Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Itsiwe ke Jehofa?

A o Itsiwe ke Jehofa?

A o Itsiwe ke Jehofa?

“Jehofa o itse ba e leng ba gagwe.”—2 TIM. 2:19.

1, 2. (a) Jesu o ne a tshwenyegile ka eng? (b) Re tshwanetse go sekaseka dipotso dife?

LETSATSI lengwe Mofarasai mongwe o ne a ya kwa go Jesu mme a mmotsa jaana: “Taelo e kgolo thata mo Molaong ke efe?” Jesu o ne a mo araba a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Math. 22:35-37) Jesu o ne a rata Rraagwe yo o kwa legodimong thata mme o ne a tshela go dumalana le mafoko ao. Gape Jesu o ne a tshwenyegile thata ka boemo jwa gagwe le Jehofa, mme o ne a bontsha seo ka go tshela ka boikanyegi. Ka jalo, nakwana pele ga loso lwa gagwe, o ne a ka bolela gore Modimo o mo itse e le motho yo o neng a ikobela melao ya Gagwe ka boikanyegi. Ka ntlha ya seo, Jesu o ne a nnela ruri mo loratong lwa ga Jehofa.—Joh. 15:10.

2 Batho ba le bantsi gompieno ba ipolela fa ba rata Modimo. Mme ga go pelaelo gore le rona re a ikakaretsa mo bathong bao. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko dintlha tseno tse di masisi: ‘A ke itsiwe ke Modimo? Jehofa o nteba jang? A ke itsiwe ke le wa gagwe?’ (2 Tim. 2:19) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go akanya ka go nna le kamano e e gaufi jaana le Molaodimogolo wa lobopo!

3. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba belaela gore e ka nna ba ga Jehofa, mme ke eng se se tla ba thusang go lwantsha kakanyo eo?

3 Le fa go ntse jalo, bangwe ba ba ratang Jehofa thata ba fitlhela e le kgwetlho go dumela gore Modimo e ka nna tsala ya bone. Bangwe ba ikutlwa e se batho ba sepe, ka jalo ba belaela kgang ya gore e ka nna ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ruri re ka itumelela go itse gore Modimo o re leba ka tsela e e farologaneng! (1 Sam. 16:7) Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresetemmogo le ene jaana: “Fa mongwe a rata Modimo, yono o itsiwe ke ene.” (1 Bakor. 8:3) Selo sa botlhokwa se o tshwanetseng go se dira pele gore o itsewe ke Modimo, ke gore o mo rate. Akanya ka seno: Ke ka ntlha yang fa o bala makasine ono? Ke eng fa o lwela go direla Jehofa ka pelo ya gago yotlhe, moya, mogopolo le maatla a gago otlhe? Fa e le gore o ineetse mo Modimong e bile o kolobeditswe, ke eng se se dirileng gore o tseye dikgato tseo? Baebele e bontsha gore Jehofa o tlhatlhoba dipelo, mme o gogela ba ba eletsegang kwa go ene. (Bala Hagai 2:7; Johane 6:44.) Ka jalo, o ka swetsa ka gore o direla Jehofa ka gonne a go gogetse kwa go ene. A ka se ka a tlogela batho ba a ba gogetseng kwa go ene fa ba nna ba ikanyega. Modimo o ba leba ba le botlhokwa thata mo go ene, mme o ba rata thata.—Pes. 94:14.

4. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re akanya ka go nna re itsiwe ke Modimo?

