Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

4 Modimo ga a Tekatekano—A Seo se Boammaaruri?

4 Modimo ga a Tekatekano—A Seo se Boammaaruri?

4 Modimo ga a Tekatekano—A Seo se Boammaaruri?

Se o ka tswang o se utlwile: “Modimo ke ene a laolang lefatshe, ka jalo sengwe le sengwe se se diregang ke thato ya gagwe. E re ka lefatshe le tletse ka tlhaolele, tshiamololo le kgatelelo, dilo tseno di tshwanetse tsa bo di bakwa ke Modimo.”

Se Baebele e se rutang: Modimo ga se ene a bakang tshiamololo mo lefatsheng. Baebele e tlhalosa Jehofa e re: “Tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.”—Duteronome 32:4.

Modimo o pelotshweu mo bathong botlhe, go akaretsa le ba go lebegang ba sa tshwanelege. Ka sekai, o “tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile [o] nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:45) O tshwara batho ba ditso tsotlhe le merafe yotlhe ka tekatekano, jaaka Ditiro 10:34, 35 e bontsha: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”

Mme ke eng se se bakang tshiamololo? Batho ba le bantsi ba tlhopha go dirisana le ba bangwe ka tsela e e seng tekatekano, ba sa latele sekao sa Modimo sa go nna tshiamiso. (Duteronome 32:5) Gape Baebele e bontsha gore Modimo o letleletse mmaba wa gagwe e bong Diabolo gore a laole lefatshe. * (1 Johane 5:19) Le fa go ntse jalo, nako e ka yone Modimo a ntseng a letleletse puso eno e e seng tekatekano gore e tswelele e le teng, e tloga e fela. O setse a rulagantse kafa a tla ‘senyang ditiro tsa ga Diabolo’ ka gone.—1 Johane 3:8.

Kafa go itse boammaaruri go go thusang ka teng: O ka nna wa gakgamadiwa ke dipego tse di sa feleng tsa boferefere, kgatelelo le tshiamololo. Go itse se se bakang mathata go ka go thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa maemo a le bosula jaana le gore ke eng fa maiteko a batho a go tokafatsa lefatshe a nna a itaya sefololetse. (Pesalema 146:3) Go na le gore o dirise nako e ntsi le maatla o leka go tlisa diphetogo tse e tla nnang tsa nakwana fela, o ka nna le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe, e e nnang gone ka ntlha ya go ikanya ditsholofetso tsa Modimo.—Tshenolo 21:3, 4.

Fa re tlhaloganya sentle se se bakang tshiamololo, seno se ka re thusa go itshokela mathata segolobogolo fa a re ama. Fa re sa tshwarwe ka tekatekano, re ka nna ra bua jaaka motlhanka wa Modimo Habakuke fa a ne a re: “Molao o a koafala, le tshiamiso ga e ke e diragadiwa.” (Habakuke 1:4) Modimo ga a ka a kgalemela Habakuke ka go bo a ne a bua mafoko ao. Go na le moo, Modimo o ne a tlhomamisetsa Habakuke gore o ne a tlhomile nako ya go baakanya dilo a bo a thusa motlhanka yono wa gagwe gore a itumele le fa a lebane le mathata. (Habakuke 2:2-4; 3:17, 18) Ka tsela e e tshwanang, go ikanya tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tlosa tshiamololo go tla go thusa go ritibala le go nna le kagiso ya mogopolo mo lefatsheng leno le le seng tekatekano.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Fa o batla go itse gore Diabolo o nnile gone jang, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

A tota Modimo ke ene a bakang pogo le tshiamololo?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]

© Sven Torfinn/Panos Pictures