Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlotla Lefoko la Modimo

Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlotla Lefoko la Modimo

“Lefoko la gago ke boammaaruri.”—JOH. 17:17.

1. Fa o ne o bua le Basupi ba ga Jehofa, ke selo sefe sa botlhokwa se o se lemogileng ka bone se ba farologaneng le madumedi a mangwe ka sone?

GAKOLOGELWA lekgetlho la ntlha fa o ne o na le motlotlo o o utlwalang le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke eng se o se gakologelwang ka motlotlo oo? Batho ba le bantsi ba ka araba ka gore, ‘Ke kgatlhilwe ke ntlha ya gore Mosupi yo o neng a bua le nna o ne a dirisa Baebele fa a ne a araba dipotso tsotlhe tse ke neng ke mmotsa tsone.’ Ruri re ne re itumeletse go lemoga boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe, se se diregang ka rona fa re swa, le gore mo nakong e e tlang go tla direga eng ka batho ba re ba ratang ba ba suleng!

2. Mangwe a mabaka a a ileng a dira gore o anaanele Baebele ke afe?

2 Le fa go ntse jalo, fa re ntse re ithuta Baebele, re ile ra lemoga gore ga e arabe fela dipotso tse re nang le tsone malebana le botshelo, loso le isagwe. Re ile ra lemoga gore Baebele ke buka e e mosola go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Kgakololo ya yone ga e felelwe ke nako mme ba ba e dirisang ka botlalo ba tla atlega mo botshelong ba bo ba itumele. (Bala Pesalema 1:1-3.) Bakeresete ba boammaaruri ga ba bolo go amogela Baebele “e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.” (1 Bathes. 2:13) Go sekaseka ka bokhutshwane ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng, go tla re thusa go bona pharologano magareng ga batho ba ruri ba tlotlang Lefoko la Modimo le ba ba sa le tlotleng.

KGANG E E RARAANENG E A RARABOLOLWA

3. Ke kgang efe ya moruthutha e e neng ya tsenya kutlwano ya phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga mo kotsing, mme ke eng fa eo e ne e le kgang e e thata go rarabololwa?

3 Mo dingwageng tse 13 tse di neng tsa latela go tlodiwa ga Moditšhaba wa ntlha yo o sa rupang e bong Korenelio, go ne ga tsoga kgang ya moruthutha e e neng ya tsenya kutlwano ya phuthego ya Bokeresete mo kotsing. Baditšhaba ba le bantsi ba ne ba amogela tumelo ya Bokeresete. Potso e ne e le gore, A banna ba ne ba tshwanetse go rupisiwa go ya ka setso sa Bajuda pele ga ba ka kolobediwa? Potso eo e ne e se motlhofo gore Bajuda ba ka e araba. Bajuda ba ba neng ba boloka Molao ba ne ba ka se tsene le go tsena mo ntlong ya Moditšhaba, re sa bue sepe ka go tsalana le ene. Bakeresete ba Bajuda ba ne ba setse ba bogisiwa mo go botlhoko ka ntlha ya go tlogela bodumedi jwa bone jwa pele. Fa jaanong ba ne ba ka amogela Baditšhaba ba ba sa rupang mo gare ga bone, seo se ne se tla dira gore batho ba ba neng ba le mo tumelong ya Sejuda le Bakeresete ba se ka ba utlwana thata mme sa dira gore Bakeresete ba sotliwe le go feta.—Bagal. 2:11-14.

4. Go ne ga kopiwa bomang gore ba rarabolole kgang, mme batho ba ba neng ba lebile ba ka tswa ba ile ba ipotsa dipotso dife malebana le kgang eo?

4 Ka 49 C.E., baaposetoloi le banna ba bagolwane ba kwa Jerusalema, ba bone ka bobone e neng e le Bajuda ba ba rupileng, ba ne ba “phuthega mmogo go tla go sekaseka kgang eno.” (Dit. 15:6) Pokano ya bone e ne e se e e lapisang pelo, go tlotliwa ka dilo tse di seng botlhokwa, go na le moo e ne e le pokano e e kgatlhang, go tlotliwa ka dithuto tsa Baebele. Matlhakore oomabedi a ne a tlhalosa dikgopolo tse a dumelang thata mo go tsone. A ba ne ba tla dira tshwetso ba ikaegile ka se mongwe a se dumelang kgotsa ka ntlha ya tlhaolele? A banna ba bagolwane ba ba nang le maikarabelo ba ne ba tla emisa go dira tshwetso, ba leta go fitlha maemo kwa Iseraele a tokafalela Bakeresete? Kgotsa a kgabagare ba ne ba tla dumalana le sengwe se tota ba neng ba sa dumele gore se siame, fela gore go dirwe tshwetso?