4 Fa Jehofa a setse a re gogetse kwa go ene, re tshwanetse go amega ka go nna re ipolokile mo loratong lwa gagwe. (Bala Jude 20, 21.) Gakologelwa gore Baebele e bontsha gore go a kgonega gore re ka katogela go sele kgotsa ra katogela kgakala le Modimo. (Baheb. 2:1; 3:12, 13) Ka sekai, pele fela ga gore moaposetoloi Paulo a bue mafoko a a mo go 2 Timotheo 2:19, o ne a umaka Himenaeo le Fileto. Go bonala nako nngwe banna bao boobabedi e ne e le ba ga Jehofa, mme moragonyana ba ne ba katogela kgakala le boammaaruri. (2 Tim. 2:16-18) Gakologelwa gape gore, mo diphuthegong tsa kwa Galatia, bangwe ba ba neng ba itsiwe ke Modimo, ga ba a ka ba tswelela ba le mo leseding la semoya le ba kileng ba bo ba le mo go lone. (Bagal. 4:9) A le ka motlha re se ka ra tseela kwa tlase boemo jo bo botlhokwatlhokwa jo re nang le jone le Modimo.

5. (a) Dingwe tsa dinonofo tse Modimo a di tsayang di le botlhokwa ke dife? (b) Re tla sekaseka dikao dife?

5 Go na le dinonofo dingwe tse Jehofa a di tsayang di le botlhokwa thata. (Pes. 15:1-5; 1 Pet. 3:4) Tumelo le boikokobetso di ne di tlhaola bangwe ba batho ba ba neng ba itsiwe ke Modimo. A re sekasekeng dikao tsa banna ba babedi go bona kafa dinonofo tseno di ileng tsa dira gore Jehofa a ba rate ka gone. Gape re tla ithuta ka monna mongwe yo o neng a akanya gore o itsiwe ke Modimo, a nna boikgogomoso mme a lemoga gore Jehofa o ne a mo latlhile. Re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa mo dikaong tseno.

Rre Wa ba Ba Nang le Tumelo

6. (a) Aborahame o ne a bontsha jang gore o na le tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa? (b) Jehofa o ne a itse Aborahame ka tsela efe?

6 Aborahame e ne e le monna yo o neng “a dumela mo go Jehofa.” Tota e bile, o bidiwa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.” (Gen. 15:6; Bar. 4:11) Ka tumelo, Aborahame o ne a tlogela legae la gagwe le dilo tse a neng a na le tsone mme a ya kwa lefatsheng le le kwa kgakala. (Gen. 12:1-4; Baheb. 11:8-10) Dingwaga di le dintsi morago ga foo, tumelo ya ga Aborahame e ne e sa ntse e nonofile. Seno se ne sa bonala fa go ne go “tshwana le fa a ne a isitse Isake [morwawe go nna] tshupelo” e le go ikobela taelo ya ga Jehofa. (Baheb. 11:17-19) Aborahame o ne a bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa, ka jalo Modimo o ne a mo leba e le yo o kgethegileng; o ne a itse Aborahame sentle. (Bala Genesise 18:19.) Ga se gore Jehofa o ne a itse fela gore Aborahame o a tshela; o ne a mo rata jaaka tsala.—Jak. 2:22, 23.

7. Go molemo go ela tlhoko eng ka go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa, mme seno se ne sa ama Aborahame jang?

7 Go molemo go ela tlhoko gore fa Aborahame a ne a tshela ga a ka a amogela lefatshe le a neng a le solofeditswe e le boswa. Gape ga a ka a bona losika lwa gagwe lo nna “jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle.” (Gen. 22:17, 18) Le fa Aborahame a sa bona ditsholofetso tseno di diragadiwa, o ne a tswelela a na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. O ne a itse gore fa Modimo a buile lefoko, go ne go tshwana le gore le diragaditswe. Ruri Aborahame o ne a tshela go dumalana le tumelo eo. (Bala Bahebera 11:13.) A Jehofa o re itse re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aborahame?

Go Letela Jehofa ke Letshwao la Tumelo

8. Ke dikeletso dife tse di tshwanelang tse bangwe ba batlang go bona di diragadiwa?

8 Re ka tswa re na le dikeletso tse re batlang go bona di diragadiwa. Lenyalo, go nna le bana le botsogo jo bo siameng ke dingwe tsa dikeletso tsa tlholego le tse go tshwanelang gore re nne le tsone. Le fa go ntse jalo, dikeletso tsa bontsi jwa rona di ka nna tsa se ka tsa diragadiwa. Fa e le gore go ntse jalo ka rona, tsela e re lebanang le boemo joo ka yone e ka supa gore re na le tumelo e e kana kang.

