Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leina la Modimo le Letsholo la ga Alfonso de Zamora la go Batla Gore go Kwalwe Boammaaruri

Leina la Modimo le Letsholo la ga Alfonso de Zamora la go Batla Gore go Kwalwe Boammaaruri

Leina la Modimo le Letsholo la ga Alfonso de Zamora la go Batla Gore go Kwalwe Boammaaruri

KA NGWAGA wa 1492, kgosi ya kwa Spain e bong Ferdinand le mohumagadi wa gagwe e bong Isabella, ba ne ba ntsha taelo eno: “Re laela gore monongwaga fa kgwedi ya July e fela, . . . Bajuda botlhe ba banna le ba basadi ba tswe mo magosing le mo dipusong tsotlhe tsa rona, bone le bomorwaabone le bomorwadiabone le batlhanka ba bone le malata a bone le botlhe ba malapa a bone ba e leng Bajuda, bagolo le bannye, go sa kgathalesege dingwaga tsa bone mme ba se ka ba bo ba tlhola ba boa.”

E re ka go ne go ntshitswe taelo eo ya gore Bajuda ba lelekwe, lelapa lengwe le lengwe la bone le le neng le le kwa Spain le ne le tshwanetse go tlhopha gore a le ne le tla tswa mo nageng eo kgotsa le ne le tla itatola bodumedi jwa lone. Rabi mongwe yo o bidiwang Juan de Zamora a ka tswa a ile a akanya gore go botoka gore a sokologele mo bodumeding jwa Katoliki gore a tswelele a nna kwa Spain, kwa bagologolwane ba gagwe ba neng ba sa bolo go nna teng. E re ka Juan e ne e le Mojuda, go ka direga gore o ne a isa morwawe Alfonso kwa sekolong se se itsegeng sa dithuto tsa Sehebera sa kwa Zamora. Moragonyana Alfonso o ne a itse Selatine, Segerika le Searamaika sentle. Fa a sena go fetsa dithuto tsa gagwe, o ne a simolola go ruta Sehebera kwa Yunibesithing ya Salamanca. Nakwana morago ga moo, bokgoni jwa gagwe jwa go itse dipuo tse dintsi bo ne jwa solegela bakanoki ba Baebele molemo mo Yuropa yotlhe.

Ka 1512, Yunibesithi e ntšha ya Alcalá de Henares e ne ya tlhopha Alfonso de Zamora gore a okamele dithuto tsa Sehebera. E re ka Zamora e ne e le mongwe wa bakanoki ba konokono ba motlha wa gagwe, mothei wa yunibesithi e bong mokadinale Jiménez de Cisneros o ne a mo kopa gore a thuse mo tirong ya botlhokwa ya go rulaganya Baebele ya dipuo tse di farologaneng ya Complutensian Polyglot. Baebele eno ya dibolumo di le thataro e na le mekwalo e e boitshepo ka Sehebera, Segerika, Selatine le dikarolo tse dingwe ka Searamaika. *

Malebana le tiro eno, mokanoki mongwe wa Baebele e bong Mariano Revilla Rico, a re: “Mo basokologing ba bararo ba Bajuda ba ba neng ba nna le seabe mo tirong ya ga Mokadinale [Cisneros], yo o neng a itsege thata ke Alfonso de Zamora, yo e neng e le moitsethutapuo, rafilosofi le moitse wa Talmud, e bile a ithutile Selatine, Segerika, Sehebera le Searamaika.” Fa Zamora a ntse a ithuta o ne a swetsa ka gore, e le gore Baebele e ranolwe sentle go tlhokega kitso e e tseneletseng ya dipuo tsa ntlhantlha tsa bogologolo. Tota e bile, o ne a nna mongwe wa batho ba ba neng ba rotloetsa batho go nna le kgatlhego ya go nna bakanoki ba Baebele e e neng ya simolola go anama mo tshimologong ya lekgolo la bo16 la dingwaga.

Le fa go ntse jalo, Zamora o ne a tshela mo nakong e e thata le mo lefelong le le kotsi gore batho ba ka rotloediwa go nna bakanoki ba Baebele. Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi ya kwa Spain e ne e tlhakaladitse, mme Kereke ya Katoliki e ne e tseela thanolo ya Latin Vulgate kwa godimo e le yone thanolo ya Baebele e go tweng e kafa molaong. Le fa go ntse jalo, fa e sa le mo Metlheng ya Bogare, bakanoki ba Katoliki ba ne ba setse ba lemogile gore mekwalo ya Selatine ya Vulgate e ne e na le diphoso. Kwa tshimologong ya lekgolo la bo16 la dingwaga, Alfonso de Zamora le ba bangwe ba ne ba simolola go dira sengwe ka kgang eno.

