Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa go ne go na le baananyi ba madi kwa tempeleng ya kwa Jerusalema?

Nakwana fela pele Jesu a swa, o ne a kgalemela tshiamololo e e feteletseng e e neng e direga kwa tempeleng. Baebele ya re: “Jesu . . . a lelekela kwa ntle botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, mme a pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le dibanka tsa ba ba rekisang maphoi. A ba raya a re: ‘Go kwadilwe ga twe, “Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo,” mme lona lo e dira logaga lwa dinokwane.’”—Mathaio 21:12, 13.

Bajuda ba tlholego le Bajuda ba basokologi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya mesepele go tswa kwa dinageng le kwa metseng e e farologaneng ba ya kwa tempeleng e e kwa Jerusalema, ba tshotse madi a tshipi a mafelo a ba tswang kwa go one. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanetse go dirisa madi a a dirisiwang mo Jerusalema gore ba duele lekgetho la tempele la ngwaga le ngwaga, gore ba reke diphologolo tsa go dira setlhabelo le gore ba ntshe meneelo e mengwe ka go rata. Ka jalo, baananyi ba madi ba ne ba duedisa batho fa ba tsaya madi a bone a kwa mafelong a a farologaneng mme ba ba naya a a dirisiwang kwa tempeleng. Fa meletlo ya Bajuda e ntse e atamela, baananyi bano ba madi ba ne ba baya ditafole mo Lolwapeng lwa Baditšhaba lwa tempele.

E re ka Jesu a ne a kgala baananyi ba madi a re ba dira tempele “logaga lwa dinokwane,” seo se bontsha sentle gore ba ne ba duedisa batho madi a mantsi thata.

Ke ka ntlha yang fa ditlhare tsa motlhware di ne di tsewa di le botlhokwa thata mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele?

Ditlhare tsa motlhware le masimo a mofine e ne e le mangwe a masego a Modimo a neng a a solofetsa batho ba gagwe fa ba ne ba ka ikanyega mo go ene. (Duteronome 6:10, 11) Le gompieno batho ba ba nnang mo mafelong a a nang le ditlhare tsa motlhware ba di tsaya di le botlhokwa thata. Setlhare se le sengwe se ka kgona go tlhagisa maungo a le mantsi ka makgolokgolo a dingwaga le fa se sa tlhokomelwe go le kalo. Setlhare se se tlhokomelwang sentle se ka kgona go gola sentle tota le fa se le mo mmung o o matlapa e bile se ka tswelela se tshela le fa go nna leuba kgapetsakgapetsa. Fa setlhare seno se ka kgaolwa, medi ya sone e kgona go ntsha matlhogela a le mmalwa a a ka nnang dikutu tse disha.

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, makwati le matlhare a setlhare seno a ne a tsewa a le botlhokwa ka gonne a ne a ka okobatsa letshoroma. Boreku jo bo tswang mo dikaleng tsa sone tse dikgologolo jo bo nang le lonko lwa vanilla bo ne bo dirisediwa go dira dinkgisamonate. Le fa go ntse jalo, setlhare seno se ne se tsewa se le botlhokwa thata ka ntlha ya dijo tse di se tlhagisang—maungo a sone mme segolobogolo leokwane la sone. Leungo le le buduleng la motlhware le na le leokwane le lentsi.

Setlhare se se ungwang sentle se le sengwe se ne se ka tlhagisa dilitara di ka nna 57 tsa leokwane ka ngwaga. Gape leokwane la motlhware le ne le dirisiwa go tukisa dipone, le dirisiwa mo ditirelong tsa bodumedi, le dirisiwa e le setlolo se se tshasiwang mo mmeleng le mo moriring kgotsa e le molemo o o tshasiwang mo dinthong.—Ekesodo 27:20; Lefitiko 2:1-7; 8:1-12; Ruthe 3:3; Luke 10:33, 34.