9, 10. (a) Bangwe ba ile ba batla go diragatsa dikeletso tsa bone jang? (b) O ikutlwa jang ka go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo?

9 Ruri go tla bo go se botlhale go batla gore dikeletso tseno di diragadiwe ka tsela e e kgatlhanong le botlhale jwa bomodimo. Seo e tla bo e le go ipolaya semoyeng. Ka sekai, bangwe ba ile ba tlhopha mefuta ya kalafi e e kgatlhanong le dikgakololo tsa ga Jehofa. Ba bangwe ba ile ba amogela tiro e e dirang gore ba nne kgakala le malapa a bone kgotsa ba se ka ba nna gone kwa dipokanong tsa phuthego. Kgotsa go tweng ka go ratana le motho yo e seng modumedi? Fa Mokeresete a tshela botshelo jo bo ntseng jalo, a tota o batla go itsiwe ke Jehofa? Jehofa a ka bo a ile a ikutlwa jang fa Aborahame a ka bo a ile a fela pelo malebana le go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo mo go ene? Go tweng fa Aborahame a ka bo a ile a ipagololela mogodu mme a tlhaba kgobe ka mmutlwa a bo a itirela leina go na le go letela Jehofa? (Bapisa le Genesise 11:4.) A a ka bo a ile a tswelela e le tsala ya ga Jehofa?

10 Ke dilo dife tse o eletsang go bona di diragadiwa? A tumelo ya gago e nonofile gore o ka letela Jehofa, yo o solofetsang go kgotsofatsa dikeletso tsa gago tse di siameng? (Pes. 145:16) Fela jaaka go ne ga direga ka Aborahame, go diragadiwa ga dingwe tsa ditsholofetso tsa Modimo go ka nna ga se ka ga tla ka bonako jaaka re ne re ka rata. Le fa go ntse jalo, Jehofa o a anaanela fa re nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Aborahame mme re dira go dumalana le yone. Ga go pelaelo gore go dira jalo kgabagare go tla re solegela molemo.—Baheb. 11:6.

Pharologanyo Magareng ga Boikokobetso le Boikgogomoso

11. Kora a ka tswa a ile a nna le ditshiamelo dife, mme seno se ne se bontsha gore o ne a ikutlwa jang ka Modimo?

11 Moshe le Kora ba farologana thata, fa go tla mo kgannyeng ya go tlotla thulaganyo ya ga Jehofa le ditshwetso tsa gagwe. Tsela e ba neng ba itshwara ka yone e ne ya ama kafa Jehofa a ileng a ba leba ka gone. Kora e ne e le Molefi wa Mokohathe mme o ne a na le ditshiamelo tse dintsi tse di ka tswang di ne di akaretsa go bona setšhaba se gololwa mo Lewatleng le Lehibidu, go ema nokeng katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le Baiseraele ba ba seng kutlo kwa Thabeng ya Sinai, le go nna le seabe mo go tsamaiseng letlole la kgolagano. (Ekes. 32:26-29; Dipa. 3:30, 31) Go lebega a ile a ikanyega mo go Jehofa dingwaga di le dintsi e bile e le sekao se se molemo mo bathong ba le bantsi mo kampeng ya Iseraele.

