4:10, 11, malebana le batlodiwa ba ba leng mo maemong a bone kwa legodimong.—Esek. 44:28.

4 Fa batlodiwa ba le mo lefatsheng, ba tshela ka tsela e e nayang bosupi jwa gore Jehofa ke kabelo ya bone. Tshiamelo ya bone ya go direla Modimo e botlhokwatlhokwa mo go bone. Ba bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete mme ba mo latela ba sa kgaotse, ka go dira jalo ba ‘dira gore ba itlhomamisetse go bidiwa le go tlhophiwa ga bone.’ (2 Pet. 1:10) Bokgoni jwa bone le maemo a bone ga a tshwane. Le fa go ntse jalo, ga ba dirise ditlhaelo tse ba nang le tsone e le seipato sa go dira go le gonnye fela mo tirelong ya Modimo. Go na le moo, ba tsaya tirelo ya Modimo e le botlhokwa thata mme ba dira bojotlhe jwa bone. Mme ba tlhomela ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise sekao se se molemo.

5. Bakeresete botlhe ba ka dira Jehofa kabelo ya bone jang, mme ke eng fa seo e ka nna kgwetlho?

5 Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, re tshwanetse go ‘iitatola mme re tseye kota ya rona ya tlhokofatso mme re latele Keresete re sa kgaotse.’ (Math. 16:24) Dimilionemilione tsa batho ba ba lebileng pele go tshela mo Paradaiseng mo lefatsheng ba obamela Modimo e bile ba latela Keresete ka tsela eo. Ga ba kgotsofalele go dira go le gonnye fela, ntswa ba ikutlwa gore ba ka kgona go dira mo go oketsegileng. Ba le bantsi ba ile ba tlhotlheletsega go tlhofofatsa matshelo a bone mme ba nna babulatsela. Ba bangwe ba kgona go bulatsela mo dikgweding dingwe ngwaga le ngwaga. Le fa ba bangwe ba sa kgone go bulatsela, ba dira bojotlhe mo bodireding. Ba ba ntseng jalo ba tshwana le Maria yo o neng a ineetse, yo o neng a tshela Jesu ka leokwane le le nkgang monate. Jesu o ne a re: “O ntiretse tiro e e molemo. . . . O dirile se a neng a ka se kgona.” (Mar. 14:6-8) Go dira sotlhe se re ka se kgonang, go ka nna ga se nne motlhofo, ka gonne re tshela mo lefatsheng le le laolwang ke Satane. Le fa go ntse jalo, re dira ka natla e bile re ikanya Jehofa. Akanya kafa re dirang seo ka teng mo dikarolong tse nnè tse re tla tlotlang ka tsone.

Go Batla Bogosi Jwa Modimo Pele

6. (a) Batho ba bontsha jang gore kabelo ya bone e mo botshelong jono fela? (b) Ke ka ntlha yang fa go le molemo go leba dilo jaaka Dafide a ne a di leba?

6 Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go batla Bogosi jwa Modimo pele le tshiamo ya Gagwe. Batho ba lefatshe ba na le tshekamelo ya go batla pele dikgatlhego tsa bone, e re ka e le ‘batho ba tsamaiso eno ya dilo, ba kabelo ya bone e leng mo botshelong jono.’ (Bala Pesalema 17:1, 13-15.) Batho ba le bantsi ba itlhokomolosa Mmopi wa bone, ba ineela mo go itireleng botshelo jo bo manobonobo, mo go nneng le lelapa le go le tlogelela boswa. Kabelo ya bone e mo botshelong jono fela. Ka fa letlhakoreng le lengwe Dafide o ne a kgatlhegela go itirela “leina le le botoka” le Jehofa, jaaka morwawe moragonyana a ne a laela gore botlhe ba dire jalo. (Mor. 7:1) Fela jaaka Asafe, Dafide o ne a bona gore go dira Jehofa Tsala ya gagwe go molemo thata go feta go dira gore dikgatlhego tsa gagwe di tle pele mo botshelong. O ne a itumelela go tsamaya le Modimo. Mo motlheng wa rona, Bakeresete ba le bantsi ba beile ditiro tsa semoya kwa pele ga ditiro tsa bone tsa boitshediso.

