Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ga ba Karolo ya Lefatshe”

“Ga ba Karolo ya Lefatshe”

“Ga ba Karolo ya Lefatshe”

“Lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe.”—JOHANE 17:14.

Bokao Jwa Mafoko Ano: E re ka Jesu a ne a se karolo ya lefatshe, o ne a sa nne le seabe fa go nna le dikgotlhang tsa setšhaba le tsa dipolotiki mo motlheng wa gagwe. O ne a tlhalosa jaana: “Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) Gape o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba tile boikutlo, puo le boitsholo jo bo kgalwang ke Lefoko la Modimo.—Mathaio 20:25-27.

Kafa Bakeresete ba Bogologolo ba Neng ba Dira Seo ka Gone: Go ya ka monna mongwe yo o kwalang ka madumedi e bong Jonathan Dymond, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba “gana go nna le seabe mo [ntweng]; le fa diphelelo e ne e ka nna dife, le fa ba ne ba ka kgobiwa kgotsa ba isiwa kgolegelong kgotsa ba bolawa.” Ba ne ba ka mpa ba boga go na le gore ba tseye letlhakore. Melao ya bone ya boitsholo le yone e ne e ba tlhaola. Bakeresete ba ne ba bolelelwa jaana: “Ka gonne lo sa tswelele lo siana le bone mo tseleng eno go ya kwa lekadibeng leno le le kwa tlase la botlhapelwa, ba akabetse e bile ba tswelela ba bua ka lona ka go lo kgoba.” (1 Petere 4:4) Rahisitori mongwe e bong Will Durant o ne a re tsela e Bakeresete “ba neng ba ineetse e bile ba itshwere sentle ka yone e ne e dira gore baheitane ba ba neng ba rata menate ka tsela e e feteletseng ba tshwenyege.”

Ke Bomang ba ba Dirang Seo Gompieno? Fa New Catholic Encyclopedia e bua ka go sa tseye letlhakore ga Bakeresete, ya re: “Go phoso go gana go nna le seabe mo ntweng ka ntlha ya segakolodi.” Setlhogo sengwe sa lokwalodikgang lwa Reformierte Presse sa re pego ya mokgatlho wa ditshwanelo tsa batho wa African Rights e ne ya supa gore dikereke tsotlhe “kwantle ga Basupi ba ga Jehofa” di ile tsa nna le seabe mo kgailong ya morafe ya kwa Rwanda ka 1994.

Fa morutabana mongwe wa sekolo se segolwane a bua ka Go Gailwa ga Batho ke Banasi, o ne a bua ka khutsafalo a re “ga go na setlhopha sepe kgotsa mokgatlho ope wa baagi o o ileng wa nna kgatlhanong le go bua maaka, bopelompe, tota le bosetlhogo jo bo feteletseng jo kgabagare bo neng jwa direga.” Fa a sena go ikgolaganya le United States Holocaust Memorial Museum, o ne a kwala jaana: “Jaanong ke ne ke bone karabo.” O ne a utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna ba nitame mo go se ba se dumelang le fa ba ne ba tshwarwa setlhogo.

Go tweng ka melao ya bone ya boitsholo? Makasine wa U.S. Catholic wa re: “Bontsi jwa basha ba Bakatoliki gompieno ga ba dumalane le dithuto tsa kereke malebana le dikgang tse di jaaka go nna mmogo ga batho ba ba sa nyalanang [le] go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.” Makasine ono o nopola motiakone mongwe wa kereke yo o neng a re: “Ke lemogile gore bontsi jwa batho—ba ke akanyang gore ba feta diperesente di le 50 kgakala—ba a bo ba setse ba nna mmogo fa ba tla go nyalana.” The New Encyclopædia Britannica ya re Basupi ba ga Jehofa ba “lwela go tshela ka melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo.”