Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

2 Modimo ga a Amege ka Rona—A seo se Boammaaruri?

2 Modimo ga a Amege ka Rona—A seo se Boammaaruri?

2 Modimo ga a Amege ka Rona—A seo se Boammaaruri?

Se o ka tswang o se utlwile: “Fa Modimo a ka bo a amega ka batho, o ne a tla fedisa bosula le pogo mo lefatsheng. Tota le fa e le gore o amega ka batho ka kakaretso, ga a amege ka nna.”

Se Baebele e se rutang: Jehofa Modimo ga se ene a bakang bosula. (Jakobe 1:13) Le fa Modimo a ka kgona go tlosa bosula ka nako epe fela, gone jaanong o letlelela batho ba ba seng kutlo gore ba tswelele ba le teng gore go tle go rarabololwe dikgang tse di malebana le se se siameng le se se sa siamang tse di neng tsa tsoga kwa tshimologong ya hisitori ya motho. Kgabagare Modimo o tla thusa batho e bile o tla fedisa mathata otlhe a a bakilweng ke batho ba ba ganang puso ya gagwe.—Genesise 3:1-6; Isaia 65:17. *

Kwantle ga gore Modimo o amega ka batho botlhe, gape o rata mongwe le mongwe wa rona fela thata. Mathaio 10:29-31 e bontsha gore o itse dilo tse tota le rona re sa di itseng ka mebele ya rona: “A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.”

Kafa go itse boammaaruri go go thusang ka teng: Gantsi re tila batho ba ba setlhogo le ba ba sa amegeng ka ba bangwe. Ga go gakgamatse go bo maaka a gore Modimo ga a amege ka batho a dirile gore ba le bantsi ba se ka ba batla go mo itse gotlhelele kgotsa ba bue le ene fela fa ba bona go se sepe se ba ka se dirang. Go itse gore Jehofa Modimo o amega ka wena go ka dira gore o batle go ithuta mo go oketsegileng ka ene le go atamalana le ene.

Ka sekai, o ka tswa o kile wa rapela Modimo mme wa ipotsa gore a o go reeditse kgotsa o tla go araba. Baebele e re tlhomamisetsa gore “Moutlwi wa thapelo” o dira gore batho botlhe ba ba buang le ene ka bopeloephepa ba kgone go dira jalo ka dinako tsotlhe.—Pesalema 65:2.

Modimo a re o ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene, ka gonne o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Re ka ikanya gore o amega ka rona tota le fa re le mo mathateng ka gonne Lefoko la gagwe la re: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Fa e le gore Modimo ga a amege ka rona, ke ka ntlha yang fa a re re mo rapele?