5. Pokano e e neng e tshwerwe kwa Jerusalema ka 49 C.E., e farologane jang le makgotla a dikereke a a ileng a tshwarwa makgolokgolo a dingwaga moragonyana?

5 Gompieno kwa makgotleng a dikereke go tlwaelegile gore baeteledipele ba amogele dikgopolo tse tota ba sa dumalaneng le tsone, fela gore go dirwe tshwetso e bile go tlwaelegile gore ba leke go dira gore batho ba bangwe ba dumalane le dikgopolo tsa bone. Le fa go ntse jalo, ga go a ka ga nna jalo kwa pokanong e e neng e le kwa Jerusalema. Tota e bile, go ne ga dirwa tshwetso e botlhe ba neng ba dumalana ka yone. Seo se ne se ka kgonega jang? Le fa mongwe le mongwe yo o neng a le gone a ne a tsaya dintlha tsa gagwe di utlwala, botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba tlotla Lefoko la Modimo, mme mekwalo eo e e boitshepo e ne ya ba thusa go rarabolola kgang eo.—Bala Pesalema 119:97-101.

6, 7. Go ne ga dirisiwa Dikwalo jang go rarabolola kgang ya go rupisiwa?

6 Temana e e ileng ya thusa go rarabolola bothata e ne e le Amose 9:11, 12. Mafoko a yone a nopolwa jaana mo go Ditiro 15:16, 17: “Ke tla boa ke ba ke aga sesha loobo lwa ga Dafide lo lo wetseng fa fatshe; e bile ke tla aga sesha marope a lone ke ba ke lo emisa gape, gore batho ba ba salang ba batle Jehofa ka tlhoafalo, mmogo le batho ba ditšhaba tsotlhe, batho ba ba bidiwang ka leina la me, go rialo Jehofa.”

7 Le fa go ntse jalo, mongwe a ka nna a ganetsa a re, ‘Iketle pele, temana eo ga e bue gore go ne go sa tlhokege gore badumedi ba Baditšhaba ba rupisiwe.’ Seo se boammaaruri; mme gone, Bakeresete ba Bajuda ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhaloganya kgang eo. Ba ne ba sa tseye Baditšhaba ba ba rupisitsweng e le “batho ba ditšhaba” mme ba ne ba ba tsaya e le bakaulengwe. (Ekes. 12:48, 49) Ka sekai, go ya ka thanolo ya ga Bagster ya Septuagint, Esethere 8:17 e balega jaana: “Ba le bantsi ba Baditšhaba ba ne ba rupisiwa mme ba nna Bajuda.” Ka jalo, fa Dikwalo di bolelelapele gore ba ba setseng ba ntlo ya Iseraele (Bajuda le batho ba ba rupileng ba ba sokologetseng mo Bojudeng) mmogo le “batho ba ditšhaba” (Baditšhaba ba ba sa rupang) ba ne ba tla nna batho ba le bangwe ka ntlha ya leina la Modimo, se Dikwalo di neng di se bua se ne se utlwala sentle. Baditšhaba ba ba neng ba batla go nna Bakeresete ba ne ba sa tlhoke go rupisiwa.

8. Bopelokgale bo ne jwa thusa jang Bakeresete ba Bajuda gore ba dire tshwetso?

8 Lefoko la Modimo le moya wa gagwe di ne tsa dira gore Bakeresete bao ba ba peloephepa ‘ba tle mo tumalanong ka bongwefela.’ (Dit. 15:25) Le fa go lebega tshwetso eo e ne e tla dira gore Bakeresete ba Bajuda ba bogisiwe le go feta, batho ba ba ikanyegang ba ne ba ema nokeng ka botlalo tshwetso eo e e theilweng mo Baebeleng.—Dit. 16:4, 5.

