Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ke Batla go Tshwana le Morwadia Jefetha

Ke ne Ke Batla go Tshwana le Morwadia Jefetha

Ke ne Ke Batla go Tshwana le Morwadia Jefetha

Jaaka go boletse Joanna Soans

Fa ke ne ke sa ntse ke le mo dingwageng tsa bolesome ke ne ka simolola go eletsa thata go tshwana le morwadia Jefetha. Mma ke tlhalose se ke neng ke se akantse le kafa kgabagare ke neng ka tshwana le ene ka teng.

KA 1956, ke ne ka ya kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa lekgetlho la ntlha kwa Bombay (e jaanong e bidiwang Mumbai), kwa India, mme e ne ya fetola botshelo jwa me. Ke ne ka amiwa thata ke puo e ke neng ka e utlwa koo e e neng e bua ka morwadia Jefetha.

Jaaka o ka tswa o badile mo Baebeleng, morwadia Jefetha yo o ka tswang a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a dumela go nna a sa nyalwa. Seo se ne sa dira gore rraagwe a kgone go diragatsa maikano a a neng a a dirile. Ka jalo o ne a direla kwa ntlong ya ga Jehofa kgotsa kwa motlaaganeng, e le mosadi yo o sa nyalwang botshelo jotlhe jwa gagwe.—Baatlhodi 11:28-40.

Ruri ke ne ke batla go tshwana le ene! Le fa go ntse jalo, ke ne ka lebana le bothata jo bogolo—go nna o sa nyalwa go ne go sa tsamaisane le setso sa rona kwa India ka nako eo.

Lelapa la Gaetsho

Ke ne ke le ngwana wa botlhano mo baneng ba le barataro ba ga Benjamin le Marcelina Soans ba kwa Udipi, toropo e e mo lotshitshing lo lo kwa bophirima kwa India. Re bua Se-Tulu, puo e e buiwang ke batho ba ka nna dimilione di le pedi. Le fa go ntse jalo, jaaka batho ba bangwe ba bantsi mo Udipi, kwa sekolong re ne re rutiwa ka Se-Kannada.

Batho ba le bantsi mo lefelong leno, ga ba bolo go tsaya lenyalo le go tshola bana go le botlhokwa thata. Fa ke ntse ke gola, ga ke gopole ke utlwa motho a bua mafoko a Se-Tulu a a kayang “go nna o sa nyala,” “go jewa ke bodutu” kgotsa “go tlhologelelwa gae.” Go ne go lebega e kete batho ga ba nke ba nna mo maemong ao. Ka sekai, kwa lapeng re ne re nna le borremogolo le bommèmogolo, bomalome, borakgadi le bontsalake ba le 12!

Go ya ka setso sa rona, bana ba ne ba tsewa e le karolo ya lelapa la kwa gaabo mmaabone. Tatelano ya losika e ne e balwa kafa letlhakoreng la ga mmè, e bile bana ba basetsana ba ne ba abelwa karolo e kgolwane ya boswa. Mo metseng e mengwe ya Ba-Tulu, fa mosetsana a sena go nyalwa, o ne a tswelela a nna le mmaagwe mme monna wa gagwe le ene o ne a tla go nna le ene.

E re ka lelapa la gaetsho le ne le tsene mo bodumeding jo bo ipitsang jwa Bokeresete, le ne le dira dilo ka tsela e e farologaneng. Maitseboa mangwe le mangwe, Rremogolo o ne a etelela lelapa la gaetsho pele mo kobamelong, a rapela a bo a balela Baebele kwa godimo ka Se-Tulu. Nako le nako fa a bula Baebele ya gagwe e e onetseng a bo a re e balela, go ne go ntse jaaka e kete o ne a bula lebokose la mabenyane. Go ne go itumedisa! Ke ne ka kgatlhiwa ke Pesalema 23:1 e e reng: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.” Ke ne ka ipotsa go re, ‘Jehofa yono ke mang mme ke ka ntlha yang fa a bidiwa modisa?’

Matlho A me A ne A Bulega

Mathata a tsa ikonomi a a neng a bakwa ke Ntwa ya Lefatshe II, a ne a dira gore re fudugele kwa Bombay, e e bokgakala jwa dikilometara di feta 900. Fa re le koo, ka 1945 Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba etela Rre mme ba mo naya bukana e e buang ka Baebele. Rre o ne a e bala ka tlhoafalo a ba a amogela molaetsa wa yone jaaka fa mmu o o omileng o gopa metsi a pula, mme a simolola go bolelela batho ba bangwe ba ba buang Se-Kannada molaetsa wa yone. Mo masimologong a bo1950, setlhopha se sennye sa baithuti se ne se godile mme sa bopa phuthego ya ntlha ya Se-Kannada kwa Bombay.

