Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Dira Jang Gore Lelapa la Gago le Itumele?

O ka Dira Jang Gore Lelapa la Gago le Itumele?

Ithute mo Lefokong la Modimo

O ka Dira Jang Gore Lelapa la Gago le Itumele?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batho ba nyalane gore lelapa la bone le itumele?

Jehofa, Modimo yo o itumetseng, ke ene mosimolodi wa lenyalo. Go nyalana go botlhokwa gore lelapa le itumele ka gonne go dira gore motho a nne le molekane e bile go dira gore bana ba golele mo tikologong e e sireletsegileng. Modimo o leba lenyalo jang? O batla gore e nne kgolagano e e nnelang ruri e e kwadisitsweng ka fa molaong ya monna le mosadi. (Luke 2:1-5) Modimo o batla gore monna le mosadi ba ikanyege mongwe go yo mongwe. (Bahebera 13:4) Jehofa o letla Mokeresete gore a tlhale a bo a nyale gape, fela fa e le gore molekane wa gagwe o dirile boaka.—Bala Mathaio 19:3-6, 9.

2. Monna le mosadi ba tshwanetse go dirisana jang?

Jehofa o bopile monna le mosadi gore ba dirisane mmogo mo lenyalong. (Genesise 2:18) E re ka monna e le tlhogo ya lelapa, o tshwanetse go etelela pele mo go tlameleng ba lelapa la gagwe le mo go ba ruteng ka Modimo. O tshwanetse go rata mosadi wa gagwe ka lorato lwa go intsha setlhabelo. Monna le mosadi ba tshwanetse go ratana le go tlotlana. E re ka banna mmogo le basadi ba sa itekanela, fa ba ithuta go itshwarelana, seno se tla dira gore lenyalo la bone le itumele.—Bala Baefeso 4:31, 32; 5:22-25, 33; 1 Petere 3:7.

3. A o tshwanetse go tlogela molekane wa gago fa o sa itumela mo lenyalong?

Fa wena le molekane wa gago lo na le mathata, lekang go dirisana ka lorato. (1 Bakorintha 13:4, 5) Lefoko la Modimo ga le kgothaletse batho go rarabolola mathata a lenyalo ka go kgaogana. Le fa go ntse jalo, mo maemong a a ka se kang a itshokelwa, Mokeresete a ka tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a go botoka gore ba kgaogane kgotsa nnyaa.—Bala 1 Bakorintha 7:10-13.

4. Bana, ke eng se Modimo a se lo ratelang?

Jehofa o batla gore lo itumele. O lo naya kgakololo e e molemolemo ya kafa lo ka itumelelang bosha jwa lona ka gone. O batla gore lo solegelwe molemo ke botlhale jwa batsadi ba lona le maitemogelo a bone. (Bakolosa 3:20) Jehofa o a lemoga fa lo ikobela batsadi ba lona.—Bala Moreri 11:9–12:1; Mathaio 19:13-15; 21:15, 16.

5. Batsadi, lo ka dira eng gore bana ba lona ba itumele?

Lo tshwanetse go dira ka natla go tlamela bana ba lona ka dijo, bonno le diaparo. (1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, e le gore bana ba lona ba itumele, gape lo tshwanetse go ba ruta go rata Modimo le go ithuta ka ene. (Baefeso 6:4) Sekao sa lona sa go rata Modimo se ka ama pelo ya ngwana wa lona fela thata. Fa se lo se rutang se theilwe mo Lefokong la Modimo, se ka bopa mogopolo wa ngwana wa lona ka tsela e e molemo.—Bala Duteronome 6:4-7; Diane 22:6.

Bana ba solegelwa molemo fa lo ba kgothatsa le go ba akgola. Gape ba tlhoka go gakololwa le go otlhaiwa. Thapiso e e ntseng jalo e ba sireletsa mo boitshwarong jo bo ka dirang gore ba se ka ba itumela. (Diane 22:15) Le fa go ntse jalo, le ka motlha kotlhao ga e a tshwanela go nna setlhogo.—Bala Bakolosa 3:21.

Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dibuka di le mmalwa tse di kwaletsweng segolobogolo go thusa batsadi le bana. Dibuka tseno di theilwe mo Baebeleng.—Bala Pesalema 19:7, 11.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 14 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.