12. Jaaka go bontshitswe mo go tsebe 28 boikgogomoso bo ile jwa ama jang go itsiwe ga ga Kora ke Modimo?

12 Le fa go ntse jalo, fa setšhaba sa Iseraele se ne se le mo tseleng se ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Kora o ne a bona se a neng a akanya gore ke mathata mo thulaganyong ya Modimo. Go tswa foo, banna ba bangwe ba le 250 ba ba etelelang pele mo setšhabeng ba ne ba ema Kora nokeng fa a ne a leka go dira diphetogo. Kora le ba bangwe ba ka tswa ba ne ba tlhomamisegile ka kamano ya bone le Jehofa. Ba ne ba raya Moshe ba re: “Go lekane ka [wena], ka gonne batho ba phuthego yotlhe ba boitshepo e bile Jehofa o mo gare ga bone.” (Dipa. 16:1-3) A bo ba ne ba na le boikutlo jwa go itshepa thata le jwa go ikgogomosa jang ne! Moshe o ne a ba raya a re: “Jehofa o tla itsise gore ke mang yo e leng wa gagwe.” (Bala Dipalo 16:5.) Fa letsatsi le le latelang le wela, Kora le botlhe ba ba neng ba tsuologa le ene ba ne ba sule.—Dipa. 16:31-35.

13, 14. Moshe o ne a bontsha boikokobetso ka ditsela dife?

13 Go farologana le Kora, Moshe e ne e le “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipa. 12:3) O ne a bontsha go nna bonolo le boikokobetso ka go ikemisetsa go latela ditaelo tsa ga Jehofa. (Ekes. 7:6; 40:16) Ga go sepe se se bontshang gore Moshe o ne a belaela tsela e Jehofa a neng a dira dilo ka yone, kgotsa gore o ne a tenwa ke go latela dithulaganyo tse Jehofa a neng a di dirile. Ka sekai, Jehofa o ne a ntsha ditaelo tse di malebana le sengwe le sengwe se se neng se tshwanetse go dirwa fa go agiwa motlaagana, ditaelo tse di jaaka mmala wa tlhale le palo ya digwe tse di tshwanetseng go dirisiwa fa go dirwa matsela a mogope. (Ekes. 26:1-6) Fa molebedi mo phuthegong ya Modimo a go naya ditaelo tse go bonalang di na le dintlha tse dintsi, ka dinako dingwe o ka nna wa fela pelo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ke molebedi yo o molemo, yo o abelang batlhanka ba gagwe tiro mme o a ba ikanya gore ba tla e dira. Fa a ntsha dintlha tse dintsi, o a bo a na le lebaka le le utlwalang. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Moshe ga a ka a tenega ka go bo Jehofa a ile a mo naya ditaelo tseo tse dintsi, a tsaya gore Jehofa o a mo nyatsa kgotsa o dira e kete ga a kgone go itirela ditshwetso. Go na le moo, Moshe o ne a tlhomamisa gore badiri “ba dira fela jalo” fa ba latela ditaelo tsa Modimo. (Ekes. 39:32) Ruri seno e ne e le go bontsha boikokobetso! Moshe o ne a lemoga gore e ne e le tiro ya ga Jehofa le gore Modimo o ne a mo dirisa gore a dire tiro eo.

14 Gape boikokobetso jwa ga Moshe bo ne jwa bonala fa a ne a lebane le maemo a a thata a a neng a mo ama. Ka lekgetlho lengwe, fa Moshe a ne a dirisana le batho ba ba neng ba ngongorega, o ne a palelwa ke go bontsha boikgapo mme a se ka a tlotlomatsa Modimo. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a raya Moshe a re ga a kitla a tsenya Baiseraele mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipa. 20:2-12) Ene le Arone morwarraagwe ba ne ba sa bolo go itshokela go ngongorega ga Baiseraele dingwaga di le dintsi. Ka jalo, e re ka Moshe a ne a dira phoso ka lekgetlho leo le le lengwe, o ne a se kitla a itumelela se a neng a sa bolo go se emela! Moshe o ne a itshwara jang? Le fa go utlwala go bo Moshe a ile a utlwa botlhoko, o ne a nna boikokobetso mme a amogela tshwetso ya ga Jehofa. O ne a itse gore Jehofa ke Modimo yo o siameng mme ga a na tshiamololo. (Dute. 3:25-27; 32:4) Fa o akanya ka Moshe, a o akanya ka ene e le yo o itsiweng ke Jehofa?—Bala Ekesodo 33:12, 13.