‘Go ne Go Tlhokega Thanolo Gore Batho ba Bolokwe’

Dingwe tsa dibuka tsa botlhokwa thata tse Zamora a neng a di rulaganya e ne e le karolo ya Sehebera e gantsi e bidiwang Tesetamente e Kgologolo le thanolo ya yone ya Selatine. A ka tswa a ne a ikaeletse gore dibuka tseno di dirisiwe thata mo tirong e e neng e tlile go dirwa ya go rulaganya Complutensian Polyglot. Mengwe ya mekwalo ya gagwe ya seatla e kwa laeboraring ya El Escorial e e gaufi le Madrid kwa Spain. Mekwalo eo e e tshwailweng G-I-4, e na le buka yotlhe ya Genesise ka Sehebera mmogo le thanolo ya Selatine ya lefoko ka lefoko.

Ketapele ya yone e na le mafoko ano: “Gore ditšhaba di bolokwe go ne go tlhokega gore Dikwalo Tse di Boitshepo di ranolelwe mo dipuong tse dingwe. . . . Re bone . . . go tlhokega thata gore batho ba ba ikanyegang ba nne le Baebele e e ranotsweng lefoko ka lefoko, ka tsela ya gore lefoko lengwe le lengwe la Sehebera le nne le lefoko la Selatine le le le ranolang.” Alfonso de Zamora o ne a tshwanelega sentle go dira thanolo eo e ntšha ya Selatine ka gonne e ne e le mokanoki yo o itsegeng wa Sehebera.

‘Moya Wa me Ga o Kgone go Bona Boikhutso’

Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, Spain e ne e le lefelo le le siametseng gore bakanoki ba ba jaaka Zamora ba dire kwa go lone. Mo Metlheng ya Bogare, Spain e ne e setse e le boremelelo jwa setso sa Bajuda. The Encyclopædia Britannica ya re: “E re ka naga ya Spain ya motlha wa bogare e ne e na le Bamoseleme le Bajuda ba bantsi, e ne e le yone fela naga e e nang le ditso tse dintsi le madumedi a mantsi mo Yuropa bophirima, mme seo se ne sa dira gore go nne le diphetogo tse dintsi mo go tsa bodumedi, bokwadi, botaki le boagi go ya kwa bofelong jwa Metlha ya Bogare.”

E re ka go ne go na le Bajuda ba bantsi kwa Spain, mekwalo ya seatla ya Baebele e e neng e kwadilwe ka Sehebera e ne ya ata. Bakwadi ba Bajuda kwa dikarolong tse dintsi tsa Spain ba ne ba tsere matsapa a magolo go kwalolola mekwalo eo ya seatla gore e dirisiwe fa go balwa Dikwalo phatlalatsa kwa disinagogeng. Mo bukeng ya gagwe ya The Earliest Editions of the Hebrew Bible, L. Goldschmidt o ne a re “dikgatiso tsa Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Baebele tsa Se-Spain le Sepotokisi e ne e se tsone fela tse Bakanoki ba Bajuda ka bontsi ba neng ba di tseela kwa godimo gore di nepile, mme gape ba ne ba tseela kwa godimo mekwalo ya seatla e dikgatiso tseno le Dibaebele tsa bakanoki tsa dipuo tse di farologaneng di neng di tserwe mo go yone.”

Le fa Spain e ne e le lefelo le le siametseng thanolo, batho ba ba neng ba batla go ranola Baebele ba ne ba tla lebana le pogiso. Ka 1492, masole a Katoliki a ga Kgosi Ferdinand le Kgosigadi Isabella a ne a fenya kgaolo ya bofelo ya Ba-Moor kwa Spain. Jaaka go umakilwe pelenyana, mo go one ngwaga oo, babusi ba ne ba laela gore batho botlhe ba ba sa ntseng ba le mo bodumeding jwa Sejuda ba lelekwe kwa Spain. Bamoseleme ba ne ba newa taolo e e tshwanang dingwaga di le lesome morago ga moo. Go tloga ka nako eo, bodumedi jwa Katoliki e ne ya nna jone bodumedi jwa Naga ya Spain mme madumedi a mangwe a ne a sa tlhole a letleletswe.

