Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

5 Modimo o Amogela Kobamelo Yotlhe e e Dirwang ka Bopeloephepa—A Seo se Boammaaruri?

5 Modimo o Amogela Kobamelo Yotlhe e e Dirwang ka Bopeloephepa—A Seo se Boammaaruri?

5 Modimo o Amogela Kobamelo Yotlhe e e Dirwang ka Bopeloephepa—A Seo se Boammaaruri?

Se o ka tswang o se utlwile: “Fela jaaka go na le ditsela tse dintsi tse di isang felo go le gongwe, gape go na le ditsela tse dintsi tse di isang kwa Modimong. Mongwe le mongwe o tshwanetse go ipatlela tsela e e tla mo isang kwa Modimong.”

Se Baebele e se rutang: Re tshwanetse go obamela Modimo ka bopeloephepa re sa itimokanye. Jesu o ne a bolelela baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe gore ke eng fa Modimo a ne a ba latlhile: “Isaia o ne a porofeta sentle ka ga lona baitimokanyi ke lona, jaaka go kwadilwe go twe, ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di katogetse kgakala le nna.’” (Mareko 7:6) Le fa go ntse jalo, go obamela ka bopeloephepa ka bogone ga go tlhomamise gore Modimo o tla amogela kobamelo ya rona.

Jesu o ne a dira gore seno se utlwale sentle ka go senola phoso e kgolo mo kobamelong ya baeteledipele bao ba bodumedi le balatedi ba bone. O ne a bua mafoko ano a Modimo a a lebisitse mo go bone: “Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.” (Mareko 7:7) Kobamelo ya bone e ne e le ya “lefela” kgotsa e se na mosola ka gonne ba ne ba tsaya go latela dingwao tsa bone tsa bodumedi go le botlhokwa go feta go dira se Modimo a se batlang.

Go na le gore Baebele e tshegetse kgang ya gore go na le ditsela tse dintsi tse Modimo a di amogelang tsa go mo obamela, e ruta gore go na le tsela e le nngwe fela. Mathaio 7:13, 14 ya re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.”

Kafa go itse boammaaruri go go thusang ka teng: Akanya fela gore o ne o tla ikutlwa jang fa o ne o ka fetsa dikgwedi di le dintsi o ikatisetsa lobelo lwa marathone o bo o fenya lobelo loo, mme le fa go ntse jalo o bo o sa newe sekgele ka gonne o tlodile molao mongwe o o neng o sa itse ka one. O ne o tla tsaya gore matsapa otlhe a gago e ne e le a bophiri. A selo se se ntseng jalo se ka direga mo kobamelong ya rona mo Modimong?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a tshwantsha kobamelo ya rona le kgaisano ya diatleletiki: “Fa motho a gaisana le e leng mo metshamekong, ga a rwesiwe serwalo fa a sa gaisana go ya ka melao.” (2 Timotheo 2:5) Modimo o re amogela fa re mo obamela “go ya ka melao,” ke gore, ka tsela e ene a e amogelang. Re ka se itlhophele tsela e re tla obamelang Modimo ka yone, fela jaaka motabogi a ka se taboge kwa a batlang teng a bo a solofela gore o tla gapa sekgele.

Fa re batla go itumedisa Modimo, re tshwanetse go dira gore kobamelo ya rona e se ka ya nna le maaka ape ka ene. Jesu o ne a re: “Baobamedi ba boammaaruri ba tla [obamela] Rara ka moya le boammaaruri.” (Johane 4:23) Re ithuta tsela ya boammaaruri e e isang kwa Modimong mo Lefokong la gagwe e leng Baebele.—Johane 17:17. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kobamelo e Modimo a e amogelang, bona kgaolo 15 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

A madumedi otlhe a ruta batho go obamela Modimo ka tsela e ene a e amogelang?