PHAROLOGANO E E BONALANG SENTLE

9. Selo sa konokono se se neng sa leswafatsa kobamelo ya boammaaruri ke sefe, mme go ne ga runya thuto efe?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore morago ga loso lwa baaposetoloi, tumelo ya Bakeresete e ne e tla leswafadiwa ke dithuto tsa maaka. (Bala 2 Bathesalonika 2:3, 7.) Bangwe ba batho ba ba neng ba ka se batle go dumalana le “thuto e e itekanetseng,” e ne e le ba ba neng ba na le maikarabelo. (2 Tim. 4:3) Paulo o ne a tlhagisa bagolwane ba motlha wa gagwe jaana: “Go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Dit. 20:30) The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana lebaka lengwe la konokono la go bo dithuto tsa maaka di ne di letlelelwa: “Bakeresete ba ba neng ba rutilwe filosofi ya Segerika ba ne ba simolola go akanya gore ba tlhoka go tlhalosa tumelo ya bone go ya ka difilosofi tseo, gore ba nne motlotlo ka botlhale jwa bone e bile ba ne ba akanya gore kitso ya bone e tla sokolola baheitane ba ba rutegileng.” Thuto nngwe ya botlhokwa e e neng ya sokamisiwa ka tsela ya boheitane e ne e le e e malebana le gore Jesu Keresete ke mang. Baebele ya re ke Morwa Modimo; batho ba ba ratang filosofi ya Segerika ba ne ba tatalalela gore ke Modimo.

10. Kgang e e malebana le gore Keresete ke mang, e ka bo e ile ya rarabololwa jang?

10 Go ne ga tsoga kganetsano ka potso eo mo makgotleng a le mantsi a kereke. Kgang eo e ka bo e ile ya rarabololwa motlhofo fela, fa batho ba ba neng ba le koo ba ka bo ba sekasekile Dikwalo ka kelotlhoko, le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ga bo a ka jwa dira jalo. Tota e bile, bontsi jwa bone bo ne bo setse bo dirile tshwetso pele ga ba goroga kwa makgotleng, mme fa ba tswa koo go ne go se sepe se se neng se ka fetola megopolo ya bone. Ga se gantsi ditshwetso tse di neng di dirilwe mo dipokanong tseo, di neng di umaka se se tswang mo Baebeleng.

11. Ba ba bidiwang Borara ba Kereke ba ne ba tlotlomadiwa ka tsela efe, mme ka ntlha yang?

11 Ke ka ntlha yang fa ba ne ba sa sekaseke Dikwalo ka botlalo fa ba ne ba dira ditshwetso? Mokanoki mongwe e bong Charles Freeman o araba potso eo ka go re, batho ba ba neng ba dumela gore Jesu ke Modimo “ba ne ba thatafalelwa ke go ganetsa dipolelo tse dintsi tsa ga Jesu tse di neng di bontsha gore Modimo Rara o ne a le mogolo mo go ene.” Ka ntlha ya seo, ditlwaelo le dikgopolo tsa batho di ne tsa nna botlhokwa mo baeteledipeleng ba kereke go feta Diefangele. Go tla go fitlha gompieno, bontsi jwa baruti bo tlotlomatsa se se builweng ke ba ba bidiwang Borara ba Kereke, go feta Lefoko la Modimo! Fa e le gore o kile wa tlotla ka Tharonngwe le motho yo o ithutelang boruti, o ka tswa o lemogile seo.

12. Mmusimogolo o ne a tlhotlheletsa Kereke jang ka tsela e e phoso?

12 Babusi ba Roma e ne e le bone ba ba neng ba di goga kwa pele mo dikgogakgoganong kwa makgotleng a kereke. Porofesa Richard E. Rubenstein o ne a kwala jaana malebana le Lekgotla la Nicaea: “Constantine o ne a humisitse [bo bishopo] thata go feta kafa ba neng ba ka akanya ka gone. Pele ga ngwaga o fela, mmusimogolo yo mosha o ne a ba buseditse dikereke tsa bone kgotsa a agile mo e ka nnang dikereke tsotlhe tsa bone bosha, a ba buseditse ditiro tsa bone le ditlotla tse ba neng ba di amogilwe . . . O ne a neile bo bishopo ditshiamelo tse pele di neng di newa baperesiti ba baheitane.” Ka ntlha ya seo, “Constantine o ne a kgona go nna le tlhotlheletso e kgolo—gongwe tota le e leng go neela ditaelo—mo go se se neng se direga kwa Nicaea.” Charles Freeman o ne a re: “Morago ga pokano eo, mmusimogolo o ne a tsenelela mo dikgannyeng tsa go nonotsha Kereke a bo a tlhotlheletsa le dithuto tsa yone.”—Bala Jakobe 4:4.

13. Ke dintlha dife tse o akanyang gore di ile tsa tlhotlheletsa baeteledipele ba kereke gore ba itlhokomolose dithuto tse di tlhamaletseng tsa Baebele?