Dithibelo tseno tse disha tsa bodumedi di ne di tla ama thanolo ya Baebele jang? Se se diragaletseng Alfonso de Zamora ke sekai sa kafa go fetoga ga bodumedi go neng ga ama thanolo ya Baebele ka teng. Le fa gone mokanoki yono wa Mojuda a ne a sokologetse mo bodumeding jwa Katoliki, babusi ba bodumedi ba kwa Spain ga ba a ka ba tlodisa matlho kgang ya gore ke Mojuda. Baganetsi bangwe ba ne ba tshwaya Mokadinale Cisneros phoso ka go bo a ne a dirisa bakanoki ba Bajuda ba ba sokologileng gore ba rulaganye Baebele ya gagwe ya Polyglot. Seno se ne sa dira gore Zamora a boge thata. Zamora o ne a kwala jaana mo mokwalong wa gagwe wa seatla o o kwa Yunibesithing ya Madrid: “Nna, . . . yo ke latlhilweng e bile ke tlhoilwe ke ditsala tsa me tsotlhe—tse di neng tsa nna baba ba me—ga ke kgone go bonela moya wa me le dinao tsa me boikhutso.”

Mongwe wa baba ba gagwe ba bagolo e ne e le Juan Tavera, bishopomogolo wa kwa Toledo, yo moragonyana a neng a nna mosekisimogolo wa Kgotlatshekelo e e Lwantshang Bokgelogi. Zamora o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke ditlhaselo tsa ga Tavera mo a neng a ikuela kwa go mopapa. Karolo ya lekwalo la gagwe e ne e re: “Re a go kopa Wena yo o Boitshepo gore o re thuse . . . mme o re namole mo mmabeng wa rona e bong Don Juan Tavera. O re bakela pogiso e e botlhoko gantsi, letsatsi le letsatsi, a sa kgaotse. . . . Ruri re mo tlalelong e kgolo ka gonne o re tsaya re le dibatana tse di tshwanelwang ke go tlhabiwa. . . . Fa Wena yo o Boitshepo o ka reetsa kopo eno e re e tlisang mo go wena, ‘Yahweh o tla go sireletsa le go dibela lonao lwa gago gore lo se ka lwa gapiwa.’ (Dia. 3:23)” *

Boswa Jwa ga Alfonso de Zamora

Le fa Zamora a ne a tlhaselwa jalo, tiro ya gagwe e ne ya tswelela pele ya ba ya atlega mme ya solegela baithuti ba bantsi ba Baebele molemo. Le fa gone a ise a ko a ranolele Baebele mo dipuong tse di neng di buiwa mo motlheng wa gagwe, o ne a dira tiro e e neng ya solegela baranodi ba bangwe molemo. Gore re tlhaloganye kafa a tsentseng letsogo ka teng mo tirong ya thanolo ya Baebele, re tshwanetse go gakologelwa gore ka metlha tiro eno e tlhoka mefuta e le mebedi ya bakanoki. Sa ntlha, go tshwanetse ga nna le bakanoki ba ba ithutileng mekwalo e e boitshepo ka dipuo tsa ntlhantlha—Sehebera, Searamaika le Segerika—gore ba dire mokwalo o o tlhabolotsweng le o o nepileng ka dipuo tseno. Go tswa foo moranodi a ka dirisa mekwalo eno go simolola tiro ya gagwe ya go ranolela mo puong ya lefelo leo.

Alfonso de Zamora e ne e le mokanoki wa konokono yo o neng a rulaganya le go tlhabolola mokwalo wa Sehebera o labofelo o neng wa gatisiwa mo Complutensian Polyglot ka 1522. (Tlhaloso ya mafoko a Sehebera le Selatine le thutapuo ya Sehebera e a neng a e kwadile mo mekwalong eo le yone e ne ya tlhofofatsa tiro ya baranodi.) Erasmus, yo o neng a tshela mo motlheng wa ga Zamora, o ne a dira tiro e e tshwanang le eo ka Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Ntšha. Fa mekwalo eno e e tlhabolotsweng ya Sehebera le Segerika e sena go nna teng, baranodi ba bangwe ba ne ba ka simolola tiro e e botlhokwa ya go ranolela Baebele mo puong e batho ba e buang. Fa William Tyndale a ne a ranolela Baebele mo Seesemaneng, e ne e le mongwe wa baranodi ba ntlha ba ba neng ba dirisa mekwalo ya Sehebera ya Complutensian Polyglot.

