Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Aborahame—O ne A le Lorato

Aborahame—O ne A le Lorato

Aborahame—O ne A le Lorato

Aborahame o ne a utlwile botlhoko thata. Mosadi wa gagwe yo a mo ratang e bong Sara, o ne a tlhokafetse. Monna yono yo o godileng o ne a akanya ka dilo tse dintsi tse di molemo ka mosadi wa gagwe fa a ntse a ya go mo fitlha. O ne a lela ka ntlha ya khutsafalo. (Genesise 23:1, 2) Dikeledi tseo di ne di sa tlhabise Aborahame ditlhong mme e ne e le bosupi jwa nngwe ya dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo—lorato lwa gagwe.

LORATO KE ENG? Lorato ke maikutlo a go atamalana thata le mongwe le go amega thata ka ene. Motho yo o lorato o bontsha ka ditiro gore o ikutlwa jang ka batho ba a ba ratang, tota le fa go dira jalo go dira gore a ithontshe dilo dingwe.

ABORAHAME O NE A BONTSHA LORATO JANG? Aborahame o ne a bontsha gore o rata lelapa la gagwe. Kwantle ga pelaelo, Aborahame e ne e le motho yo o nnang a tshwaregile. Le fa go ntse jalo, ga a ka a itlhokomolosa tsela e ba lelapa la gagwe ba neng ba ikutlwa ka yone kgotsa dilo tsa semoya tse ba neng ba di tlhoka. Tota e bile, Jehofa o ne a bona gore Aborahame o ne a etelela lelapa la gagwe pele mo kobamelong e le tlhogo ya lelapa. (Genesise 18:19) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a umaka ka tlhamalalo lorato lo Aborahame a neng a na le lone. Fa Modimo a ne a bua le Aborahame ka Isake o ne a re ke “morwao . . . yo o mo ratang thata.”—Genesise 22:2.

Gape re kgona go bona kafa Aborahame a neng a na le lorato ka teng mo tseleng e a neng a tsiboga ka yone fa mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Sara, a ne a tlhokafala. Aborahame o ne a mo lelela. Le fa e ne e le monna yo o nonofileng, o ne a sa tshabe go bontsha khutsafalo ya gagwe. Aborahame o ne a bontsha nonofo le bonolo ka tsela e e tekatekano.

Aborahame o ne a bontsha gore o rata Modimo wa gagwe. Botshelo jwa gagwe jotlhe bo ne bo bontsha seo. Jang? Re ka gopola se Baebele e se buang mo go 1 Johane 5:3: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.” Go ya ka tlhaloso eo, Aborahame e ne e le sekao se se tlhomologileng sa go rata Modimo.

Nako le nako fa Jehofa a ne a naya Aborahame taelo, Aborahame o ne a e ikobela ka yone nako eo. (Genesise 12:4; 17:22, 23; 21:12-14; 22:1-3) Gore a taelo eo e ne e le motlhofo kgotsa e le thata go e ikobela go ne go se botlhokwa; e bile go ne go se botlhokwa gore a Aborahame o itse gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a mo e naya. Dilo tseo di ne di se botlhokwa mo go Aborahame. Fa Modimo wa gagwe a ne a batla gore a dire sengwe, o ne a iketleeleditse go se dira. Aborahame o ne a leba taelo nngwe le nngwe e le tshono ya go bontsha gore o rata Jehofa.

RE ITHUTA ENG? Re ka etsa Aborahame ka go bontsha batho ba bangwe lorato, segolobogolo ba malapa a rona. Ga re ka ke ra letla ditlhobaelo tsa botshelo di re tseela nako ya go nna le batho ba re ba ratang thata.

Gape re tshwanetse go lwela go rata Jehofa ka pelo yotlhe. Lorato lo lo ntseng jalo lo ka re tlhotlheletsa thata mo botshelong. Ka sekai, lo ka re tlhotlheletsa go fetola tsela e re lebang dilo ka yone, e re buang ka yone le e re itshwarang ka yone gore re itumedise Modimo.—1 Petere 1:14-16.

Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha go leng motlhofo go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa. Mme re ka tlhomamisega gore Ene yo o neng a thusa Aborahame—Ene yo o neng a mmitsa “tsala ya me”—le rona o tla re ema nokeng. (Isaia 41:8) Lefoko la gagwe, Baebele, le solofetsa jaana: “O tla lo nitamisa, o tla lo nonotsha.” (1 Petere 5:10) Ruri tsholofetso eno e e tswang mo Tsaleng e e ikanyegang ya ga Aborahame e a kgothatsa!

[Lebokoso mo go tsebe 11]

A fa Monna a Lela go Supa Bokoa?

Batho ba le bantsi ba ka araba ka ee. Gongwe ba ka gakgamadiwa ke go itse gore Aborahame e ne e le mongwe wa banna ba le mmalwa ba ba matlhagatlhaga ba tumelo, ba Baebele e tlhalosang gore ba ne ba lela fa go le thata. Ba bangwe ba akaretsa Josefa, Dafide, moaposetoloi Petere, bagolwane ba phuthego ya kwa Efeso le Jesu tota. (Genesise 50:1; 2 Samuele 18:33; Luke 22:61, 62; Johane 11:35; Ditiro 20:36-38) Go bonala sentle gore Baebele ga e rute gore fa monna a lela go supa bokoa.