Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nathane—Mmueledi yo o Ikanyegang wa Kobamelo e e Itshekileng

Nathane—Mmueledi yo o Ikanyegang wa Kobamelo e e Itshekileng

Nathane—Mmueledi yo o Ikanyegang wa Kobamelo e e Itshekileng

Ga go motlhofo go bolelela monna yo o nang le taolo gore o dirile dilo tse di bosula mme o tlhoka go di fetola. A o ne o ka ya kwa mothong yoo fa o ne o itse gore o bolaile mongwe e le gore a sireletse leina la gagwe?

Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a dirile boaka le Bathesheba, mme Bathesheba a ithwala. Dafide o ne a dira gore monna wa gagwe a bolawe mme a mo itseela gore e nne mosadi wa gagwe e le go fitlha boleo jwa bone. Go ne ga feta dikgwedi di le dintsi Dafide a ntse a tshela botshelo jwa boitimokanyo, ga go pelaelo gore o ne a tswelela go dira ditiro tsa gagwe tsa segosi. Mme Jehofa ga a ka a itlhokomolosa maleo a kgosi eo. O ne a romela moporofeti wa gagwe e bong Nathane go ya kwa go Dafide.

Eo e ne e se kgetsi e potlana. Itsenye mo ditlhakong tsa ga Nathane. Go ikanyega mo go Jehofa le go kgomarela melao ya gagwe, ruri go ne ga tlhotlheletsa Nathane gore a gakolole Dafide maleo a gagwe. Moporofeti yono o ne a ka kgona jang go dira seo e bile o ne a ka kgona jang go dira gore Kgosi Dafide a lemoge gore o tshwanetse go ikwatlhaya?

MORUTISI YO O BOTLHALE

Ke eng o sa dirise metsotso e le mmalwa go bala 2 Samuele 12:1-25? Itsenye mo ditlhakong tsa ga Nathane fa a ne a bolelela Dafide kgang eno: “Go ne go na le banna ba le babedi ba ba neng ba le mo motseng o le mongwe fela, yo mongwe a humile mme yo mongwe a humanegile. Monna yo o humileng o ne a na le dinku di le dintsi thata le dikgomo; mme monna yo o humanegileng o ne a se na sepe fa e se kwanyana e le nngwe e namagadi, e potlana, e a neng a e rekile. Mme o ne a e boloka e tshela, mme e ne e gola le ene le bomorwawe, botlhe mmogo. E ne e tle e je mo thathaneng ya gagwe, e nwe mo senwelong sa gagwe, e lale mo sehubeng sa gagwe, mme e ne ya nna jaaka morwadie. Moragonyana ga tla moeng kwa monneng wa mohumi, mme a rekegela go tsaya dingwe tsa dinku tsa gagwe le dikgomo tsa gagwe gore a di baakanyetse motsamai yo o neng a tsene kwa go ene. Ka jalo a tsaya kwanyana e namagadi ya monna yo o humanegileng a e baakanyetsa monna yo o neng a tsene kwa go ene.”—2 Sam. 12:1-4.

Dafide—yo ka boene e kileng ya bo e le modisa—go bonala a ne a dumela gore kgang eo e ne e le boammaaruri. Moakgedi mongwe o ne a akantsha jaana: “Gongwe Nathane o ne a tlwaetse go ya kwa go Dafide go ya go buelela batho ba ba neng ba sa tshwarwa sentle, e bile go se na motho ope yo o ba thusang mme Dafide o ne a tsaya seo e le tshono ya gore a thuse.” Le fa go ntse jalo, Nathane o ne a tlhoka go ikanyega mo Modimong le go nna pelokgale gore a bue le kgosi eo jaaka a dirile. Kgang ya ga Nathane e ne ya dira gore Dafide a tuke bogale. O ne a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, monna yo o dirang seno o tshwanelwa ke go swa!” Foo Nathane a mmolelela mafoko ano a a utlwisang botlhoko: “Ke wena monna yoo!”—2 Sam. 12:5-7.