Go Ikobela Jehofa go Tlhoka Boikokobetso

15. Re ka ithuta eng mo go se Kora a ileng a se dira ka boikgogomoso?

15 Tsela e re itshwarang ka yone fa go nna le diphetogo mo phuthegong ya lefatshe lotlhe ya Bokeresete le fa ba ba etelelang pele mo go yone ba dira ditshwetso, e ama kafa Jehofa a re itseng ka gone. Kora le ditsala tsa gagwe ba ne ba ikgaoganya le Modimo ka go itshepa thata, go ikgogomosa le ka go tlhoka tumelo. Le fa go ya ka Kora, Moshe yo o tsofetseng e le ene a neng a dira ditshwetso tsa letsatsi le letsatsi, tota e ne e le Jehofa yo o neng a kaela setšhaba seo. Kora ga a ka a lemoga ntlha eo mme ka jalo, a palelwa ke go bontsha boikanyegi mo bathong ba Modimo a neng a ba dirisa. Ruri go ka bo go ile ga nna botlhale gore Kora a letele Jehofa gore a dire diphetogo fa e le gore ruri di ne di tlhokega. Ka jalo, kwa bokhutlong Kora o ne a senya rekoto ya gagwe ya go direla Jehofa ka boikanyegi ka ditiro tsa gagwe tsa boikgogomoso!

16. Go latela sekao sa ga Moshe sa boikokobetso go ka ama jang go itsiwe ga rona ke Jehofa?

16 Gompieno pego eo e naya bagolwane le ba bangwe mo phuthegong tlhagiso e e masisi. Go letela Jehofa re bo re latela ditaelo go tswa mo go ba ba tlhomilweng go etelela pele, go tlhoka boikokobetso. A re bontsha boikokobetso le bonolo jaaka Moshe? A re lemoga boemo jwa ba ba re eteletseng pele e bile re ikobela ditaelo tse re di newang? A re kgona go laola maikutlo a rona fa re swabisiwa ke sengwe? Fa go ntse jalo, le rona re tla amogelwa ke Jehofa. Boikokobetso jwa rona le go mo ikobela go tla dira gore a re rate.

Jehofa o Itse ba e Leng ba Gagwe

17, 18. Ke eng se se ka re thusang go tswelela re itsege re le ba ga Jehofa?

17 Go molemo go akanya ka batho ba Jehofa a ileng a ba gogela kwa go ene le ba a neng a ba itse le go ba amogela. Aborahame le Moshe ba ne ba sa itekanela e bile ba ne ba na le makoa fela jaaka rona. Mme gone, Jehofa o ne a ba itse e le ba gagwe. Le fa go ntse jalo, sekao sa ga Kora se bontsha gore go a kgonega gore re katogele kgakala le Jehofa le gore a se tlhole a re itse le go re amogela. Go molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘Jehofa o akanya eng ka nna? Nka ithuta eng mo dikaong tseno tse di mo Baebeleng?’

18 Re kgothadiwa thata ke go itse gore Jehofa o leba batho ba ba ikanyegang ba a ba gogetseng kwa go ene e le ba gagwe. Tswelela o nna le tumelo, boikokobetso le dinonofo tse dingwe tse di tla dirang gore Modimo a tswelele a go rata. Ga go pelaelo gore go itsewe ke Jehofa ke tshiamelo e kgolo e e dirang gore gone jaanong re kgotsofale mo botshelong, le e e tla re leretseng masego a a itumedisang mo isagweng.—Pes. 37:18.

A o A Gakologelwa?

• O ka nna le boemo bofe jo bo molemo le Jehofa?

• O ka etsa tumelo ya ga Aborahame jang?

• Re ka ithuta dithuto dife mo go Kora le Moshe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Fela jaaka Aborahame, a re na le tumelo ya gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe ka botlalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Kora o ne a sa ikemisetsa go ikobela ditaelo ka boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

A o itsewe ke Jehofa o le motho yo o ikobelang ditaelo ka boikokobetso?