Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Aborahame—O ne A le Pelokgale

Aborahame—O ne A le Pelokgale

Aborahame—O ne A le Pelokgale

Aborahame o ne a leba lelapa la gagwe le batlhanka ba gagwe fa ba ntse ba ipaakanyetsa go ya kwa Kanana. (Genesise 12:1-5) Fa Aborahame a ntse a lebile setlhopha seno se segolo sa batho ba ba ikaegileng ka ene gore a ba tlamele, o ne a bona kafa a nang le maikarabelo a magolo ka gone. O ne a tla ba tlamela jang ka dilo tse ba di tlhokang tsa senama fa ba le kwa nageng e ba sa e itseng? A gongwe go ne go tla nna thata go dira jalo kwa nageng eo go sa tshwane le kwa Ure, motse o o humileng o o nang le mafulo a magolo, mmu o o nonneng le metsi a mantsi? Go ne go tla diregang fa a ne a ka lwala kgotsa a swela kwa nageng e ba neng ba ya kwa go yone? Ke mang yo o neng a tla tlhokomela lelapa la gagwe? Fa e le gore Aborahame o ne a tshwenyegile ka dilo tseo, ga a ka a di letla gore di mo kgobe marapo. O ne a ikemiseditse go tsaya kgato, go ikobela ditaelo tsa Modimo le fa go ne go ka nna jang—sesupo sa bopelokgale jwa mmatota.

BOPELOKGALE KE ENG? Ke nonofo ya go nna sebete, go tlhoka poifo le go nna segatlhamelamasisi—ke phapaang ya boboi kgotsa bogatlapa. Go nna pelokgale ga go kaye gore ga re ka ke ra boifa le ka motlha. Go na le moo, motho yo o nang le bopelokgale jo bo tswang kwa Modimong o tsaya kgato le fa go na le dilo tse a di boifang.

ABORAHAME O NE A BONTSHA BOPELOKGALE JANG? Aborahame o ne a sa tshabe go tshela ka tsela e e farologaneng le ya batho ba bangwe. Aborahame o goletse mo lefelong le mo go lone batho ba neng ba obamela medimo e mentsi le medingwana. Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla gore go boifa gore batho ba tla reng go mo thibele go dira se a itseng gore se siame. Go na le moo, Aborahame ka bopelokgale o ne a dira se se farologaneng le seo, a tlhopha go obamela Modimo a le mongwe fela—“Modimo Mogodimodimo,” Jehofa.—Genesise 14:21, 22.

Aborahame o ne a dira gore go obamela Modimo wa boammaaruri go tle pele ga dilo tsa senama. O ne a iketleeleditse go tlogela botshelo jwa manobonobo jo a neng a bo tshela kwa Ure a bo a ya kwa nageng, a ikantse Jehofa ka botlalo gore o tla mo tlamela ka dilo tse a di tlhokang tsa senama. Gone ke boammaaruri gore, fa dingwaga di ntse di ya, Aborahame a ka tswa a ile a akanya ka dingwe tsa dilo tsa manobonobo tse a neng a na le tsone kwa Ure. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a tlhomamisegile gore ka metlha Jehofa o tla mo tlamela mmogo le ba lelapa la gagwe. E re ka Aborahame a ne a tsaya Jehofa e le Motho wa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe, o ne a nna le bopelokgale jwa go ikobela ditaelo tsa Modimo.

RE ITHUTA ENG? Re ka etsa sekao sa ga Aborahame ka go lwela go nna le bopelokgale jwa go ikobela Jehofa, le fa batho ba re tshelang le bone ba sa dire jalo. Ka sekai, Baebele e ruta gore batho ba ba emelang se ba se dumelang ka ga Jehofa Modimo ba ka ganediwa, gongwe ke ditsala kgotsa ba losika ba ba tsayang gore ba a ba thusa. (Johane 15:20) Le fa go ntse jalo, fa re tlhatswegile pelo ka se re se ithutileng ka Jehofa, re femela se re se dumelang, re dira jalo ka tlotlo.—1 Petere 3:15.

Gape re ka ikanya tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tlamela ba ba dumelang mo go ene. Fa re mo ikanya jalo re tla nna le bopelokgale jwa go dira gore dilo tsa semoya di tle pele mo matshelong a rona go na le dilo tsa senama. (Mathaio 6:33) Ela tlhoko gore lelapa lengwe le ne la dira seo jang.

Le fa Doug le Becky ba na le bana ba babedi ba basimane, ba ne ba batla go fudugela kwa nageng e kwa go yone go neng go tlhokega bareri ba dikgang tse di molemo tsa Baebele. Fa ba sena go dira dipatlisiso ka kelotlhoko le go rapela ka tlhoafalo, ba ne ba swetsa ka gore ba dire se ba neng ba se ikaeletse. Doug a re: “Go ne go tlhoka bopelokgale gore re tseye bana re bo re tsamaya re sa itse gore tota go tla nna jang kwa re yang teng. Mme kwa tshimologong fa re ne re tlotla ka kgang eno, re ne ra sekaseka sekao sa ga Aborahame le Sara. Re ne ra thusiwa thata ke go akanya kafa ba neng ba ikanya Jehofa ka gone—le kafa a neng a ba thusa ka gone ka metlha.”