Akanya gore ke ka ntlha yang fa Nathane a ile a tlhopha go bua ka tsela e a buileng ka yone. Ga go motlhofo gore motho yo o tlwaelaneng le yo mongwe thata, a akanye sentle ka seemo se a lebaneng le sone. Rotlhe re a tle re dire diipato re leka go mpampetsa ditiro tsa rona fa e le gore di a belaetsa. Mme gone, setshwantsho sa ga Nathane se ne sa tlhotlheletsa Dafide gore, ka go sa lemoge a kgale ditiro tse ene ka boene a di dirileng. Kwantle ga pelaelo, kgosi e ne ya bona gore boitsholo jo Nathane a buileng ka jone, bo ne bo le maswe. Le fa go ntse jalo, ke fela morago ga gore Dafide a kgale boitsholo joo, fa Nathane a ne a mo tlhalosetsa gore setshwantsho seo se ne se bua ka kgosi. Ke gone Dafide a neng a kgona go lemoga bomasisi jwa boleo jo a bo dirileng. Seno se ne sa mo thusa gore a kgone go amogela kotlhao eo. O ne a dumela gore ruri o ‘nyaditse’ Jehofa ka boitsholo jwa gagwe le Bathesheba mme o ne a amogela kotlhao e e neng e mo tshwanetse.—2 Sam. 12:9-14; Pes. 51, mafoko a a fa godimo ga kgaolo.

Re ithuta eng mo go seno? Maikaelelo a morutisi wa Baebele ke go thusa bareetsi ba gagwe gore ba fitlhelele tshwetso e e siameng. Nathane o ne a tlotla Dafide mme ka jalo, a mo atamela ka botlhale. Nathane o ne a itse gore Dafide mo pelong ya gagwe o rata tshiamo le tshiamiso. Ka go dirisa setshwantsho seno, moporofeti yono o ne a itse gore o tla tlhotlheletsa monna yono yo o nang le dinonofo tsa bomodimo. Le rona re ka thusa batho ba ba peloephepa go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Jang? Ka go ba thusa gore ba dirise kitso ya bone ya go itse se se siameng, re sa dire gore ba bone e kete rona re botoka mo go bone kgotsa gore re na le tshwanelo ya go ba bolelela gore ba dire eng. Baebele ke yone e re laolang malebana le se se siameng le se se sa siamang mme e seng tsela e rona re lebang dilo ka yone.

Mo godimo ga dilo tsotlhe, go ikanyega mo Modimong go ne ga thusa Nathane go kgalema kgosi eno e e maatla. (2 Sam. 12:1) Boikanyegi jo bo tshwanang le joo bo tla re naya bopelokgale jwa go emela melaometheo ya ga Jehofa e e siameng re nonofile.

MOROTLOETSI WA KOBAMELO E E ITSHEKILENG

Go bonala Dafide le Nathane e ne e le ditsala tse di ntshanang se inong, ka gonne Dafide o ne a taya mongwe wa bomorwaawe Nathane. (1 Ditir. 3:1, 5) Lekgetlho la ntlha fa Nathane a umakiwa mo pegong ya Baebele, o umakiwa a na le Dafide. Boobabedi ba ne ba rata Jehofa. Go bonala kgosi e ne e ikanya katlholo ya ga Nathane, e re ka a ne a bolelela moporofeti yoo gore o eletsa go agela Jehofa tempele. Dafide o ne a re: “‘Bona, jaanong, ke nna mo ntlong ya masedara fa letlole la Modimo wa boammaaruri lone le nna mo gare ga matsela a megope.’ Foo Nathane a raya kgosi a re: ‘Sengwe le sengwe se se mo pelong ya gago—tsamaya o se dire, ka gonne Jehofa o na le wena.’”—2 Sam. 7:2, 3.

E re ka Nathane e ne e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa o ne a iketleeditse go tshegetsa leano la ga Dafide la go aga lefelo la ntlha la kobamelo e e itshekileng mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlhong leo, go bonala Nathane a ile a ntsha maikutlo a gagwe go na le go bua se Jehofa a mmoleletseng sone. Mo bosigong joo, Modimo o ne a laela moporofeti wa gagwe go bolelela kgosi molaetsa ono o o farologaneng: Dafide ga a kitla a aga tempele ya ga Jehofa. Motho yo o tla dirang jalo e tla nna mongwe wa barwa ba ga Dafide. Mme gone, Nathane o ne a itsise gore Modimo o ne a dira kgolagano le Dafide gore setulo sa gagwe sa bogosi se tla ‘tlhomamisiwa ka thata ka bosakhutleng.’—2 Sam. 7:4-16.

