Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE ENG se se neng sa tlhotlheletsa motho yo o neng a rata go betšha le go thuba mo matlong gore a tlogele mekgwa ya gagwe mme a fetole tsela e a neng a tshela ka yone? Bala o utlwe gore a reng.

“Ke ne ke Rata Mabelo a Dipitse Fela Thata.”—RICHARD STEWART

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1965

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: JAMAICA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A RATA GO BETŠHA E BILE E LE SEKEBEKWA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse mo lefelong le le humanegileng le le nang le batho ba bantsi la Kingston, motsemogolo wa Jamaica. Batho ba le bantsi ba ne ba se na ditiro mme bokebekwa bo ne bo aname. Digongwana tsa dikebekwa di ne di dira gore batho ba tshelele mo poifong. Ke ne ke utlwa modumo wa ditlhobolo mo e batlang e le letsatsi le letsatsi.

Mmè e ne e le senatla mme o ne a dira bojotlhe jwa gagwe gore a godise nna le nnake wa mosimane le wa mosetsana. O ne a tlhomamisa gore re newa thuto e e molemo. Ke ne ke sa rate sekolo go le kalo mme ke ne ke rata mabelo a dipitse fela thata. Ka dinako tse dingwe ke ne ke sa ye sekolong mme ke ne ke ya kwa bobogelong jwa mabelo a dipitse. E bile ke ne ke a tle ke palame dipitse.

Go ise go ye kae ke ne ka tsenelela thata mo mokgweng wa go betšha dipitse. Ke ne ka nna le boitsholo jo bo sa siamang mme ka simolola go tlhakanela dikobo le basadi ba bantsi. Ke ne ke dirisa matekwane e bile ke kgothosa batho gore ke nne le madi a a neng a tla nthusa gore ke tswelele ka mekgwa ya me. Ke ne ke na le ditlhobolo di le dintsi mme jaanong ke itumelela go bo go ile ga se ka ga swa ope mo ditirong tse dintsi tsa bokebekwa tse ke neng ke di dira.

Kgabagare mapodise a ne a ntshwarela ditiro tsa me tsa bokebekwa mme a nkisa kwa kgolegelong. Fa ke sena go gololwa, ke ne ka tswelela ke tshela fela jaaka pele. E bile ke ne ka dira bosula le go feta pele. Le fa ke ne ke lebega ke le motho yo o siameng, ke ne ke le tlhogoethata, ke tenegatenega fela e bile ke le setlhogo. Ke ne ke sa amege ka batho ba bangwe mme ke ne ke ikakanyetsa ke le nosi.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Mo nakong eno ya fa botshelo jwa me bo ne bo tletse mathata, Mmè o ne a ithuta Baebele a bo a nna Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka bona diphetogo tse di itumedisang mo bothong jwa gagwe mme ka rata go itse gore go tlile jang. Ke ne ka dira tshwetso ya gore ke batlisise gore ke eng se se dirileng gore Mmè a fetoge, ka jalo ke ne ka simolola go tlotla le Basupi ka Baebele.

Ke ne ka lemoga gore dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di farologane le tsa madumedi a mangwe mme sengwe le sengwe se ba se buang se theilwe mo Baebeleng. E ne e le sone fela setlhopha se ke neng ke itse gore se rera ka ntlo le ntlo fela jaaka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira. (Mathaio 28:19; Ditiro 20:20) Ke ne ka tlhatswega pelo gore ke ne ke bone bodumedi jwa boammaaruri fa ke bona lorato lwa mmatota lo ba neng ba lo bontshana.—Johane 13:35.

Se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng se ne sa mpontsha gore ke tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa me. Ke ne ka lemoga gore Jehofa Modimo o ila kgokafalo le gore fa ke ne ke batla go mo itumedisa ke ne ke tshwanetse go tlogela ditlwaelo tse di neng di leswafatsa mmele wa me. (2 Bakorintha 7:1; Bahebera 13:4) Ke ne ka amega tota fa ke ithuta gore Jehofa o na le maikutlo le gore ditiro tsa me di ne di ka mo utlwisa botlhoko kgotsa tsa mo itumedisa. (Diane 27:11) Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke kgaotse go dirisa matekwane, ke tsamaise ditlhobolo tsa me ke bo ke leke go tokafatsa botho jwa me. Dingwe tsa diphetogo tse di neng di le boima thata mo go nna e ne e le go tlogela boitsholo jo bo sa siamang le go betšha.

Kwa tshimologong ke ne ke sa batle gore ditsala tsa me di itse gore ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mme ke ne ka fetola mogopolo fa ke sena go bala Mathaio 10:33, e e nang le mafoko ano a ga Jesu: “Le fa e le mang yo o intatolang fa pele ga batho, ruri le nna ke tla mo itatola fa pele ga ga Rre yo o kwa magodimong.” Mafoko ao a ne a ntlhotlheletsa gore ke bolelele ditsala tsa me gore ke ithuta le Basupi. Ba ne ba gamaregile. Ba ne ba sa dumele gore motho yo o tshwanang le nna o ne a batla go nna Mokeresete. Mme ke ne ka ba bolelela gore ke ne ke sa tlhole ke batla go utlwa sepe ka botshelo jwa me jwa pele.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Mmè o ne a itumela thata fa a bona ke simolola go tshela ka melaometheo ya Baebele. Jaanong ga a tlhole a tshwenyega ka gore nka tswa ke dira dilo tse di bosula. Re tlotla ka se se re kopanyang—tsela e re ratang Jehofa ka yone. Ka dinako tse dingwe, fa ke akanya ka tsela e ke neng ke tshela ka yone pele, ke jesiwa kgakge ke diphetogo tse ke kgonneng go di dira ka thuso ya Modimo. Ga ke tlhole ke eletsa botshelo jo ke neng ke bo tshela jwa go rata boitsholo jo bo sa siamang le dithoto.

Fa nkabo ke sa amogela molaetsa wa Baebele, gompieno nkabo ke sule kgotsa ke le kwa kgolegelong. Mme jaanong ke na le lelapa le le molemo, le le itumetseng. Ke itumela thata go bo ke direla Jehofa Modimo ke na le mosadi wa me yo o nkemang nokeng le morwadiake yo o kutlo. Ke leboga Jehofa go bo a ile a ntetla go nna mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba lorato ba ba mo lefatsheng lotlhe. Ke anaanela thata go bo mongwe a ile a tsaya matsapa a go nthuta boammaaruri jwa Baebele. Mme ke dirisa ditshono tse ke di bonang go thusa ba bangwe go ithuta se Baebele e se rutang. Sa botlhokwa le go feta, ke leboga Jehofa Modimo ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato jo bo dirileng gore a nkgogele kwa go ene.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

‘Ke ne ka ithuta gore Jehofa o na le maikutlo le gore ditiro tsa me di ka mo utlwisa botlhoko kgotsa tsa mo itumedisa’

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Ke na le mosadi wa me le morwadiake

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Ke ne ka bona diphetogo tse di itumedisang mo bothong jwa ga Mmè