Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba-Aztec ba Motlha wa Gompieno ba Fetoga Bakeresete ba Boammaaruri

Ba-Aztec ba Motlha wa Gompieno ba Fetoga Bakeresete ba Boammaaruri

Ba-Aztec ba Motlha wa Gompieno ba Fetoga Bakeresete ba Boammaaruri

“Ditempele di ne tsa wa, tsa nna lorole le molora, medingwana ya senngwa, le dibuka tse di boitshepo tsa jewa ka molelo, mme Baindia ga ba a lebala medimo ya bogologolo.”—Las antiguas culturas mexicanas (The Ancient Mexican Cultures).

BA-AZTEC ba ba neng ba nna kwa Mexico, e ne e le morafe o monnye wa batswakwa mo lekgolong la bo13 la dingwaga mme ba nna mmusomogolo o o nang le maatla o o tshwanang le wa Ba-Inca ba kwa Peru. Le fa mmusomogolo wa Ba-Aztec o ne wa digwa fa Ba-Spain ba ne ba fenya Tenochtitlán ka 1521, puo ya Ba-Aztec e leng Se-Nahuatl e sa ntse e dirisiwa. * Puo eno e sa ntse e buiwa ke batho ba le milione le halofo ba ba tsholetsweng mo dikgaolong di ka nna 15 tsa kwa Mexico. Mmatlisisi mongwe e bong Walter Krickeberg yo o nopotsweng kwa godimo, o ne a re puo eno e ile ya thusa gore dingwe tsa ditumelo tsa Ba-Aztec di tswelele di le teng. Dingwe tsa tsone ke dife?

Dingwao Tse di sa Tlwaelegang Mme di Tshwana

Gongwe nngwe ya ditlwaelo tse di itsegeng thata tsa Ba-Aztec ke go dira ditlhabelo ka batho. Tlwaelo eno e ne e theilwe mo tumelong ya gore letsatsi le ne le tla nyelela fa go sa dirwe ditlhabelo ka dipelo kgotsa ka madi a batho. Diego Durán, yo e leng leloko la bodumedi wa kwa Spain, a re ka 1487 fa go ne go kgakolwa tempele e kgolo e e khutlotharo ya kwa Tenochtitlán, go ne ga dirwa ditlhabelo ka batho ba feta 80 000 mo malatsing a le manè.

Le fa Ba-Spain ba ne ba tshosiwa ke tlwaelo eno, ba ne ba gakgamadiwa ke go lemoga gore dilo dingwe tse dintsi tse Ba-Aztec ba neng ba di dumela, di ne di tshwana le tsa Kereke ya bone ya Katoliki. Ka sekai, Ba-Aztec ba ne ba dira selalelo se mo go sone ditshwantsho tsa medimo ya bone e e dirilweng ka mabele di neng di jewa. Ka dinako tse dingwe go ne go jewa le nama ya batho ba go dirilweng ditlhabelo ka bone. Ba-Aztec ba ne ba dirisa sefapaano le go ipolela maleo e bile ba kolobetsa masea. Gongwe sengwe se se tlhomologileng se ba neng ba tshwana ka sone e ne e le go obamela lekgarebana Tonantzin, yo o neng a bidiwa “Mmè wa Medimo,” yo Ba-Aztec ba neng ba mmitsa ka tsela e e lorato ba re ke Mmaarona yo Mmotlana.

Mo go yone thota e Ba-Aztec ba neng ba obamela Tonantzin mo go yone, ga twe Lekgarebana la mmala o motshwana la Mokatoliki la kwa Guadalupe le le buang Se-Nahuatl, le ne la iponatsa mo mothong mongwe wa Moindia wa kwa Aztec ka 1531. Seno se ne sa thusa Ba-Aztec gore ba batle go sokologela mo Bokatoliking. Lefelo la kobamelo la lekgarebana leno le ne le agilwe mo motheong wa tempele ya ga Tonantzin. Ka December 12, bontsintsi jwa batho ba kwa Mexico ba ba ineetseng, ba bontsi jwa bone ba buang Se-Nahuatl ba etela kereke ya Roma.

Ba-Nahuatl ba direla baitshepi ba bone ba bagolo mekete e le mmalwa e mengwe ya yone e neng e tsaya malatsi kgotsa dibeke kwa mafelong a bone a a kwa kgakala a a kwa dithabeng. Buka ya El universo de los aztecas (Lobopo lwa Ba-Aztec) ya re batho ba ba tsholetsweng koo “ba amanya kobamelo ya baitshepi ba Kereke ya Katoliki le meletlo e e neng e dirwa pele ga Cortés.” Gape Ba-Nahuatl ba tseneletse thata mo tirisabadimong. Fa ba lwala, ba ya kwa bathong ba ba fodisang ka meetlo ya go itshekisa le ditlhabelo tsa diphologolo. Mo godimo ga moo, batho ba bantsi ga ba itse go bala le go kwala; bontsi jwa bone ga ba itse go bala Se-Spain kgotsa Se-Nahuatl. Go tshwarelela thata mo setsong sa bone, mo puong le go bo ba humanegile thata go dirile gore batho ba ba tlhaole.

