Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ditirelo tsa kwa tempeleng ya ga Jehofa ya kwa Jerusalema di ne di tshegediwa jang ka madi?

Ditirelo tse di farologaneng tsa kwa tempeleng di ne di tshegediwa ka makgetho, segolobogolo ka ditsabosome tse batho ba neng ba tshwanetse go di ntsha. Le fa go ntse jalo, gape go ne go dirisiwa le mefuta e mengwe ya lekgetho. Ka sekai, ka nako ya fa go ne go agiwa motlaagana, Jehofa o ne a laela Moshe gore a tseye sephatlo sa shekele mo Moiseraeleng mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng, e le “moneelo o o yang kwa go Jehofa.”—Ekesodo 30:12-16.

Go lebega e ne ya nna tlwaelo gore Mojuda mongwe le mongwe a ntshe madi ano e le lekgetho la tempele la ngwaga le ngwaga. Fa Jesu a ne a laela Petere gore a ntshe lekgetho ka ledi la tshipi le le neng le tswa mo molomong wa tlhapi, o ne a bua ka lone lekgetho leno.—Mathaio 17:24-27.

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, madi a tshipi a le mabedi a selefera a mefuta e e neng e dirisiwa go duela lekgetho la tempele, a ne a bonwa kwa Jerusalema. Ledi le lengwe le le neng le dirilwe kwa Ture ka 22 C.E., le ne la fitlhelwa mo moseleng wa lekgolo la ntlha la dingwaga o o neng o ntsha metsi mo motseng. Ka fa pele shekele eno e na le sefatlhego sa ga Melkart kgotsa Baale, yo e neng e le modingwana yo mogolo wa kwa Ture, mme ka fa morago e na le setshwantsho sa ntsu e kotame mo karolong e e kwa pele ya sekepe. Ledi la bobedi, le le neng la bonwa mo matlhekgeng a a neng a tserwe kwa thabeng e tempele e neng e agilwe mo go yone, ke la ngwaga wa ntlha wa fa Bajuda ba ne ba tsuologela Roma, ka 66-67 C.E. Le na le ditshwantsho tsa senwelo le makukunya a mararo a digaranata le mekwalo e e reng “Halofo ya Shekele” le “Jerusalema yo o Boitshepo.” Malebana le ledi leo la tshipi le le bonweng, Porofesa Gabriel Barkay a re le na le “dilo tse di bontshang gore le ne le fisitswe ke molelo, molelo o o ka tswang o sentse Tempele ya Bobedi ka 70 C.E.”

Dikago tsa ga Nebukadenesare, kgosi ya Babelona, di ne di kgatlha go le kana kang?

Buka ya Baebele ya Daniele e nopola Nebukadenesare a re: “A ono ga se Babelona o Mogolo, o nna ka bonna ke o agetseng ntlo ya segosi ka nonofo ya thata ya me le o ke o agetseng seriti sa tlotlomalo ya me?” (Daniele 4:30) A motse ono wa bogologolo tota o ne o le mogolo?

Borahisitori ba bolela fa Nebukadenesare a agile ditempele, matlo a segosi, dipota tsa motse le tshingwana e ntle thata ya mo thabeng. Tempele ya konokono e e neng e le mo gare ga motse wa Babelona e ne e na le tora kgotsa ziggurat e go ka diregang gore e ne e le bogodimo jwa dimetara di feta 70. Le fa go ntse jalo, buka ya Babylon—City of Wonders ya re “dikago tse di itsegeng thata go gaisa tse dingwe [tsa ga Nebukadenesare] ke Tsela ya Mekoloko le Kgoro ya Ishtar.” Tsela ya Mekoloko e e neng e tsena mo Kgorong ya Ishtar e ne e kgabisitswe ka ditshwantsho tsa ditau tse di tshwantshitsweng di tsamaya. Fa yone buka eo e tlhalosa kgoro eno ya Babelona e ntle go di gaisa tsotlhe ya re: “Bogologolo fa motho a ne a ka etela motsemogolo oo, o ne a ka se lebale kgoro eno e e neng e agilwe gotlhe ka ditena tse di bobududu jo bo tseneletseng tse di phatsimang e bile di kgabisitswe ka ditshwantsho di le makgolokgolo tsa dipoo tse di tshwantshitsweng di tsamaya mmogo le ditshwantsho tsa dikgogela.”

Kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, baithutamarope ba ne ba aga sesha Tsela ya Mekoloko le Kgoro ya Ishtar ka go epolola dikapetla tsa tsone di le diketekete ba bo ba kopanya bontsi jwa tsone kwa Musiamong wa Pergamon kwa Berlin kwa Jeremane.

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

A bontshitswe ka bogolo jwa one jwa mmatota

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Top: Clara Emit, Courtesy of Israel Antiquities Authority; bottom: Zev Radovan

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Moago o mosha wa Kgoro ya Ishtar