Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Bona “E e Leng Kitso ya Modimo”

O ka Bona “E e Leng Kitso ya Modimo”

Atamalana le Modimo

O ka Bona “E e Leng Kitso ya Modimo”

JEHOFA MODIMO o beile letlotlo le le tlhwatlhwakgolo fa pele ga rona mme o batla gore re le tseye. Letlotlo leno ga le dire gore re nne le dikhumo mme le tla re naya sengwe se se ka se rekweng ka madi le fa a ka nna mantsi jang—kagiso ya mogopolo, go kgotsofala le go nna le botshelo jo bo itumedisang. Letlotlo leno ke eng? Mafoko a ga Kgosi Solomone yo o botlhale a a kwadilweng mo go Diane 2:1-6 a a tlhalosa.

Solomone a re letlotlo leno ke “kitso ya Modimo”—ke gore, boammaaruri ka Modimo le maikaelelo a gagwe a a senotsweng mo Baebeleng. (Temana 5) Letlotlo leno le na le dikarolo di le mmalwa.

Dithuto tsa boammaaruri. Baebele e araba dipotso tse di jaaka tseno: Leina la Modimo ke mang? (Pesalema 83:18) Go diragalang fa motho a swa? (Pesalema 146:3, 4) Ke ka ntlha yang fa re le mono? (Genesise 1:26-28; Pesalema 115:16) Fa o akanya fela, o ne o ka tlhoka go ntsha bokae go bona dikarabo tsa dipotso tseno tsa botlhokwa?

Kgakololo e e botlhale. Baebele e re bolelela tsela e e molemolemo ya go tshela. O ka dira jang gore lenyalo le tshwarelele? (Baefeso 5:28, 29, 33) O ka godisa bana ba gago jang gore ba nne le maikarabelo? (Duteronome 6:5-7; Baefeso 6:4) O ka bona jang boitumelo mo botshelong? (Mathaio 5:3; Luke 11:28) Le fano gape o akanyang—o ne o ka tlhoka go ntsha bokae gore o bone kgakololo e e ka ikanngwang mo dikgannyeng tseno?

Tshedimosetso ka gore Modimo o ntse jang le gore o na le botho jo bo ntseng jang. Baebele ke motswedi wa konokono wa tshedimosetso e e boammaaruri ka Modimo. O ntse jang? (Johane 1:18; 4:24) A o amega ka rona? (1 Petere 5:6, 7) Dingwe tsa dinonofo tsa gagwe tse di tlhomologileng ke dife? (Ekesodo 34:6, 7; 1 Johane 4:8) O akanya gore o ne o ka tlhoka go ntsha bokae gore o bone tshedimosetso e e boammaaruri ka Mmopi wa rona?

Eleruri “kitso ya Modimo” ke letlotlo. O ka e bona jang? Ntlha e e ka thusang e mo go temana 4 ya Diane kgaolo 2, e mo go yone Solomone a bapisang kitso eno le “matlotlo a a fitlhegileng.” Akanya ka seno: Letlotlo le le fitlhegileng le ka se itlele fela mo mothong yo o sa direng ka natla go le batla. Re tshwanetse go dira ka natla gore re le bone. Go ntse fela jalo le ka kitso ya Modimo. Tota letlotlo leno le mo Baebeleng mme le tlhoka go epololwa. Fa re batla go le bona re tshwanetse go tsaya matsapa.

Solomone o tlhalosa gore re tshwanetse go dirang gore re bone “e e leng kitso ya Modimo.” Mafoko a a reng “amogela mafoko a me” le a a reng “o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong,” a bontsha gore re tshwanetse go nna le pelo e e amogelang. (Temana 1, 2) Mafoko a a reng “tlhaeletsa,” “nna o e senka” le “nna o e batla” a bontsha gore re tshwanetse go tsaya matsapa, re bontsha ka tlhoafalo gore re batla go nna le yone. (Temana 3, 4) Ka jalo, fa re batla go bona letlotlo leno, re tshwanetse go ithuta Baebele ka tlhoafalo, re dira jalo ka bopeloephepa.—Luke 8:15.

Fa re tsaya matsapa jalo, Jehofa o tla re thusa go bona letlotlo leno. Temana 6 ya re: “Jehofa o naya botlhale.” Ke ka thuso ya Modimo fela re ka kgonang go tlhaloganya ka botlalo dithuto tsa boammaaruri tse di mo Baebeleng. (Johane 6:44; Ditiro 16:14) O ka tlhomamisega ka seno: Fa o senka mo Lefokong la Modimo ka bopeloephepa, o tla bona “e e leng kitso ya Modimo”—letlotlo le le tla tokafatsang botshelo jwa gago fela thata.—Diane 2:10-21. *

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka Balwang ka October:

Diane 1-21

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ithaopela go thusa batho ba ba batlang go tlhaloganya Baebele ka go ba tshwarela thuto ya legae ya Baebele mahala. Ke eng fa o sa ikgolaganye le ba ba leng mo lefelong la lona kgotsa o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo go tsebe 4?