Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

“Nna ga Nkitla ke go Lebala”

“Nna ga Nkitla ke go Lebala”

A RURI Jehofa o amega ka batho ba gagwe? Fa go le jalo, o amega go le kana kang ka bone? Go na le tsela e le nngwe fela e re ka itseng dikarabo tsa dipotso tseo ka yone—ka go di bolelelwa ke Modimo. Mo Baebeleng, Jehofa o re bolelela ka tsela e e utlwalang sentle kafa a ikutlwang ka teng. Akanya ka mafoko a a mo go Isaia 49:15.

Jehofa o dirisa Isaia go tlhalosa kafa a amegang thata ka teng ka batho ba gagwe, a dirisa sengwe sa dikai tse di amang maikutlo go feta tsotlhe tse o ka di akanyang. O simolola ka go botsa potso eno e e dirang gore motho a akanye: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo?” Kwa tshimologong fela, karabo ya potso eno e lebega e le motlhofo. Mmè yo o anyisang a ka lebala jang losea lwa gagwe lo lo anyang? Losea lwa gagwe lo mo tlhoka bosigo le motshegare—mme lo dira gore a itse fa lo tlhoka sengwe! Mme potso ya ga Jehofa ga e amane le seo fela.

Ke ka ntlha yang fa mmè a anyisa losea lwa gagwe a bo a lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang? A ke fela gore a lo didimatse fa lo lela? Nnyaa. Ka tlholego fela mmè o tlhomogela “morwa wa sebopelo sa gagwe” pelo. Lediri la Sehebera le fano le ranotsweng e le ‘go tlhomogela pelo’ gape le ranolwa e le ‘go utlwela botlhoko.’ (Ekesodo 33:19; Isaia 54:10) Lefoko leno la Sehebera le ka dirisiwa go kaya go bontsha bopelotlhomogi jo bo pelonomi mo bathong ba ba sa kgoneng go itirela sepe kgotsa ba ba sa kgoneng go itshireletsa. Kutlwelobotlhoko e mmè a e bontshang losea lwa gagwe ke mangwe a maikutlo a a boteng go feta otlhe a re ka a akanyang.

Ka maswabi, ga se bommè botlhe ba ba utlwelang masea a bone botlhoko fa a batla go anya. Jehofa a re: “Le e leng basadi bano ba ka lebala.” Re tshela mo lefatsheng le mo go lone banna le basadi ba le bantsi ‘ba sa ikanyegeng, ba se nang lorato lwa tlholego.’ (2 Timotheo 3:1-5) Re a tle re utlwe ka bommè ba ba tlhokomologang, ba ba sotlang kgotsa ba ba latlhang masea a bone a a sa tswang go tsholwa. Fa buka nngwe ya ditshupiso tsa Baebele e akgela ka Isaia 49:15 ya re: “Bommè ke baleofi e bile ka dinako tse dingwe lorato lwa bone lo fekeediwa ke bosula. Ba ka palelwa ke go bontsha tota le lorato lo logolo lo batho ba nang le lone.”

Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Mme nna ga nkitla ke go lebala.” Jaanong re lemoga se se kaiwang ke potso e Jehofa a e boditseng e e mo go Isaia 49:15. Fano ga se gore Modimo o bontsha kafa a tshwanang ka teng le bommè mme o bontsha kafa a farologanang le bone ka teng. Bommè ba ba sa itekanelang ba ka nna ba se ka ba utlwela masea a bone botlhoko mme Jehofa ene le ka motlha a ka se tlogele kgotsa a lebale go bontsha baobamedi ba gagwe ba ba tlhokang thuso kutlwelobotlhoko. Go a tshwanela go bo buka ya ditshupiso e e umakilweng fa godimo e akgela jaana ka Isaia 49:15: “Eno ke nngwe ya ditsela tse di maatla kgotsa ke yone tsela e e maatla go di feta tsotlhe e Modimo a tlhalosang lorato lwa gagwe ka yone mo Tesetamenteng e Kgologolo.”

A ga go gomotse go utlwa ka “bopelotlhomogi jo bo pelonomi jwa Modimo wa rona”? (Luke 1:78) Ke ka ntlha yang fa o sa ithute gore o ka atamalana jang le Jehofa? Modimo yono yo o lorato o tlhomamisetsa baobamedi ba gagwe jaana: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.”—Bahebera 13:5.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka February:

Isaia 43-62