Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Banyalani, Lwelang go Rata Dilo Tsa Semoya

Banyalani, Lwelang go Rata Dilo Tsa Semoya

Frederick *: “Fa re sena go nyalana, ke ne ka gatelela gore nna le mosadi wa me re ithute Baebele mmogo. Ke ne ke batla gore a tlhome mogopolo fa re ithuta. Le fa go ntse jalo, go ne go lebega Leanne a sa nnisege. Mme fa ke ne ke botsa dipotso o ne a araba fela ka ee kgotsa nnyaa. O ne a sa arabe ka tsela e ke neng ke akanya gore o tshwanetse go araba ka yone ka nako ya thuto ya Baebele.”

Leanne: “Ke ne ke na le dingwaga di le 18 fa ke nyalana le Frederick. Re ne re ithuta Baebele mmogo ka metlha, mme nako le nako Frederick o ne a dirisa nako ya thuto go mpontsha diphoso tsotlhe tsa me le gore ke tshwanetse go dira jang gore ke nne mosadi yo o botoka. Seo se ne sa nkgoba marapo sa bo sa nkutlwisa botlhoko thata!”

O AKANYA gore bothata e ne e le eng mo lenyalong la ga Frederick le Leanne? Gone ba ne ba na le maitlhomo a a siameng. Boobabedi ba ne ba rata Modimo. Gape ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba ithute Baebele mmogo. Le fa go ntse jalo, go ne go lebega e kete selo se se neng se tshwanetse go ba dira seoposengwe, e ne e le sone se se ba kgaoganyang. Ba ka tswa ba ne ba ithuta Baebele mmogo mme ba sa dirisane mmogo gore ba rate dilo tsa semoya.

Go rata dilo tsa semoya go kayang? Ke ka ntlha yang fa banyalani ba tshwanetse go lwela go di rata? Ba ka lebana le dikgwetlho dife, mme ba ka di fenya jang?

Go Rata Dilo Tsa Semoya go Kayang?

Kafa lefoko “bomoya” le dirisitsweng ka gone mo Baebeleng, le kaya boikutlo kgotsa tsela e motho a lebang botshelo ka yone. (Jude 18, 19) Ka sekai, mokwadi wa Baebele e bong Paulo o tlhalosa pharologanyo gareng ga boikutlo jwa motho yo o ratang dilo tsa semoya le motho wa senama. Paulo o bontsha gore, batho ba ba nang le tshekamelo ya senama ba tlhoma mogopolo thata mo go bone go na le mo bathong ba bangwe. Ba dira se bone ba bonang se siame go na le go leka go tshela ka melao ya Modimo.—1 Bakorintha 2:14; Bagalatia 5:19, 20.

Fa e le batho ba ba ratang dilo tsa semoya bone, ba tlotla melao ya Modimo. Ba tsaya Jehofa Modimo e le Tsala ya bone e bile ba leka ka natla go etsa botho jwa gagwe. (Baefeso 5:1) Ka jalo ba dirisana le batho ba bangwe ka lorato, ka bopelonomi le ka bonolo. (Ekesodo 34:6) E bile ba ikobela Modimo, tota le fa go dira jalo go se motlhofo. (Pesalema 15:1, 4) Darren wa kwa Canada, yo o nang le dingwaga di le 35 a nyetse, a re: “Kafa ke tlhaloganyang ka gone, motho yo o ratang dilo tsa semoya, ka metlha o akanya kafa se a se buang le se a se dirang se tla amang kamano ya gagwe le Modimo ka gone.” Mosadi wa gagwe e bong Jane, o oketsa ka go re: “Ke akanya gore mosadi yo o ratang dilo tsa semoya o dira ka natla letsatsi le letsatsi gore a nne le dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang.”—Bagalatia 5:22, 23.

Gone ke boammaaruri gore ga se batho ba ba mo lenyalong fela ba ba tshwanetseng go rata dilo tsa semoya. Tota e bile, Baebele e ruta gore mongwe le mongwe o tshwanetse go ithuta ka Modimo le go mo etsa.—Ditiro 17:26, 27.

Ke ka Ntlha Yang fa Banyalani ba Tshwanetse go Lwela go Rata Dilo Tsa Semoya?

