Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Namolwa mo Leubelong la Molelo!

Ba ne Ba Namolwa mo Leubelong la Molelo!

Tsa Basha

Ba ne Ba Namolwa mo Leubelong la Molelo!

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

Batsayakarolo: Shaderake, Meshake, Abedenego le Nebukadenesare

Tshobokanyo: Tumelo ya basha ba bararo ba Bahebera e a lekwa.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA DANIELE 3:1-30.

Tlhalosa medumo e o e “utlwileng” fa o ne o bala temana 3-7..

․․․․․

Tlhalosa gore o akanya gore leubelo la molelo le ne le lebega jang.

․․․․․

O akanya gore segalo sa lentswe la ga Nebukadenesare se ne se bontsha gore o ikutlwa jang fa a ne a laela gore leubelo le gotediwe ga supa go feta ka tsela e e tlwaelegileng? (Bala gape temana 19 le 20.)

․․․․․

Tlhalosa gore o akanya gore monna wa bonè mo leubelong o ne a lebega jang. (Bala gape temana 24 le 25.)

․․․․․

O lemoga dinonofo dife mo go Shaderake, Meshake le Abedenego fa ba ntse ba bua le Nebukadenesare mo go temana 16-18?

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Dirisa didirisiwa tsa go dira dipatlisiso tse o nang le tsone go leka go bona selekanyo sa kubita, go tswa foo o bo o leka go bona gore setshwantsho se Nebukadenesare a neng a se dirile se ne se le bogolo jo bo kae. (Bala gape temana 1.)

․․․․․

Fa o bapisa temana 19 le 20 le temana 28 le 29, go lebega Nebukadenesare e ne e le motho yo o ntseng jang?

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Go tlotla batho ba ba nang le taolo.

․․․․․

Botlhokwa jwa go emela se o se dumelang.

․․․․․

Tsela e Jehofa a re emang nokeng ka yone fa re lekwa.

․․․․․

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

Tumelo ya gago e ka lekwa mo maemong afe?

․․․․․

Pego ya ga Shaderake, Meshake le Abedenego e tla go thusa jang gore o nne o ikanyega?

․․․․․

4 KE DINTLHA DIFE MO PEGONG ENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Fa o se na Baebele, kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye yone kgotsa o e bale mo atereseng eno ya internet www.watchtower.org