7. Mokaulengwe mongwe o ne a segofadiwa jang ka ntlha ya go batla Bogosi pele?

7 Akanya ka Jean-Claude, wa kwa Central African Republic. Ke mogolwane yo o nyetseng yo o nang le bana ba le bararo. Kwa nageng eo, go thata go bona tiro mme batho ba le bantsi ba ka dira sengwe le sengwe gore ba se ka ba latlhegelwa ke tiro. Letsatsi lengwe manejara o ne a bolelela Jean-Claude gore a simolole go bereka bosigo—a simolole ka 6:30 p.m., beke yotlhe. Jean-Claude o ne a mo tlhalosetsa gore ga a tlamele lelapa la gagwe ka dilo tsa senama fela, gape o tshwanetse go le tlamela ka dilo tsa semoya. Gape o ne a mmolelela gore o na le boikarabelo jwa go thusa phuthego. Manejara o ne a mo araba a reng? “Fa o le lesego go bona tiro o tshwanetse go lebala dilo tsotlhe tse dingwe, go akaretsa mosadi wa gago, bana ba gago le mathata a gago. O tshwanetse go tshelela tiro ya gago—e seng sepe gape. Itlhophele gore ke eng se se leng botlhokwa mo go wena: bodumedi jwa gago kgotsa tiro ya gago.” Wena o ka bo o dirile eng? Mme gone, Jean-Claude o ne a itse gore fa a ka felelwa ke tiro, Modimo o tla mo tlhokomela. O ne a sa ntse a tla nna le mo gontsi go go dira mo tirelong ya Modimo, mme Jehofa o ne a tla mo thusa go tlhokomela lelapa la gagwe ka dilo tse le di tlhokang. Ka jalo, o ne a ya dipokanong tse di latelang tsa mo gare ga beke. Morago ga moo, o ne a ipaakanyetsa go ya tirong, a sa tlhomamisega gore a mme o sa ntse a tla letliwa go tswelela ka tiro ya gagwe. Ka yone nako eo, o ne a amogela mogala. Manejara o ne a kobilwe mo tirong, mme mokaulengwe wa rona o ne a sa ntse a na le tiro.

8, 9. Re ka etsa baperesiti le Balefi jang ka go dira Jehofa kabelo ya rona?

8 Bangwe ba ba kileng ba nna mo boemong jwa go batla ba latlhegelwa ke tiro ba ka tswa ba ne ba ipotsa, ‘Ke tla diragatsa jang boikarabelo jwa me jwa go tlamela lelapa la me?’ (1 Tim. 5:8) Le fa o ka tswa o kile wa lebana le boemo jo bo ntseng jalo kgotsa nnyaa, maitemogelo a o ka tswang o na le one a ka go tlhomamisetsa gore ga o ka ke wa swaba fa o dirile Modimo kabelo ya gago e bile o tseela kwa godimo tshiamelo ya go mo direla. Fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe go nna ba batla pele bogosi, o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Dilo tse dingwe tseno tsotlhe”—tse di jaaka dijo, dino kgotsa diaparo—“lo tla di okelediwa.”—Math. 6:33.

9 Akanya ka Balefi ba ba neng ba se ka ba amogela lefatshe e le boswa. E re ka ba ne ba tshwenyegile thata ka kobamelo e e itshekileng, ba ne ba tshwanelwa ke go ikaega ka Jehofa gore a ba tlamele, ka gonne o ne a ba bolelela jaana: “Ke nna kabelo ya gago.” (Dipa. 18:20) Le fa re sa direle kwa tempeleng ya mmatota jaaka baperesiti le Balefi ba ne ba dira, re ka etsa moya wa bone, re na le tsholofelo ya gore Jehofa o tla re tlamela. Go botlhokwa thata go ikanya Modimo gore o na le maatla a go re tlamela, e re ka re ntse re tsenelela kwa teng mo malatsing a bofelo.—Tshen. 13:17.

Go Batla Pele Tshiamo ya Modimo

10, 11. Bangwe ba ile ba ikanya Jehofa jang malebana le tiro ya bone ya boitshediso? Naya sekai.

10 Gape Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe ‘go nna ba batla pele tshiamo ya Modimo.’ (Math. 6:33) Seno se kaya go baya melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se sa siamang kwa pele ga ditlwaelo tsa batho. (Bala Isaia 55:8, 9.) O ka tswa o gakologelwa gore mo nakong e e fetileng, batho ba le mmalwa ba ne ba rekisa motsoko, ba bangwe ba o lema, ba thapisetsa ba bangwe ntwa, kgotsa ba dira dibetsa tsa ntwa le go di rekisa. Morago ga go itse boammaaruri, bontsi jwa bone bo ne jwa tlhopha go fetola ditiro tsa bone mme ba tshwanelegela go kolobediwa.—Isa. 2:4; 2 Bakor. 7:1; Bagal. 5:14.