13 Le fa baeteledipele ba dikereke ba ne ba fitlhela go le thata go tlhalosa gore tota Jesu Keresete ke mang, bontsi jwa batho ba maemo a a kwa tlase bone ba ne ba se na bothata joo. Ba ne ba tlhaloganya se ba neng ba se bala mo Baebeleng ba bo ba se amogela, mme baeteledipele ba kereke bone ba ne ba se itlhokomolosa e re ka ba ne ba batla madi le taolo tse mmusimogolo a neng a ka ba naya tsone. Moruti mongwe wa nako eo e bong Gregory wa Nyssa o ne a dira kakgelo eno ya tshotlo: “Barekisi ba diaparo, baananyi ba madi le barekisi ba dijo, botlhe ke baruti. Fa o botsa ka boleng jwa madi a gago, mofilosofi mongwe o go tlhalosetsa gore Morwa o farologana jang le Rre. Fa o botsa ka tlhwatlhwa ya senkgwe, o arabiwa ka gore Rre o mogolo mo go Morwa. Fa o batla go itse gore a metsi a gago a go tlhapa a siame, o bolelelwa gore Morwa o bopilwe.” Ee, go farologana le ditlhopha tsa baruti, bontsi jwa batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba dirisa Lefoko la Modimo go tshegetsa ditshwetso tsa bone. Ruri Gregory le ditsala tsa gagwe ba ka bo ba ile ba ba reetsa!

“KORONG” LE “MEFERO” DI GOLA MMOGO

14. Ke eng fa re ka swetsa ka gore go simolola mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ya pele, go ntse go na le Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba mmatota mo lefatsheng?

14 Mo setshwantshong sengwe sa gagwe, Jesu o ile a re bolelela gore go simolola mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ya pele, go tla tswelela go na le Bakeresete bangwe ba mmatota ba ba tloditsweng mo lefatsheng. O ne a ba tshwantshanya le “korong” e e tlhogang mo “meferong.” (Math. 13:30) Ke boammaaruri gore ga re ka ke ra tlhomamisa gore batho bangwe kgotsa ditlhopha dingwe, e ne e le setlhopha sa korong se se tloditsweng, mme gone re ka tlhomamisa gore go ne go ntse go na le bangwe ba ka bopelokgale ba ileng ba emela Lefoko la Modimo mme ba senola dithuto tsa Kereke tse di sa thewang mo Dikwalong. Mma re sekasekeng dikao di le mmalwa.

15, 16. Umaka maina a batho bangwe ba ba ileng ba bontsha gore ba tlotla Lefoko la Modimo.

15 Bishopomogolo Agobard wa kwa Lyons, kwa Fora (779-840 C.E.), o ne a bua kgatlhanong le kobamelo ya ditshwantsho, dikereke tsa baitshepi le meetlo le mekgwa ya kereke e e sa dumalaneng le Dikwalo. Mongwe wa batho ba ba tshedileng ka nako ya gagwe e bong Bishopo Claudius, le ene o ne a nna kgatlhanong le dingwao tsa kereke le go rapela baitshepi le go obamela dilo dingwe. Mo lekgolong la bo11 la dingwaga, Motiakonemogolo Berengarius wa kwa Tours, France, o ne a lelekiwa mo kerekeng ka ntlha ya go gana thuto ya Katoliki ya gore senkgwe le beine di fetoga ka kgakgamatso go nna mmele le madi a mmatota a ga Keresete. Gape o ne a buelela gore Baebele e gaisa dingwao tsa kereke.

16 Mo lekgolong la bo12 la dingwaga go ne ga tlhagelela banna ba babedi ba ba neng ba rata boammaaruri jwa Baebele, e bong Peter wa kwa Bruys le Henry wa kwa Lausanne. Peter o ne a tlogela go nna moperesiti ka gonne a ne a bona gore dithuto tsa Katoliki tsa go kolobetsa masea, tsa gore senkgwe le beine di fetoga ka kgakgamatso go nna mmele le madi a mmatota a ga Keresete, tsa go rapelela baswi le tsa go obamela sefapaano di ne di sa dumalane le Dikwalo. Ka 1140, Peter o ne a bolaelwa tumelo ya gagwe. Henry wa moitlami, o ne a bua kgatlhanong le ditiro tse di maswe tse di neng di dirwa mo kerekeng le meetlo e e sa dumalaneng le Dikwalo ya kereke. O ne a tshwarwa ka 1148 mme a fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe mo kgolegelong.

