Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

3 Modimo o Setlhogo—A Seo se Boammaaruri?

3 Modimo o Setlhogo—A Seo se Boammaaruri?

3 Modimo o Setlhogo—A Seo se Boammaaruri?

Se o ka tswang o se utlwile: “Modimo o gopola boleo bongwe le bongwe jo batho ba bo dirang a bo a ba duela ka go ba otlhaya ka bosakhutleng kwa molelong wa dihele.”

“Modimo o otlhaya baleofi ka ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego.”

Se Baebele e se rutang: Lekwalo la 2 Petere 3:9 la re Jehofa “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” Ga a tlhome mogopolo mo diphosong tsa rona, mme o o tlhoma mo dilong tse di molemo tse re di dirang. “Matlho a [Modimo] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 Ditiragalo 16:9.

Thuto ya molelo wa dihele ga e tswe mo Baebeleng—kgang fela ya go tlhokofatsa batho ka bosakhutleng e makgapha mo Modimong. Kotlhao e kgolo e a ka e nayang moikepi ke go mo nyeletsa. (Jeremia 7:31; Baroma 6:7) Mme ditiragalo tsa masetlapelo tse di bolayang di sa tlhaole, ga se ditiro tsa Modimo, go na le moo ke ditiragalo tse di sa lebelelwang tse di ka amang mongwe le mongwe.—Moreri 9:11.

Kafa go itse boammaaruri go go thusang ka teng: Re ka atamalana thata le Modimo fa re lemoga gore o “iketleeleditse go itshwarela” e bile ga a bonako go tshwaya phoso. (Pesalema 86:5) Ga re a tshwanela go direla Modimo ka gonne re ikutlwa re le molato kgotsa re boifa gore re tla otlhaiwa. Go na le moo, re ka nonotsha tumelo ya rona ka go nna le maitlhomo a a siameng—go rata Jehofa. Lorato lo lo ntseng jalo lo re rotloetsa go dira bojotlhe jwa rona gore re mo itumedise.—Mathaio 22:36-38; 1 Johane 5:3.

Le fa Modimo a batla gore batho botlhe ba dire se se siameng, o a itse gore ba le bantsi ba ka se dire jalo. Fa a ne a ka se tseye kgato ka batho ba ba ganelelang mo ditirong tse di bosula, o ne a tla bo a tshwana le mmusi yo o tlhomang melao mme a sa tlhomamise gore e a latelwa, a letlelela tshiamololo le pogo di tswelela ka bosakhutleng. (Moreri 8:11) Go itse gore Modimo ga a kitla a letlelela boikepo ka bosakhutleng go dira gore re nne le tsholofelo e e nonofileng ka isagwe. Modimo o solofeditse gore o tla tlosa batho ba ba ganelelang mo go direng ditiro tse di bosula, e le gore “ba ba pelonolo” ba tle ba tshelele ruri mo lefatsheng jaaka a ne a ikaeletse kwa tshimologong.—Pesalema 37:10, 11, 29. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Fa o batla go itse mo go oketsegileng kafa Modimo a tlileng go dira lefatshe paradaise ka gone, bona kgaolo 3 le 8 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

A Modimo o ne a ka batla gore re mo obamele ka gonne re boifa gore o tla re otlhaya?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

Engravings by Doré