Ba-Aztec ba Motlha wa Gompieno ba Bona Boammaaruri Jwa Baebele

Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico ga ba bolo go iketleeletsa go rerela batho botlhe “dikgang tse di molemo tsa bogosi” ka dingwaga tse dintsi. (Mathaio 24:14) Ka 2000, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Mexico e ne ya simolola letsholo la go rerela batho botlhe ba ba buang Se-Nahuatl ka puo ya bone ba bo ba rulaganya diphuthego tsa puo ya Se-Nahuatl gore batho ba ba neng ba ya dipokanong tsa Se-Spain ba kgone go nna le dipokano ka puo ya bone. Go ne ga tlhomiwa setlhopha sa thanolo gore go gatisiwe dikgatiso tsa Baebele ka Se-Nahuatl. Gape go ne ga dirwa maiteko a gore batho ba ba buang Se-Nahuatl ba rutiwe go bala le go kwala ka puo ya bone. Go ne ga felela ka eng? A re sekaseke maitemogelo a a latelang.

Fa mosadi mongwe yo o tsholetsweng kwa Mexico a utlwa puo ya Baebele ka Se-Nahuatl lekgetlho la ntlha, o ne a re: “Re ntse re ya dipokanong ka dingwaga di le lesome mme re boa re sa tlhaloganya ka gonne re sa itse Se-Spain sentle. E ne e kete ke gone re simololang go utlwa boammaaruri!” Juan, yo o nang le dingwaga di le 60, o ne a ithuta Baebele le go ya dipokanong tsa Se-Spain le mosadi wa gagwe le bana ka dingwaga di le robedi mme ba sa gatele pele. Mme o ne a simolola go ithuta Baebele ka Se-Nahuatl. Mo lobakeng lo lo ka fa tlase ga ngwaga, o ne a kolobediwa go nna Mosupi!

Jaaka maitemogelo ano a bontsha, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go ithuta Baebele ka Se-Spain, mme ba ne ba sa e tlhaloganye sentle. Go tshwara dipokano, dikopano le go nna le dikgatiso ka puo ya bone go ba thusitse go tlhaloganya dithuto tsa Baebele le maikarabelo a bone a Bokeresete.

Go Fenya Dikgoreletsi

Le fa Ba-Nahuatl ba ne ba gatela pele semoyeng, ba ne ba lebana le dikgoreletsi. Ka sekai, go na le kgatelelo e kgolo ya gore motho a nne le seabe mo meletlong ya bodumedi. Kwa San Agustín Oapan, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa letlelelwa go rera ka ntlo le ntlo. Go ne go boifiwa gore batho ba ne ba tla tlogela go ntsha madi a go tshegetsa meletlo eo. Fa Florencio le setlhopha se sennye sa Basupi ba Ba-Nahuatl ba mo lefelong leo ba ne ba rera, ba le bararo ba bone ba ne ba tshwarwa. Mo metsotsong e le 20, boidiidi bo ne jwa kopana go tla go buisana gore ba direng ka bone.

Florencio a re: “Ba ne ba batla go re bolaya ka yone nako eo. Bangwe ba ne ba akantsha gore re bofiwe re bo re latlhelwe mo nokeng gore re nwele! Re ne ra fetsa bosigo jotlhe kwa kgolegelong. Mo letsatsing le le latelang, Mosupi mmogo le rona yo e neng e le mmueledi le bakaulengwe ba bangwe ba babedi ba ne ba tla go re thusa. Le bone ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. La bofelo, balaodi ba ne ba re ba tla re golola fa fela re ka tswa mo motseng.” Go sa kgathalesege se se neng sa diragala, ngwaga morago ga foo go ne ga tlhomiwa phuthego e e neng e na le Basupi ba le 17 ba ba kolobeditsweng le batho ba le 50 ba ba neng ba ya kwa dipokanong.

Kwa motseng wa Coapala wa Ba-Nahuatl, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e bong Alberto, o ne a lalediwa gore a nne le seabe mo moletlong wa lefelo leo. O ne a gana mme a tsenngwa mo kgolegelong. Go ne ga nna le pitso, mme bangwe ba ne ba goeletsa gore a kalediwe ka boikaelelo jwa go tshosetsa ope fela yo o ka ratang go nna leloko la bodumedi jwa gagwe le go tlogela dingwao tsa mo lefelong leo. Basupi ba bangwe ba ne ba leka go mo golola mme le bone ba ne ba tshwarwa. Fa moletlo o o tsereng beke yotlhe o fela, botlhe ba ne ba gololwa. Fa kganetso e tswelela, ba ne ba tshwanelwa ke go kopa thuso mo balaoding ba bagolo, mme go ne ga ntshiwa taolo e e neng ya dira gore ba se ka ba tlhola ba bogisiwa. Se se kgatlhang ke gore motho yo o neng a ganetsa thata o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele nakwana morago ga foo mme a kolobediwa. Gone jaanong go na le phuthego mo motseng oo.

