Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Dikarabo

Go Batla Dikarabo

Go Batla Dikarabo

“Mo e ka nnang mongwe le mongwe o na le se a se akanyang malebana le gore [Jesu] ke mang. Le fa re ka tswa re na le tumelo kgotsa re na le dipelaelo go le kana kang, rotlhe re ipotsa gore, ‘Monna yono ke mang?’”—AUTHOR STAN GUTHRIE.

BATHO ba batla go itse ka ga Jesu. Go rekisitswe dibuka tse dintsi tse di buang ka ene. Difilimi tse di ka ga gagwe di ile tsa atlega thata. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba ipotsa dipotso ka ga Jesu. Batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng malebana le gore tota Jesu e ne e le mang.

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, bakwaladikgang ba babedi ba ne ba botsa batho potso eno e e reng “Jesu e ne e le mang?” mo Internet. Ba ne ba araba jaana:

● “Go lebega e ne e le rabi (morutisi) yo o neng a dira gore botshelo jwa gagwe e nne sekao sa kutlwelobotlhoko.”

● “E ne e le motho yo o tlwaelegileng mme a tshela botshelo jo bo tlhomologileng.”

● “Ga go na bosupi bope jwa gore Jesu o ne a tshela.”

● “Jesu ke Morwa Modimo yo o neng a tsholwa, a swa a bo a tsosiwa mo baswing gore a re golole mo maleong a rona. Gompieno o a tshela mme o tla tla gape mo lefatsheng.”

● “Ke dumela gore Jesu Keresete ke morwa a le mongwe fela wa Modimo, ke motho e bile ke Modimo ka nako e le nngwe.”

● “Go dumela mo ditlhamaneng tse di ka ga Jesu ke bongwana.”

Ga go pelaelo gore dikgopolo tse di ntseng jalo tse dintsi ga di ka ke tsa nna boammaaruri tsotlhe. A go na le tshedimosetso nngwe e e ka ikanngwang e e ka re nayang dikarabo tse di boammaaruri ka ga Jesu? Bagatisi ba makasine ono ba dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo e bile ke yone fela e e re bolelelang boammaaruri jotlhe ka ga Jesu. *2 Timotheo 3:16.

Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka kafa Baebele e arabang ka gone dingwe tsa dipotso tse gantsi di bodiwang ka ga Jesu. Ene ka boene o ne a re “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene” o tla bolokwa. (Johane 3:16) Re kopa gore o sekaseke dikarabo go tswa foo o itirele tshwetso gore a o tlhoka go ithuta mo go oketsegileng ka ga Jesu le kafa o ka dumelang mo go ene ka gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 2 ya setlhogo se se reng, “Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.