17. Ke eng sa botlhokwa se Waldo le balatedi ba gagwe ba neng ba se dira?

17 Mo e ka nnang ka nako e ka yone Peter wa kwa Bruys a neng a bolawa ka go fisiwa ka ntlha ya go ganetsa kereke, go ne ga tsholwa mongwe yo moragonyana a neng a tla nna le tlhotlheletso e e maatla ya go anamisa boammaaruri jwa Baebele. Sefane sa gagwe e ne e le Valdès kgotsa Waldo. * Go farologana le Peter wa kwa Bruys le Henry wa kwa Lausanne, Waldo e ne e le motho fela, le fa go ntse jalo, o ne a tseela Lefoko la Modimo kwa godimo mo e leng gore o ne a itetla go latlhegelwa ke dithoto tsa gagwe mme a rulaganya gore go ranolwe dikarolo dingwe tsa Baebele mo puong e gantsi e neng e buiwa kwa borwabotlhaba jwa Fora. Bangwe ba ile ba itumelela go utlwa molaetsa wa Baebele ka puo ya bone mo e leng gore le bone ba ne ba itetla go latlhegelwa ke dithoto ba bo ba neela matshelo a bone mo go boleleleng ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. Seo se ne sa kgopisa baeteledipele ba kereke fela thata. Ka ngwaga wa 1184, banna le basadi bano ba ba tlhagafetseng, ba moragonyana ba neng ba itsiwe e le Ba-Waldo, ba ne ba kobiwa ke mopapa mo kerekeng mme ba ntshiwa mo matlong a bone ke bishopo. Tota kgato eno e ne ya dira gore molaetsa wa Baebele o anamisediwe kwa mafelong a mangwe. Kgabagare balatedi ba ga Waldo, Peter wa kwa Bruys le Henry wa kwa Lausanne mmogo le batho ba bangwe ba ba neng ba sa dumalane le thuto ya kereke, ba ne ba ka fitlhelwa mo dikarolong di le dintsi tsa Yuropa. Bangwe ba ba ileng ba emela boammaaruri jwa Baebele ka tlhagafalo ba ne ba tlhagelela makgolokgolo a dingwaga a a neng a latela: John Wycliffe (c. 1330-1384), William Tyndale (c. 1494-1536), Henry Grew (1781-1862), le George Storrs (1796-1879).

“LEFOKO LA MODIMO GA LE A GOLEGWA”

18. Tlhalosa mokgwa o baithuti ba Baebele ba ba tlhagafetseng ba neng ba o dirisa fa ba ne ba ithuta Baebele mo lekgolong la bo19 la dingwaga, le lebaka la go bo o ile wa atlega.

18 Le fa ba ka tswa ba lekile jang, batho ba ba leng kgatlhanong le boammaaruri jwa Baebele, ga ba a ka ba kgona go thibela gore bo anamisiwe. Lekwalo la bobedi la Timotheo 2:9 la re: “Lefoko la Modimo ga le a golegwa.” Ka ngwaga wa 1870, setlhopha se se tlhagafetseng sa baithuti ba Baebele se ne sa simolola go batla boammaaruri. Ba ne ba dirisa mokgwa ofe wa go ithuta? Mongwe o ne a botsa potso. Ba bo ba tlotla ka yone. Ba ne ba leba ditemana tsotlhe tse di amanang le ntlha eo, go tswa foo, fa ba kgotsofetse gore ditemana tseo di a dumalana, kwa bofelong ba dira tshwetso ba bo ba e kwala. A ga o kgothadiwe ke go itse gore fela jaaka baaposetoloi le banna ba bagolwane ba lekgolo la ntlha la dingwaga, banna bao ba ba ikanyegang, “borraronamogologolwane ba semoya” ba ba neng ba tshela go ela kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1800, ba ne ba ikemiseditse go dumalanya ditumelo tsa bone ka botlalo le Lefoko la Modimo?

19. Temana ya ngwaga ya 2012 ya reng, mme ke eng fa e tshwanela?

19 Dilo tse re di dumelang di sa ntse di theilwe mo Baebeleng. Ke gone ka moo Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se tlhophileng mafoko ano a ga Jesu go nna temana ya rona ya ngwaga ya 2012: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Joh. 17:17) E re ka mongwe le mongwe yo o eletsang go amogelwa ke Modimo a tshwanetse go tsamaya mo boammaaruring, e kete rotlhe re ka lwela go nna re kaelwa ke Lefoko la Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Ka dinako dingwe Valdès o ne a bidiwa Pierre Valdès kgotsa Peter Waldo, mme gone ga go ka ke ga tlhomamisiwa leina la gagwe.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Temana ya rona ya ngwaga ya 2012: “Lefoko la gago ke boammaaruri.”—Johane 17:17

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Waldo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Wycliffe

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tyndale

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Grew

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Storrs