Ke ka ntlha yang fa banyalani ba tshwanetse go dirisana mmogo gore ba rate dilo tsa semoya? Akanya ka setshwantsho seno: Balemi ba babedi ba na le tshimo e le nngwe, mme ba batla go lema merogo. Yo mongwe o swetsa ka gore a jale peo ka nako e e rileng ya ngwaga, fa yo mongwe ene a akanya gore peo e tshwanetse go jalwa moragonyana. Yo mongwe o batla go dirisa mofuta o o rileng wa monontsha, fa yo mongwe ene a sa dumalane gotlhelele e bile a akanya gore dijalo ga di tlhoke monontsha. Yo mongwe o batla go dira ka natla kwa tshimong letsatsi le letsatsi. Yo mongwe ene o rata go tlhaba kgobe ka mutlwa go na le go bereka. Mo setshwantshong seno, tshimo e ka nna ya ungwa, mme ga e ka ke ya ungwa ka selekanyo se e neng e ka ungwa ka sone fa balemi ka bobedi ba ne ba dumalane gore ba dire eng ba bo ba dira mmogo go fitlhelela mekgele eo.

Banyalani ba tshwana le balemi bao. Fa molekane a le mongwe fela a lwela go rata dilo tsa semoya, lenyalo la bone le ka nna la atlega. (1 Petere 3:1, 2) Le fa go ntse jalo, go botoka thata fa banyalani ka bobedi ba dumalana go dirisa melao ya Modimo ba bo ba emana nokeng fa ba ntse ba direla Modimo! Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe.” Ka ntlha yang? “Ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla. Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.”—Moreri 4:9, 10.

O ka tswa o eletsa gore wena le molekane wa gago lo dirisane mmogo go lwela go rata dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, fela jaaka mo kgannyeng ya go lema, keletso ka boyone fela ga e ka ke ya dira gore lo nne le matswela. Akanya ka dikgwetlho tse pedi tse lo ka lebanang le tsone le kafa lo ka di fenyang ka teng.

KGWETLHO 1: Ga re na nako.

Sue, yo o nang le lobaka lo lokhutshwane a nyetswe, a re: “Monna wa me o ntsaya kwa tirong ka 7:00 p.m. Fa re tsena kwa gae, re tshwanelwa ke go dira ditiro tsotlhe tsa mo lapeng. Megopolo ya rona e lwantshana le mebele ya rona; megopolo e re bolelela gore re tshwanetse go ithuta ka Modimo re le mmogo fa mebele yone e batla gore re ikhutse.”

Se se ka lo thusang: Fetofetogang le maemo mme lo dirisane. Sue a re: “Nna le monna wa me re ne ra swetsa ka gore re tsoge phakela re bo re bala le go tlotla ka karolo nngwe ya Baebele mmogo pele re ya tirong. Gape o nthusa ka ditiro dingwe tsa mo lapeng gore ke nne le nako ya go nna le ene.” Go dira maiteko a a ntseng jalo go thusa ka eng? Monna wa ga Sue e bong Ed, a re: “Ke lemogile gore fa nna le Sue re tlotla ka dikgang tsa Baebele ka metlha, re kgona go rarabolola mathata a re lebanang le one sentle e bile ga re tlhobaele thata.”

Mo godimo ga go tlotla mmogo, go botlhokwa gore lo dirise metsotso e se kae go rapela mmogo letsatsi le letsatsi. Seo se ka thusa jang? Ryan, yo o nang le dingwaga di le 16 a nyetse, a re: “Nako nngwe nna le mosadi wa me re ne ra nna le mathata mo lenyalong. Mme re ne ra ipha nako ya go rapela mmogo bosigo bongwe le bongwe re bolelela Modimo mathata a rona. Ke akanya gore go rapela mmogo go re thusitse go rarabolola mathata a rona le go itumela gape mo lenyalong.”

LEKANG SENO: Beelang metsotso e se kae kwa thoko kwa bowelong jwa letsatsi lengwe le lengwe gore lo tlotle ka dilo dipe fela tse di molemo tse di lo diragaletseng lo le banyalani, dilo tse lo ka lebogang Modimo ka tsone. Gape tlotlang ka dikgwetlho tse lo lebanang le tsone, tse lo tlhokang thuso ya Modimo thata mo go tsone gore lo di itshokele. Elang tlhoko: Lo se ka lwa dirisa nako eno go tshwaana diphoso. Go na le moo, fa lo rapela mmogo, a thapelo ya lona e akaretse fela dilo tse lo tlhokang go tokafatsa mo go tsone loobabedi. Mo letsatsing le le latelang, lekang ka natla go dira se lo se rapeletseng.

KGWETLHO 2: Re na le bokgoni jo bo sa tshwaneng.

