Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke ba Itsisitse Leina la Gago”

“Ke ba Itsisitse Leina la Gago”

“Ke ba Itsisitse Leina la Gago”

“Ke bonaditse leina la gago mo bathong ba o ba nneileng ba tswa mo lefatsheng. . . . Ke ba itsisitse leina la gago e bile ke tla dira gore le itsiwe.”—JOHANE 17:6, 26.

Bokao Jwa Mafoko Ano: Jesu o ne a itsise batho leina la Modimo ka go le dirisa mo bodireding jwa gagwe. Fa Jesu a ne a bala go tswa mo Dikwalong, jaaka a ne a tle a dire, o tshwanetse a bo a ne a bitsa leina la Modimo mo le tlhagelelang gone. (Luke 4:16-21) O ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele jaana: “Rara, a leina la gago le itshepisiwe.”—Luke 11:2.

Kafa Bakeresete ba Bogologolo ba Neng ba Dira Seo ka Gone: Moaposetoloi Petere o ne a bolelela banna ba bagolwane ba kwa Jerusalema gore Modimo o ne a ntshitse “batho ba leina la gagwe” mo ditšhabeng. (Ditiro 15:14) Baaposetoloi le ba bangwe ba ne ba rera ba re “mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” (Ditiro 2:21; Baroma 10:13) Gape ba ne ba dirisa leina la Modimo mo mekwalong ya bone. Tosefta, e leng buka e e nang le melao e mentsi ya Bajuda, e e weditsweng mo e ka nnang ka 300 C.E., e bolela jaana malebana le baganetsi ba ba ileng ba fisa mekwalo ya Bokeresete: “Ga ba namole mo molelong dibuka tsa Baefangele le dibuka tsa ba-minim [ba go akanngwang gore ke Bakeresete ba Bajuda]. Mme ba di letla gore di fisiwe kwa di fitlhelwang teng, . . . tsone mmogo le Leina la Modimo le le umakwang mo go tsone.”

Ke Bomang ba ba Dirang Seo Gompieno? Ketapele ya Baebele ya Revised Standard Version e e neng e letleletswe ke National Council of the Churches of Christ ya kwa United States ya re: “Go dirisa leinatota le fa e ka nna lepe fela fa go bidiwa Modimo yo o esi, jaaka e kete go na le medimo e mengwe e a tshwanetseng go farologanngwa le yone, go ne ga emisiwa mo Tsamaisong ya Sejuda pele ga motlha wa Bokeresete mme go dirisiwa ga lone ga go a tshwanela gotlhelele mo bodumeding jwa lefatshe lotlhe jwa Kereke ya Bokeresete.” Ka jalo, e ne ya emisetsa leina la Modimo ka sereto, “MORENA.” Bosheng jaana, Vatican e ne ya laela bobishopo ba yone e re: “Leina la Modimo la ditlhaka tse nnè YHWH * ga le a tshwanela go dirisiwa mo dipineng le mo dithapelong.”

Ke bomang ba gompieno ba dirisang leina la Modimo le go le itsise? Fa Sergey a ne a le mo dingwageng tsa bolesome kwa Kyrgyzstan, o ne a lebelela filimi e e neng e re leina la Modimo ke Jehofa. Mo dingwageng di le lesome morago ga moo, ga a ka a tlhola a utlwa leina la Modimo gape. Moragonyana, fa Sergey a sena go fudugela kwa United States, Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba mo etela kwa legaeng la gagwe ba bo ba mmontsha leina la Modimo mo Baebeleng. Sergey o ne a itumela thata fa a bona gore go na le setlhopha sa batho ba ba dirisang leina Jehofa. Se se kgatlhang ke gore mo dikishinaring ya Webster’s Third New International Dictionary, “Jehofa Modimo” o tlhalosiwa e le “Modimo yo Basupi ba ga Jehofa ba tsayang gore o feta e mengwe yotlhe e bile ba obamela ene fela.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Mo Setswaneng, leina la Modimo le ranolwa e le “Jehofa.”