Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ke Tla Kgona Jang go Rera?’

‘Ke Tla Kgona Jang go Rera?’

‘Ke Tla Kgona Jang go Rera?’

Mo lefatsheng ka bophara, re na le dikao tse di molemo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka boikanyegi ba dirang tiro ya go rera le fa ba itshoketse mathata a a masisi a boitekanelo. Akanya ka sekai sa ga Dalia yo o nnang kwa Vilnius, e leng motsemogolo wa Lithuania.

Dalia ke kgaitsadi yo o leng mo dingwageng tsa bo30. O tshotswe a na le bolwetse jwa cerebral apoplexy. Bolwetse joo bo dirile gore a golafale mme a nne le bothata jo bo masisi jwa go bua. Mme ka ntlha ya seno, ke balelapa la gaabo fela ba ba mo tlhaloganyang. Dalia o nna le mmaagwe e bong Galina, yo o mo tlhokomelang ka dilo tse a di tlhokang. Le fa botshelo jwa ga Dalia bo tletse mathata le ditlhobaelo, o leba dilo ka tsela e e siameng. Seno se kgonega jang?

Galina o tlhalosa jaana: “Ka 1999, ntsalake e bong Apolonija o ne a re jela nala. Re ne ra lemoga gore Apolonija, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a itse Baebele sentle, mme Dalia a simolola go mmotsa dipotso di le dintsi. Go ise go ye kae, o ne a simolola go ithuta Baebele le Dalia. Ka dinako dingwe, ke ne ke nna le bone fa ba ithuta e le gore ke thuse go toloka se Dalia a se buang. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore sengwe le sengwe se a neng a se ithuta, ruri se ne se mo solegela molemo. Go ise go ye kae, le nna ke ne ka kopa thuto ya Baebele.”

E re ka Dalia a ne a simolola go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele, go ne ga nna le potso nngwe e e neng e mo tshwenya fela thata. Kgabagare, o ne a botsa Apolonija jaana: “Motho yo o tshwanang le nna—yo o golafetseng—a ka rera jang?” (Math. 28:19, 20) Apolonija o ne a tlhomamisetsa Dalia jaana a ritibetse: “O se ka wa tshoga. Jehofa o tla go thusa.” Eleruri, Jehofa o a thusa.

Ka jalo, Dalia o rera jang? O dirisa ditsela di le mmalwa. Bokgaitsadi ba mo thusa go baakanyetsa makwalo a a nang le molaetsa wa Baebele. Sa ntlha, Dalia o bolelela bokgaitsadi bao se a se akanyang. Go tswa foo, ba kwala lekwalo ka se a neng a ba bolelela sone. Gape Dalia o rerela batho ka go ba romelela melaetsa ka selula. Mme fa maemo a bosa a siame, maloko a phuthego a mo isa kwa phakeng le kwa mmileng gore a tlotle le batho ba a kopanang le bone koo.

Dalia le mmaagwe ba tsweletse pele sentle semoyeng. Boobabedi ba ineetse mo go Jehofa e bile ba ile ba kolobediwa ka November 2004. Ka September 2008, setlhopha sa batho ba ba buang Se-Poland se ne sa tlhamiwa kwa Vilnius. E re ka setlhopha seo se ne se tlhoka baboledi ba Bogosi ba ba oketsegileng, Dalia le mmaagwe ba ne ba simolola go kopanela le sone. Dalia a re: “Dikgwedi dingwe ke a tshwenyega fa ke sa kgone go ya bodireding. Le fa go ntse jalo, morago ga gore ke rapele Jehofa ka kgang eo, go ise go ye kae mongwe o tla bo a nkopa gore ke tsamaye le ene mo bodireding.” Kgaitsadi yono wa rona yo o rategang, o ikutlwa jang ka boemo jo a leng mo go jone? A re: “Bolwetse bo golafaditse mmele wa me, mme ga bo a golafatsa tlhaloganyo ya me. Ke itumela thata fa ke kgona go bolelela ba bangwe ka Jehofa!”