Tony a re: “Ga ke ise ke tsamaye ke rate go bala.” Mosadi wa gagwe e bong Natalie, a re: “Ke rata go bala e bile ke rata go tlotla ka se ke se ithutileng. Ka dinako tse dingwe ke akanya gore fa re tlotla ka dikgang tsa Baebele, tsela e ke tlotlang ka yone e dira gore Tony a inyatse.”

Se se ka lo thusang: Dirisanang mmogo mme lo se ka lwa batla go gaisana kgotsa go tshwaana diphoso. Bolelela molekane wa gago gore o anaanela dilo tse di molemo tse a di dirang mme o mo kgothaletse gore a tshware fela jalo. Tony a re: “Ka dinako tse dingwe, tsela e mosadi wa me a ratang go tlotla ka dikgang tsa Baebele ka yone e dira gore ke itseele kwa tlase, mme mo nakong e e fetileng ke ne ke tshaba go tlotla le ene ka dikgang tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, Natalie o nkema nokeng fela thata. Jaanong re tlotla ka dikgang tsa Baebele ka metlha, mme ke lemogile gore ga ke tlhoke go tshaba sepe. Ke itumelela go tlotla le ene ka dikgang tseno. Seo se dirile gore re nne re ritibetse re bo re nne ka kagiso.”

Banyalani ba le bantsi ba fitlhetse gore fa ba ipha nako ya go bala le go ithuta Baebele mmogo beke le beke, manyalo a bone a a tokafala. Mme le fa go ntse jalo, tlhagiso ke eno: Fa lo bala kgakololo nngwe ya Baebele, e lebise mo go wena, e seng mo molekaneng wa gago. (Bagalatia 6:4) Dirisang nako e sele go tlotla ka dikgang tse di ka tsosang kgotlhang e seng ka nako ya thuto. Ka ntlha yang?

Akanya ka seno: A re re o ne o ja le lelapa la gago, a o ne o tla dirisa nako eno go tlhapisa le go hapa ntho e e tšhweretlhang? O ne o ka se dire jalo. O ne o ka sulafaletsa mongwe le mongwe dijo. Jesu o ne a re go ithuta ka thato ya Modimo le go e dira, go tshwana le go ja dijo. (Mathaio 4:4; Johane 4:34) Fa e ka re nako le nako fa lo bula Baebele o bo o tlotla ka dikgang tse di utlwisang molekane wa gago botlhoko, a ka felelwa ke keletso ya go tlotla ka dikgang tsa Baebele. Gone ke boammaaruri gore lo tshwanetse go tlotla ka mathata. Mme beelang nako kwa thoko gore lo tlotle ka one.—Diane 10:19; 15:23.

LEKANG SENO: Kwala dinonofo tse pedi kgotsa tse tharo tse o di anaanelang thata ka molekane wa gago. Mo nakong e e tlang fa lo tlotla ka dikgang tse di amanang le dinonofo tseo, bolelela molekane wa gago kafa o anaanelang ka teng tsela e a di bontshang ka yone.

Lo Tla Roba Se lo Se Jalang

Fa lo lwela go rata dilo tsa semoya mmogo, kgabagare lo tla nna le lenyalo le le nang le kagiso le le le itumetseng. E bile Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore “le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

Frederick le Leanne ba ba nopotsweng mo tshimologong ya setlhogo seno, ba ne ba lemoga boammaaruri jwa molaomotheo ono wa Baebele. Jaanong ba setse ba na le dingwaga di le 45 ba nyalane e bile ba a itse gore go dira ka natla gore ba rate dilo tsa semoya go dirile gore lenyalo la bone le atlege. Frederick a re: “Ke ne ke tlhola ke pega mosadi wa me molato fa re sa tlotle mmogo. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore le nna ke tshwanetse go tsaya matsapa.” Leanne a re: “Se tota se neng sa re thusa ka dinako tsa mathata ke gore roobabedi re rata Jehofa Modimo. Mo dingwageng tseno tsotlhe, re ntse re ithuta e bile re rapela mmogo ka metlha. Fa ke bona Frederick a dira maiteko a go tokafatsa tsela e a bontshang dinonofo tsa Bokeresete ka yone, seo se dira gore go nne motlhofo gore ke mo rate.”

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

IPOTSE JAANA . . .

  • Re rapetse leng labofelo re le mmogo?

  • Ke eng se nka se dirang se se ka kgothaletsang molekane wa me gore a tlotle le nna ka dikgang tsa Baebele ka tshosologo?