Tsela e Baebele e anamisiwang thata ka yone gompieno, e bontsha matswela a a molemo a matsapa a a tserweng ke banna ba ba tshwanang le Zamora, ba ba neng ba dira ka natla go re thusa go tlhaloganya Dikwalo. Fela jaaka Zamora a lemogile, gore batho ba bolokwe ba tshwanetse go tlhaloganya Lefoko la Modimo le go tshela go dumalana le lone. (Johane 17:3) Mme seo se tlhoka gore Baebele e ranolelwe mo dipuong tse batho ba ka di tlhaloganyang, gonne seo ke sone fela se ka dirang gore molaetsa wa yone o ame dipelo le megopolo ya batho ba le bantsintsi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Fa o batla go itse kafa Complutensian Polyglot e leng botlhokwa ka gone, bona Tora ya Tebelo ya April 15, 2004, tsebe 28-31.

^ ser. 15 Go a kgatlha gore Zamora o ne a dirisa leina la Modimo, e seng sereto, fa a ne a ikuela kwa go mopapa wa kwa Roma. Mo thanolong ya Se-Spain e Zamora a neng a e dirisa fa a ne a dira boikuelo, leina la Modimo le tlhagelela e le “Yahweh.” Ga go tlhomamisiwe gore le ne le tlhagelela le ntse jang mo Selatineng sa ntlhantlha. Malebana le thanolo ya ga Zamora le go dirisiwa ga leina la Modimo, bona lebokose le le reng “Go Ranola Leina la Modimo” le le mo go tsebe 19.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Go Ranola Leina la Modimo

Ruri go a kgatlha go itse kafa Alfonso de Zamora, monna yo o rutegileng yo e neng e le Mohebera, a neng a fetoletse leina la Modimo ka teng. Jaaka re bona mo setshwantshong se se mo tsebeng eno, mo thanolong ya gagwe ya Genesise e e nang le Sehebera le Selatine, ntlha nngwe e e kafa letlhakoreng e na le leina la Modimo le le kwadilweng e le “jehovah.”

Go bonala sentle gore Zamora o ne a dirisa leina leno la Modimo ka tsela e le neng le ranotswe ka yone mo Selatineng. Ka lekgolo la bo16 la dingwaga, fa Baebele e ne e ranolelwa mo dipuong tse di neng di buiwa ke batho ba bantsi kwa Yuropa, baranodi ba le bantsi ba Baebele ba ne ba kwala leina leo ka tsela eo kgotsa ka tsela e e tshwanang thata le yone, go akaretsa William Tyndale (Seesemane, 1530), Sebastian Münster (Selatine, 1534), Pierre-Robert Olivétan (Sefora, 1535) le Casiodoro de Reina (Se-Spain, 1569).

Ka jalo, Zamora o ne a nna mongwe wa bakanoki ba ntlha mo bakanoking ba bantsi ba Baebele ba lekgolo la bo16 la dingwaga ba ba neng ba thusa gore leina la Modimo le itsiwe. Kwa tshimologong, batho ba le bantsi ba ne ba sa itse leina la Modimo ka ntlha ya tumelobotlhodi ya Bajuda e e neng e iletsa batho go bitsa leina leo. Tumelobotlhodi eno ya Bajuda e ne ya tlhotlheletsa baranodi ba Baebele ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete—ka sekai Jerome, moranodi wa Vulgate ya Selatine—go emisetsa leina la Modimo ka mafoko a a jaaka “Morena” kgotsa “Modimo.”

[Setshwantsho]

Ditlhaka tse di godisitsweng tsa Thaterakeramatone ya Sehebera e Zamora a e ranotseng go nna “jehovah”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Taelo ya kgosi le kgosigadi ya Spain, 1492

[Motswedi wa Setshwantsho]

Decree: Courtesy of the Archivo Histórico Provincial, Ávila, Spain

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Yunibesithi ya Alcalá de Henares

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Tsebe ya ntlha ya thanolo ya ga Zamora ya dipuo tse pedi