Rre le Mmè ba ne ba ruta bana ba bone botlhe gore ba nne baithuti ba ba tlhagafetseng ba Baebele le barutisi ba ba molemo. Letsatsi le letsatsi ba ne ba rapela le go ithuta mmogo le rona. (Duteronome 6:6, 7; 2 Timotheo 3:14-16) Letsatsi lengwe fa ke ne ke bala Baebele, go ne ga nna jaaka e kete matlho a me a a bulega. Ke ne ka ithuta gore Jehofa o tshwantshiwa le modisa ka gonne o kaela baobamedi ba gagwe, o a ba fepa e bile o a ba sireletsa.—Pesalema 23:1-6; 83:18.

Jehofa o Ntse a Ntataisa

Ke ne ka kolobediwa nakwana morago ga kopano e e sa lebalesegeng e e neng e tshwaretswe kwa Bombay ka 1956. Dikgwedi di le thataro morago ga moo, ke ne ka latela sekao sa ga nkgonne e bong Prabhakar mme ka nna moreri wa nako e e tletseng. Le fa ke ne ke tlhagafaletse go bolelela batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, ke ne ke tshoga fela thata fa ke leka go ba bolelela se ke se dumelang. Ke ne ke kokoetsa e bile lentswe la me le roroma. Ke ne ka ipolelela go re, ‘Nka kgona go dira tiro eno ka thuso ya ga Jehofa fela!’

Jehofa o ne a nthusa a dirisa barongwa ba ba tswang kwa Canada e bong Homer le Ruth McKay, ba ba neng ba ile sekolong sa barongwa sa Basupi ba ga Jehofa kwa New York kwa U.S.A. ka 1947. Ba ne ba nthusa mo karolong nngwe le nngwe ya bodiredi jwa me ka gonne ke ne ke se na maitemogelo fa ke ne ke simolola go rera. Ka metlha Ruth o ne a nthusa go ikatisetsa dipuisano tsa go rera ka ntlo le ntlo. O ne a itse sentle gore a ka dira jang gore ke ritibale. O ne a tle a tshware diatla tsa me tse di roromang a bo a re: “O se ka wa tshwenyega, nnake. Mma re leke mo ntlong e e latelang.” Tsela e a neng a bua ka yone e ne ya nkgothatsa.

Letsatsi lengwe, ke ne ka itsisiwe gore Elizabeth Chakranarayan morutisi wa Baebele yo o neng a le mogolwane mo go nna e bile a na le maitemogelo, o ne a tla dira le nna mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Kwa tshimologong ke ne ka ipolelela jaana: ‘Ke tla tshela jang le kgaitsadi yono? O mpheta thata ka dingwaga!’ Mme ke ne ka fitlhela gore e ne e le ene modirikanna yo tota ke neng ke mo tlhoka.

“Tota Re a Bo re Se Rosi”

Kabelo ya rona ya ntlha e ne ya nna kwa toropong e e itsegeng thata ya Aurangabad, e e sekgala sa mo e ka nnang dikilometara di le 400 kwa botlhaba jwa Bombay. Ka bonako fela re ne ra lemoga gore nna le ene e ne e le rona fela Basupi mo toropong ya batho ba ka nna milione. Mo godimo ga moo, ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta Se-Marathi, puo e e buiwang thata mo toropong eo.

Ka dinako tse dingwe ke ne ke jewa ke bodutu thata mme ke lela gore ke bo ke sise pelo jaaka ngwana yo o se nang mmaagwe. Mme ke ne ka kgothadiwa ke gore Elizabeth o ne a bua le nna jaaka mmè. O ne a tle a re: “Ka dinako tse dingwe re ka nna ra jewa ke bodutu mme tota re a bo re se rosi. Le fa gone o le kgakala le ditsala le ba lelapa la gago, ka metlha Jehofa o a bo a na le wena. Mo dire tsala ya gago, bodutu bo tla fela.” Le gompieno ke sa ntse ke anaanela kgakololo ya gagwe.

Fa re se na madi a sepalangwa, re ne re a tle re tsamaye dikilometara di le 20 letsatsi le letsatsi mo loroleng le mo seretseng, mo mogoteng le mo serameng. Ka selemo, gantsi go ne go nna mogote wa didikirii tsa Celsius di le 40. Ka paka ya dipula tsa matsorotsoro, dikarolo tse dingwe tsa naga di ne di nna di le seretse ka dikgwedi di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, gantsi re ne re fitlhela gore se se bokete go feta maemo a bosa e ne e le setso sa batho ba lefelo leno.

