Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Batsadi ba Tshwanetse go Ruta Bana ba Bone ka Tlhakanelodikobo?

A Batsadi ba Tshwanetse go Ruta Bana ba Bone ka Tlhakanelodikobo?

Babadi ba a Botsa . . .

A Batsadi ba Tshwanetse go Ruta Bana ba Bone ka Tlhakanelodikobo?

▪ Batsadi ba le bantsi ba tsaya matsapa tota go leka go sireletsa bana ba bone gore ba se ka ba tsenwa ke malwetse a a kotsi. Batsadi ba tshwanetse go tsaya matsapa fela jalo go sireletsa bana ba bone mo mekgweng e e kotsi ya boitsholo. Tsela e nngwe e ba ka dirang seo ka yone ke ka go ba naya tshedimosetso e e tshwanetseng malebana le tlhakanelodikobo. (Diane 5:3-23) Thapiso le kaelo e e ntseng jalo ya batsadi malebana le boitsholo e botlhokwa ka gonne go na le ditshwantsho le tshedimosetso e ntsi e bana ba ka e bonang, e e malebana le tlhakanelodikobo mo thelebisheneng, mo Internet, mo dibukeng le mo dikhomiking.

Porofesa wa thuto e bile e le mokwadi e bong Diane Levin a re: “Bothata gompieno ga se gore bana ba rona ba ithuta ka tlhakanelodikobo. Bothata ke gore ba rutiwa eng, ba rutiwa ba na le dingwaga tse kae le gore ba rutiwa ke mang. Bana ba ithuta thuto e e kotsi malebana le tlhakanelodikobo mo babapatsing le mo go se se dirwang ke batho ba le bantsi.”

Batsadi ba tshwanetse go sireletsa bana ba bone mo ditseleng tse di sa tshwanelang e bile e le tsa boitsholo jo bo sa siamang tse batho ba bantsi mo setšhabeng ba lebang tlhakanelodikobo ka tsone. (Diane 5:1; Baefeso 6:4) Bana ba tshwanetse go itse gore mebele ya bone e bereka jang, gore ba ka itlhokomela jang mo mmeleng le gore ba ka itshireletsa jang mo bathong ba ba nang le maitsholo a a sa siamang. Pele mosetsana a tsena mo dingwageng tsa diphetogo tsa bosha—fa matshwao a gore o a gola a simolola go bonala—o tshwanetse go itse ka diphetogo tse di tla diregang mo mmeleng wa gagwe a bo a tlhaloganye gore ke eng fa a tla bona kgwedi le gore go a bo go diragala eng. Mosimane le ene o tshwanetse go itse go sa le pele ka peo e e tswang bosigo a robetse. Fa bana ba sa le bannye, batsadi ba ka simolola go ba ruta maina a a tshwanetseng a dikarolo tsa mmele. Batsadi ba ba lorato ba ruta bana ba bone dithuto tse tharo tsa konokono malebana le dikarolo tseno tsa mmele: (1) Di kgethegile e bile ke tsa sephiri. (2) Ga ba a tshwanela go tlotla ka tsone ka tsela e e sa siamang. (3) Ga di a tshwanela go tshwarwatshwarwa fela kgotsa go bontshiwa batho ba bangwe. Fa bana ba ntse ba gola, batsadi ba tshwanetse go lemoga gore ke nako efe e e siameng ya go ba tlhalosetsa gore mosadi o ima jang. *

Batsadi ba tshwanetse go simolola leng go ruta bana ba bone jalo? Ba sa le bannye. Mosetsana a ka simolola go bona kgwedi a na le dingwaga di le 10 kgotsa le e leng pele ga foo. Mosimane ene a ka simolola go tswa peo bosigo fa a na le dingwaga di le 11 kgotsa 12. Ditiragalo tseno tse di botlhokwa mo botshelong di ka tshosa bana fela thata fa ba sa tlhaloganye gore go diragala eng. Bana ba tshwanetse ba tlhomamisediwa go sa le gale gore ga go sepe se se phoso ka mebele ya bone fa go direga diphetogo tseno. Gape eno ke nako ya go ba thusa go tlhaloganya molemo le botlhokwa jwa go latela melao ya boitsholo e e mo Baebeleng—sengwe se bontsi jwa dithulaganyo tsa go ruta ka tlhakanelodikobo di sa se ruteng.—Diane 6:27-35.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Batsadi ba ka bona tshedimosetso e e mosola ka dikgang tseno mo dikgatisong tse di latelang tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa: Tsogang! ya May 2006, mo setlhogong se se reng, “Go Thusa Morwadio go Ipaakanyetsa Nako ya go Bona Kgwedi Lekgetlho la Ntlha,” tsebe 10-13; Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, kgaolo 6, “Go Direga Eng ka Mmele wa Me?”; le Tora ya Tebelo ya November 1, 2010, “Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng—Bua le Bana ba Gago ka Tlhakanelodikobo,” tsebe 12-14.