11 Andrew ke sekao sa seo. Fa ene le mosadi wa gagwe ba ne ba ithuta ka ga Jehofa, ba ne ba ikemisetsa go mo direla. Andrew o ne a rata tiro ya gagwe thata, le fa go ntse jalo, o ne a e tlogela. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a berekela mokgatlho o o neng o na le seabe mo ntweng mme o ne a ititeile sehuba gore o tla baya tshiamo ya Modimo pele. Fa Andrew a tlogela tiro eo o ne a na le bana ba babedi, a se na lotseno e bile a na le madi a a neng a ka ba tshwarelela dikgwedi di le mmalwa fela. Go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, go ne go ka bonala e kete ga a na ‘boswa.’ O ne a batla tiro, a ikantse Modimo. Fa ene le ba lelapa la gagwe ba gopola kwa morago, ba ka totobatsa gore seatla sa ga Jehofa ga se sekhutshwane. (Isa. 59:1) Ka go tlhofofatsa botshelo jwa bone, Andrew le mosadi wa gagwe ba ne ba bo ba nna le tshiamelo ya go nna mo tirelong ya nako e e tletseng. A re: “Go ne ga nna le dinako tse ka tsone re neng ra tlhobaela ka madi, ntlo, boitekanelo le kgang fela ya gore re a tsofala. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nna a re eme nokeng. . . . Re ka bua re se na pelaelo epe gore, ruri go direla Jehofa ke selo se se molemolemo le se se kgotsofatsang se motho a ka lekang go se dira.” *Mor. 12:13.

12. Ke nonofo efe e e tlhokegang gore o beye melao ya Modimo kwa pelepele? Umaka dikai tsa lefelo la lona.

12 Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Fa lo na le tumelo ya bogolo jwa tlhaka ya mosetara, lo tla raya thaba eno lo re, ‘Fuduga fano o ye fale,’ mme e tla fuduga, ga go na sepe se se tla nnang se sa kgonege mo go lona.” (Math. 17:20) A o ne o ka kgona go baya melao ya Modimo kwa pelepele fa seo se ne se ka felela ka mathata? Fa o sa tlhomamisega gore o ka dira jalo, bua le maloko a mangwe a phuthego. Ga go pelaelo gore go utlwa maitemogelo a bone go tla go lapolosa semoyeng.

Go Anaanela Dilo Tsa Semoya Tse Jehofa a re Baakanyeditseng Tsone

13. Fa re dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa, re ka solofela gore o tla re direla eng?

13 Fa o tseela kwa godimo tshiamelo ya gago ya go direla Jehofa, o ka tlhomamisega gore o tla go tlamela ka dilo tse o di tlhokang semoyeng le mo nameng, fela jaaka a ne a tlamela Balefi. Akanya ka Dafide. Le fa a ne a le mo legageng, o ne a ka ikaega ka Modimo gore a mo tlamele. Le rona re ka ikaega ka Jehofa le fa re bona e kete ga re na kgoro ya botso. Gakologelwa gore fa Asafe a ne a tla mo “lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo,” o ne a lemoga se tota se neng se mo ngomola pelo. (Pes. 73:17) Le rona re tshwanetse go batla thuso kwa Modimong, yo e leng Motswedi wa dijo tsa rona tsa semoya. Ka jalo, re bontsha gore re anaanela tshiamelo ya go direla Modimo le fa re ka tswa re lebane le maemo afe. Ka go dira jalo re tla bo re letla Jehofa e nna kabelo ya rona.

14, 15. Re tshwanetse go itshwara jang fa go nna le lesedi le le oketsegileng ka ditemana dingwe, mme ka ntlha yang?

14 O itshwara jang fa Jehofa, Motswedi wa lesedi la semoya, a re phatsimisetsa lesedi mo ‘dilong tse di boteng tsa Modimo’ tse di fitlhelwang mo Baebeleng? (1 Bakor. 2:10-13) Re na le sekao se se molemolemo sa kafa moaposetoloi Petere a ileng a itshwara ka gone fa Jesu a ne a bolelela bareetsi ba Gagwe jaana: “Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo na botshelo mo go lona.” E re ka bontsi jwa barutwa ba ne ba tsaya mafoko ao jaaka a ntse ba ne ba re: “Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?” Ba ne “ba ya kwa dilong tse ba di tlogetseng kwa morago.” Mme Petere o ne a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.”—Joh. 6:53, 60, 66, 68.

15 Petere o ne a sa tlhaloganye ka botlalo se Jesu a neng a se bua ka go ja nama ya Gagwe le go nwa madi a Gagwe. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi yono o ne a ikaega ka Modimo gore a mo neye lesedi la semoya. Fa lesedi la semoya le phatsima mo dikgannyeng dingwe, a o leka go tlhaloganya mabaka a Dikwalo a go bo go dirilwe phetogo eo? (Dia. 4:18) Baberea ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba amogela lefoko “ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi.” (Dit. 17:11) Go ba etsa go tla nonotsha kanaanelo ya tshiamelo e o nang le yone ya go direla Jehofa, o mo dira kabelo ya gago.

