Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Itse Karabo go Botlhokwa?

A go Itse Karabo go Botlhokwa?

A go Itse Karabo go Botlhokwa?

“Ke ne ke na le dingwaga di le lesome fa ke ne ke simolola go intsha le basimane. Kwa tshimologong, re ne re a tle re tshwarane ka diatla le go sunana. Mme go ise go ye kae, re ne ra simolola go tshwarana dirwe tsa mmele tsa sephiri le go dira ditiro tse di farologaneng tse di amanang le tlhakanelodikobo. Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ka simolola go bereka mme banna ba ke neng ke bereka le bone ba ne ba batla gore ke tlhakanele dikobo le bone. Ke ne ke batla go bontsha gore ga ke boife sepe mme ka kopanela le badirikanna mo go sengwe le sengwe se ba neng ba se dira. Ke ne ke batla gore ditsala tsa me di nkamogele, mme seo sa felela ka gore ke dire ditiro tse dingwe gape tse di amanang le tlhakanelodikobo.”—SARAH, * AUSTRALIA.

A O KA se gakgamadiwe ke go utlwa gore Sarah o goletse mo lelapeng la batho ba ba ratang bodumedi? Batsadi ba gagwe ba ne ba leka go mo godisa gore a tshele ka melao ya boitsholo ya Baebele. Mme Sarah o ne a tlhopha go tsaya tsela e sele.

Batho ba le bantsi ba ka dumalana le tsela e Sarah a e tsereng. Ba dumela gore se Baebele e se buang ka tlhakanelodikobo se siilwe ke nako. Ba bangwe ba bona go itshiametse fela gore motho a iphake gore o rata bodumedi mme a bo a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

A go botlhokwa go itse se Baebele e se rutang ka tlhakanelodikobo le go tshela go dumalana le sone? Baebele ya re e “tlhotlheleditswe ke Modimo e bile [e] tswela mosola mo go ruteng.” (2 Timotheo 3:16) Fa o dumela gore Modimo ke ene a bopileng batho le gore Baebele ke Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, go tla bo go le botlhokwa gore o itse se e se buang ka kgang eno.

Ka maswabi, batho ba le bantsi ba tlhakane tlhogo malebana le se Baebele e se rutang ka tlhakanelodikobo. Baeteledipele ba bodumedi ba ba iphakang gore ba tlotla Baebele ba ruta dikgopolo tse di farologaneng ka tlhakanelodikobo. Tota e bile kgang eno e kgaogantse dikereke tse dintsi tse dikgolo.

Go na le gore o ikaege ka se batho ba bangwe ba se buang, ke eng fa o sa iphe metsotso e se kae fela gore o batlisise ka kgang eno ka bowena? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dipotso di le lesome tse di a tleng di bodiwe malebana le se Baebele e se rutang ka tlhakanelodikobo. Mo setlhogong seo o tla fitlhela dikarabo tse di sa fitlheng sepe tse di theilweng mo go se tota Baebele e se rutang. Setlhogo sa bofelo mo ditlhogong tseno se tla sekaseka lebaka la go bo go le botlhokwa gore re dira ditshwetso dife.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Leina le fetotswe.