Fa Doug a tlhalosa botshelo jwa bone kwa nageng e sele, a re: “Re bone masego a mantsi tota.” O tlhalosa jaana: “E re ka botshelo jwa rona bo sa raraana, re itumelela go bo re kgona go dira dilo di le dintsi re le lelapa—go rera, go tlotla le go tshameka le basimane. Re ikutlwa re gololesegile ka tsela e re sa kgoneng le go e tlhalosa.”

Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go dira diphetogo tse dikgolo jalo. Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka kgona go etsa sekao sa ga Aborahame ka go dira gore go obamela Modimo go tle pele, re mo ikanya gore o tla re ema nokeng. Fa re dira jalo, re tla bo re latela kgakololo ya Baebele ya gore re “nne le bopelokgale jo bogolo mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa.’”—Bahebera 13:5, 6.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Motho yo o nang le bopelokgale jo bo tswang kwa Modimong o tsaya kgato le fa go na le dilo tse a di boifang

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mosadi yo o Nyetsweng yo o Rategang e Bile a Ikobela Modimo

Sara o ne a nyetswe ke monna yo o neng a na le tumelo ka tsela e e tlhomologileng. Mme mosadi yono yo o ikobelang Modimo ene ka boene e ne e le sekao se se molemo tota. E bile Baebele e mo umaka ka leina ka makgetlho a le mararo e le mongwe yo basadi ba ba ikobelang Modimo ba ka etsang sekao sa gagwe. (Isaia 51:1, 2; Bahebera 11:11; 1 Petere 3:3-6) Le fa Dikwalo di sa bue go le gontsi ka mosadi yono yo o tlhomologileng, re kgona go bona gore o ne a na le dinonofo tse di molemo.

Ka sekai, akanya kafa Sara a neng a tsiboga ka gone fa Aborahame a ne a mo itsise ka taelo ya Modimo ya gore ba tswe mo Ure. A o ne a ipotsa gore ba ya kae le gone ka ntlha yang? A o ne a amegile ka dilo tse ba neng ba tla di tlhoka tsa senama? A o ne a hutsafaditswe ke gore o tla tlogela ditsala le ba lelapa la gagwe, a sa itse gore o tla ba bona leng, le gore a gone o tla tsamaya a ba bona gape? Ga go pelaelo gore o ne a tle a akanye ka dilo tseo. Le fa go ntse jalo, o ne a tsamaya ka go rata, a ikantse gore Jehofa o ne a tla mo segofatsa ka ntlha ya go nna kutlo ga gagwe.—Ditiro 7:2, 3.

Sara e ne e se fela motlhanka yo o kutlo wa Modimo mme gape e ne e le mosadi yo o nyetsweng yo o molemo. Sara ga a ka a leka go laola dikgang tsa lelapa mo boemong jwa monna wa gagwe, go na le moo o ne a mo tlotla thata e bile a mo ema nokeng ka lorato fa a ntse a kaela lelapa la bone. Ka go dira jalo, o ne a dira gore a ratege ka ntlha ya dinonofo tse di molemo tse a neng a na le tsone.—1 Petere 3:1-6.

A gompieno basadi ba ba nyetsweng ba ka solegelwa molemo ke dinonofo tseo? Mosadi mongwe yo o bidiwang Jill, yo o nang le dingwaga di feta 30 a itumetse mo lenyalong a re: “Sekao sa ga Sara se nthutile gore ke tshwanetse go bua ka tshosologo ke tlhalosetsa monna wa me kafa ke ikutlwang ka gone.” O tswelela ka go re: “Mme gone, e re ka monna wa me e le tlhogo ya lelapa, kwa bofelong ke ene a nang le maikarabelo a go dira tshwetso. Fa a sena go e dira, nna ke tshwanetse go dira sotlhe se nka se kgonang gore tshwetso eo e atlege.”

Gongwe thuto nngwe ya botlhokwa thata e re ka ithutang yone mo go Sara ke eno: Le fa Sara a ne a le montle thata, ga a ka a letla bontle jwa gagwe bo dira gore a ikgogomose. (Genesise 12:10-13) Go na le moo, o ne a ema Aborahame nokeng fa go ne go le monate le fa go ne go le thata mo botshelong jwa bone. Kwantle ga pelaelo, Aborahame le Sara ba ne ba ikanyega, ba le boikokobetso e bile ba ratana—ruri e ne e le banyalani ba ba emanang nokeng.