Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

1 Modimo ke Masaitseweng—A Seo se Boammaaruri?

1 Modimo ke Masaitseweng—A Seo se Boammaaruri?

1 Modimo ke Masaitseweng—A Seo se Boammaaruri?

Se o ka tswang o se utlwile: “Ditiro tsa Modimo di ka se tlhaloganngwe.”

“Rara Yo o Ka se Tlhaloganngweng, Morwa Yo o Ka se Tlhaloganngweng le Moya o o Boitshepo O o Ka se Tlhaloganngweng.”—Tumelo ya Motheo ya Ba-Athanasius, e e tlhalosang thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe e e rutiwang ke dikereke tse dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete.

Se Baebele e se rutang: Jesu o ne a re batho ba ba ‘tsenyang kitso ka Modimo yo o esi wa boammaaruri’ ba ne ba tla bona masego. (Johane 17:3) Mme gone re ka tsenya kitso ka Modimo jang fa e le gore ke masaitseweng? Jehofa ga a itire masaitseweng mme o batla gore batho botlhe ba mo itse.—Jeremia 31:34.

Gone ke boammaaruri gore ga re ka ke ra itse sengwe le sengwe ka Modimo. Re ka lebelela seno ka gonne dikakanyo le ditsela tsa gagwe di kwa godimo ga tsa rona.—Moreri 3:11; Isaia 55:8, 9.

Kafa go itse boammaaruri go go thusang ka teng: Fa e le gore Modimo ke masaitseweng e bile a ka se tlhaloganngwe, ke eng fa re tshwanetse go leka go mo itse? Mme ga a re thuse fela gore re mo tlhaloganye, gape o re thusa gore re nne le kamano e e gaufi le ene. Modimo o ne a bitsa monna yo o ikanyegang e bong Aborahame “tsala ya me,” mme Kgosi Dafide wa kwa Iseraele o ne a kwala jaana: “Go atamalana thata le Jehofa ke ga ba ba mmoifang.”—Isaia 41:8; Pesalema 25:14.

A go lebega go ka se kgonege go nna le kamano e e gaufi le Modimo? Gongwe go ka lebega jalo. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko mafoko a a mo go Ditiro 17:27: “[Modimo ga a] kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” Ka tsela efe? Modimo o dirisa Baebele go re naya tshedimosetso e re e tlhokang gore re mo itse sentle. *

O re bolelela leina la gagwe e bong Jehofa. (Isaia 42:8) O kwadile kafa a neng a dirisana le batho ka gone gore re kgone go itse gore ke Modimo yo o ntseng jang. Mo godimo ga moo, Modimo o re senolela maikutlo a gagwe. O ‘kutlwelobotlhoko, o pelontle, o bonya go galefa e bile o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.’ (Ekesodo 34:6) Se re se dirang se ka ama maikutlo a gagwe. Ka sekai, setšhaba sa Iseraele wa bogologolo se ne sa “mo utlwisa botlhoko” fa se ne se mo tsuologela, mme ba ka botlhale ba itlhophelang go mo ikobela ba a mo ipedisa.—Pesalema 78:40; Diane 27:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se Baebele e se rutang ka Modimo, bona kgaolo 1 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Fa e le gore Modimo ke medimo e le meraro mo go a le mongwe wa masaitseweng, tota re ka mo itse jang?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

The Trinity c.1500, Flemish School, (16th century)/H. Shickman Gallery, New York, USA / The Bridgeman Art Library International