Tshimo e Siametse go ka Rojwa

E re ka go bonala tshimo ya Se-Nahuatl e tla nna le matswela, Basupi ba le bantsi ba ithuta puo eo. Le fa go ntse jalo, go ithuta puo eo go na le dikgwetlho tsa gone. Ba-Nahuatl ke batho ba ba ditlhong thata ba ba okaokang go bua puo ya bone ka ntlha ya tsela e ba neng ba tshwarwa ka yone. Gape Se-Nahuatl se buiwa ka ditsela tse di farologaneng.

Modiredi mongwe wa nako e e tletseng e bong Sonia o tlhalosa se se ileng sa mo tlhotlheletsa go ithuta Se-Nahuatl. Sonia o ne a re: “Go tswa kwa legaeng la me, mo e ka nnang sekgala sa diura di le pedi, go na le badiri ba batswakwa ba ka nna 6 000 ba Ba-Nahuatl ba ba nnang mo lefelong la maemo a a sa itumediseng le le tlhokomelwang ke batlhokomedi la batho ba ba se nang magae. Batho bano ga ba a sireletsega e bile ba a nyadiwa. Tsela e ba tshelang ka yone e ne ya nkutlwisa botlhoko thata ka gonne Ba-Nahuatl e kile ya bo e le batho ba ba tlotlegang, ba setso sa rona se tswang mo go bone. Re ile ra ba rerela ka dingwaga di le 20 ka Se-Spain mme ba ne ba sa tlhaloganye sentle e bile ba ne ba sa bontshe kgatlhego e e kalo. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go ithuta mafoko a se kae a puo ya bone, seo se ne sa dira gore ke nne le ditshono di le dintsi tsa go bua le bone. Ba ne ba tla go ntheetsa. Ke ne ka ithaopela go ruta mosadi mongwe go bala le go kwala fa fela a ne a ka nthuta Se-Nahuatl. Jaanong batho botlhe ba ba nnang mo lefelong la batho ba ba se nang magae ba nkitse ke le ‘mosadi yo o buang Se-Nahuatl.’ Ke ikutlwa e kete ke morongwa mo nageng ya gaetsho.” Gone jaanong go na le phuthego ya batho ba ba buang Se-Nahuatl mo lefelong leo.

Modiredi yo mongwe wa nako e e tletseng e bong Maricela, o dira sotlhe se a ka se kgonang go ithuta Se-Nahuatl. Kwa tshimologong, o ne a tshwarela Félix wa dingwaga di le 70 thuto ya Baebele ka Se-Spain. Fa Maricela a ntse a ithuta Se-Nahuatl ka mo go oketsegileng, o ne a dirisa puo eno ya ga Félix go mo tlhalosetsa dilo. Seno se ne sa nna le matswela a a molemo. O ne a amega maikutlo tota fa Félix a ne a mmotsa gore, “A Jehofa o a nkutlwa fa ke bua le ene ka Se-Nahuatl?” Félix o ne a itumelela go utlwa gore Jehofa o itse dipuo tsotlhe. Félix o ya kwa dipokanong ka metlha tota le fa a tshwanelwa ke go tsamaya ura le halofo e bile gone jaanong o kolobeditswe. Maricela a re, “Ke itumelela go dira mmogo le moengele yo o bolelang dikgang tse di molemo mo bathong botlhe!”—Tshenolo 14:6, 7.

Eleruri, masimo a Ba-Nahuatl a “masweu go ka rojwa.” (Johane 4:35) Re rapela Jehofa Modimo gore a tswelele a laletsa batho ba ditso tsotlhe, go akaretsa le Ba-Aztec ba motlha wa gompieno ba ba pelontle, gore ba tlhatlogele mo thabeng ya gagwe gore ba rutiwe ditsela tsa gagwe.—Isaia 2:2, 3.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Se-Nahuatl ke nngwe ya dipuo tsa Ba-Uto-Aztec, tse di buiwang ke merafe ya Ba-Hopi, Ba-Shoshone le Ba-Comanche ba kwa Amerika Bokone. Mafoko a le mantsi a a dirisiwang mo Seesemaneng, a a jaaka avocado, chocolate, coyote le tomato, a tserwe mo puong ya Se-Nahuatl.

[Mmapa mo go tsebe 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MEXICO CITY

PALO YA BA-AZTEC MO KGAOLONG NNGWE LE NNGWE

150 000

KWA TLASE GA 1 000