Basadi ba ne ba sa bue le banna phatlalatsa ntle le fa ba amana ka losika, mme go ne go direga ka sewelo gore basadi ba rute banna. Ka jalo re ne ra kgobiwa ka mafoko le go sotliwa. Mo dikgweding tsa ntlha tse thataro, re ne re tshwara dipokano tsa beke le beke tsa Baebele re le babedi fela. Fa nako e ntse e ya, batho ba ba kgatlhegang le bone ba ne ba tla. Go ise go ye kae, setlhopha se sennye se ne se tla simologa. E bile ba bangwe ba ne ba tsamaya le rona mo bodireding.

“Nna o Tokafatse Bokgoni Jwa Gago”

Morago ga mo e ka nnang dingwaga tse pedi le sephatlo, re ne ra newa kabelo e ntšha ya go ya go direla kwa Bombay. Fa Elizabeth a ntse a tsweletse ka tiro ya go rera, ke ne ka kopiwa gore ke thuse Rre, yo ka nako eo e neng e le ene fela moranodi wa dikgatiso tsa rona tsa Baebele tsa Se-Kannada. O ne a anaanela thuso ya me ka gonne o ne a na le maikarabelo a mantsi mo phuthegong.

Ka 1966, batsadi ba me ba ne ba swetsa ka gore ba boele kwa Udipi, kwa re neng re nna teng pele. Fa Rre a tswa mo Bombay, o ne a re: “Nna o tokafatse bokgoni jwa gago, morwadiake. Ranola ka tsela e e motlhofo le e e utlwalang sentle. O se ka wa itshepa mo go feteletseng, mme o nne o ikokobeditse. Ikaege ka Jehofa.” Eno e ne e le kgakololo ya bofelo e a neng a nnaya yone ka gonne o ne a tlhokafala fela fa a sena go boela kwa Udipi. Tota le gompieno ke sa ntse ke leka go dira fela jalo mo tirong ya me ya go ranola.

“A ga O Batle go Nna le Lelapa?”

Go ya ka setso sa kwa India, batsadi ba rulaganyetsa bana ba bone gore ba tsene mo lenyalong ba sa le bannye ba bo ba nne le bana. Ka jalo ke ne ke tlhola ke bodiwa jaana: “A ga o batle go nna le lelapa? O tla tlhokomelwa ke mang fa o tsofala? A ga o ne o jewa ke bodutu?”

Ka dinako tse dingwe ke ne ke hutsafala fa batho ba nnela go rialo. Le fa gone ke ne ke fitlhela batho maikutlo a me, fa ke le esi ke ne ke tshololela Jehofa mafatlha. Ke ne ka gomodiwa ke go itse gore ga a tseye gore ke a tlhaela fela ka gonne ke sa nyalwa. E le gore ke tsosolose maikemisetso a me a go mo direla ke sa iteege tsebe, ke ne ka akanya ka morwadia Jefetha le ka ga Jesu—ba ba neng ba sa tsena mo lenyalong mme ba dira thato ya Modimo ka pelo yotlhe.—Johane 4:34.

Mpho e e Tswang Kwa go Jehofa

Nna le Elizabeth re ne ra nna ditsala tse di atamalaneng ka dingwaga di ka nna 50. O ne a tlhokafala ka 2005, a na le dingwaga di le 98. Fa dingwaga di ntse di ya, o ne a sa tlhole a kgona go bala Baebele ka gonne a ne a sa bone sentle, ka jalo letsatsi le letsatsi o ne a fetsa nako e ntsi a rapela Modimo ka pelo yotlhe, ka lobaka lo loleele. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke akanye gore o ne a tlotla le mongwe mo phaposing ya gagwe ka temana nngwe, mme ke ne ke fitlhela a bua le Jehofa. O ne a mo tsaya e le Motho wa mmatota, mme o ne a tshela jaaka e kete o a mmona. Ke ithutile gore seno ke sone se se ka nthusang go nna ke nitame fa ke direla Modimo, fela jaaka morwadia Jefetha a ne a dira. Ke leboga Jehofa fela thata go bo a ile a nnaya kgaitsadi yono yo o mphetang ka dingwaga e bile a godile semoyeng yo o ileng a nkgothatsa mo dingwageng tsa me tsa bosha le mo dikgwetlhong tsotlhe tse ke neng ka lebana le tsone.—Moreri 4:9, 10.

Ke bone masego a mantsi tota fa ke ntse ke direla Jehofa jaaka morwadia Jefetha! Go nna ke sa nyalwa le go latela kgakololo ya Baebele go dirile gore ke tshele botshelo jo bo nang le bokao fa ke ntse ke “direla Morena ka metlha yotlhe kwantle ga go iteega tsebe.”—1 Bakorintha 7:35.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Rre a neela puo ya phatlalatsa kwa Bombay ka bo1950

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke na le Elizabeth nakwana fela pele a tlhokafala

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Fa re ne re itsise batho ka puo e e theilweng mo Baebeleng kwa Bombay ka 1960

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le badiri mmogo le nna mo ofising ya rona ya thanolo