Go Nyala mo Moreneng Fela

16. Modimo e ka nna kabelo ya rona jang go ya ka taelo e e fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 7:39?

16 Karolo nngwe e mo go yone Bakeresete ba tshwanetseng go nna ba gakologetswe boikaelelo jwa Modimo ke ka go dirisa kgakololo e e mo Baebeleng ya go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Batho ba le bantsi ba tlhophile go se nne mo lenyalong go na le go itlhokomolosa kgakololo eno ya Modimo. Modimo o amogela ba ba ntseng jalo ka bopelonomi. Dafide o ne a dira eng fa a ne a ikutlwa a kgobegile marapo ka gonne a se na tsala e bile go bonala go se ope yo o ka mo thusang? O ne a re: “Ke ne ka nna ka tshololela matshwenyego a me fa pele ga [Modimo]; ke ne ka tswelela ka bolela tlalelo ya me fa pele ga gagwe, fa moya wa me o ne o koafala mo teng ga me.” (Pes. 142:1-3) Moporofeti Jeremia yo o neng a direla Modimo ka masomesome a dingwaga a sa nyala, a ka tswa a nnile le maikutlo a a ntseng jalo. Gongwe o ka batla go ithuta ka sekao sa gagwe se se tlhalositsweng mo kgaolong ya 8 ya buka ya Modimo o Bua le Rona ka Jeremia.

17. Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang o lebana jang le go jewa ke bodutu ka dinako dingwe?

17 Kgaitsadi mongwe wa kwa United States a re: “Ga se maikemisetso a me go nna ke sa nyalwa. Ke sa ntse nka dumela go nyalwa fa nka kopana le motho yo o ntshiametseng. E re ka Mmè e se modumedi, o ne a leka go ntlhotlheletsa gore ke nyale mongwe le mongwe fela yo o nkopang lenyalo. Ke ne ka mmotsa gore a o batla go ikutlwa molato fa lenyalo la me le ka se atlege. Fa nako e ntse e ya, o ne a bona gore ke na le tiro e e tlhomameng, ke kgona go itlhokomela e bile ke itumetse. O ne a tlogela go ntsenya letsatsi.” Ka dinako dingwe kgaitsadi yono o ikutlwa a jewa ke bodutu. A re: “Fa seo se direga ke leka go ikanya Jehofa. Le ka motlha ga a nke a ntatlha.” Ke eng se se mo thusitseng gore a ikanye Jehofa? A re: “Thapelo e nthusa gore ke itse gore Modimo ke motho wa mmatota le gore ga ke esi. Mogodimodimo wa lobopo o reeditse, ka jalo ke ikutlwa ke na le seriti e bile ke itumetse.” E re ka a ne a tlhomamisegile gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng,” o ne a re: “Ke leka go ithaopela go thusa ba bangwe ke sa lebelela sepe go tswa mo go bone. Fa ke akanya gore, ‘Nka dira eng go thusa motho yono?’ ke ikutlwa ke itumetse.” (Dit. 20:35) Ee ruri, o dirile Jehofa kabelo ya gagwe, mme o itumelela tshiamelo ya go mo direla.

18. Jehofa a ka go dira kabelo ya gagwe jang?

18 Go sa kgathalasege gore o lebane le boemo bofe, o ka dira gore Modimo e nne kabelo ya gago. Fa o dira jalo o tla nna mongwe wa batho ba gagwe ba ba itumetseng. (2 Bakor. 6:16, 17) Seo se ka felela ka gore o nne kabelo ya ga Jehofa, fela jaaka go ne go ntse ka ba bangwe mo nakong e e fetileng. (Bala Duteronome 32:9, 10.) Fela jaaka Iseraele e ne ya nna kabelo ya Modimo mo gare ga ditšhaba, le wena a ka go dira gore o nne wa gagwe mme a go tlhokomela ka lorato.—Pes. 17:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Bona Tsogang! ya November 2009, tsebe 12-14.

O Tla Araba Jang?

O ka dira jang gore Jehofa e nne kabelo ya gago

• ka go batla pele Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe?

• ka go bontsha gore o anaanela dijo tsa semoya?

• ka go ikobela taelo ya Modimo ya go nyala fela mo Moreneng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Jehofa e nna kabelo ya rona fa re dira gore tirelo ya gagwe e nne selo se re amegileng thata ka sone

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Sekao sa ga Jeremia se a kgothatsa