Thato ya Modimo e ne e sa dumalane le maikutlo a ga Nathane malebana le go agiwa ga tempele. Le fa go ntse jalo, moporofeti yono yo o ikokobeditseng o ne a dumalana le maikaelelo a ga Jehofa mme a bo a dirisana le one a sa ngongorege. A bo e le sekao se se molemo jang ne se re tshwanetseng go se latela fa ka tsela nngwe Modimo a tshwanelwa ke go re lolamisa! Ditiro tse Nathane a neng a di dira moragonyana e le moporofeti di bontsha gore Modimo o ne a sa ntse a mo amogela. Tota e bile, go bonala Jehofa a ne a tlhotlheletsa Nathane mmogo le Gada mmoni wa diponatshegelo, go kaela Dafide gore a rulaganye gore go nne le baopedi ba le 4 000 mo tirelong ya tempele.—1 Ditir. 23:1-5; 2 Ditir. 29:25.

MOFEMEDI WA BOGOSI

Nathane o ne a itse gore Solomone o ne a tla tlhatlhama Dafide yo o tsofetseng, go nna kgosi. Ka jalo, Nathane o ne a tsaya kgato fa Adonija a ne a leka go menola puso mo dingwageng tsa botsofe tsa ga Dafide. Le fano Nathane o ne a bontsha botlhale le boikanyegi mo go se a neng a se dira. O ne a simolola ka go rotloetsa Bathesheba gore a gopotse Dafide ka maikano a gagwe a go dira morwaabone e bong Solomone kgosi. Go tswa foo, Nathane ka boene o ne a ya kwa kgosing go ya go mmotsa gore a o setse a tlhomile Adonija go nna kgosi. Fa Dafide a lemoga bomasisi jwa boemo joo, kgosi eno e e tsofetseng e ne ya laela Nathane le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang gore ba ye go tlotsa Solomone le go itsise gore ke kgosi. Maano a ga Adonija a go menola puso a ne a iteile sefololetse.—1 Dikg. 1:5-53.

RAHISITORI YO O IKOKOBEDITSENG

Gantsi batho ba dumela gore Nathane le Gada ke bone ba kwadileng 1 Samuele dikgaolo 25 go ya go 31 mmogo le buka yotlhe ya 2 Samuele. Malebana le ditiragalo tse di tlhotlheleditsweng tse di kwadilweng mo dibukeng tseo, go kwadilwe jaana: “Fa e le ditiragalo tsa ga kgosi Dafide, tsa ntlha le tsa bofelo, di kwadilwe mo mafokong a ga Samuele wa mmoni le mo mafokong a ga moporofeti Nathane le mo mafokong a ga Gada e bong mmoni wa diponatshegelo.” (1 Ditir. 29:29) Gape Baebele e umaka gore Nathane o ne a kwala ka “ditiragalo . . . tsa ga Solomone.” (2 Ditir. 9:29) Seno se raya gore Nathane o ne a tswelela a dira ditiro mo ntlong ya segosi le e leng morago ga loso lwa ga Dafide.

Bontsi jwa se re se itseng ka ga Nathane se ka tswa se kwadilwe ke moporofeti yono ka boene. Le fa go ntse jalo, go se bue sepe ga gagwe ka dintlha dingwe go re bolelela go le gontsi ka ene. Go bonala Nathane e ne e le rahisitori yo o ikokobeditseng. O ne a sa ikgodise a batla go itirela leina. Dikishinare nngwe ya Baebele ya re ga go tlhalosiwe sepe ka ga gagwe le ka lelapa la gagwe mo Baebeleng. Ga re itse sepe ka botshelo jwa ga Nathane.

GO TLHOTLHELEDIWA KE GO IKANYEGA MO GO JEHOFA

Go tswa mo maokong fela a ga Nathane a re a neilweng mo Baebeleng, go bonala sentle gore o ne a ikokobeditse mme gone e le mofemedi yo o tlhagafetseng wa dithulaganyo tsa Modimo. Jehofa Modimo o ne a mo naya maikarabelo a magolo. Tlhatlhanya ka dinonofo tsa ga Nathane, tse di jaaka go ikanyega mo Modimong le go kgatlhegela thata dilo tse Modimo a di batlang mo go rona. Lwela go etsa dinonofo tse di ntseng jalo.

Gongwe ga o ka ke wa tshwanelwa ke go kgalema dikgosi tse di dirileng boaka kgotsa go thibela maano a mongwe a go menola puso. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya Modimo o ka kgona go ikanyega mo Modimong le go tlotlomatsa melao ya gagwe e e siameng. Gape o ka kgona go nna pelokgale o le morutisi wa boammaaruri le morotloetsi wa kobamelo e e itshekileng, mme gone o dira jalo ka botlhale.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

E re ka Nathane e ne e le mofemedi wa bogosi, o ne a bua ka botlhale le Bathesheba