Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Botlhokwa go Itse Dikarabo?

A go Botlhokwa go Itse Dikarabo?

A go Botlhokwa go Itse Dikarabo?

“Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—JOHANE 8:32.

BAEBELE e na le boammaaruri jo bo ka re gololang mo dilong tse di tlhakanyang tlhogo kgotsa le e leng mo dilong tse di seng boammaaruri tse batho ba di dumelang ka ga Jesu. Le fa go ntse jalo, a tota go botlhokwa gore re dumela eng ka ene? Ee, go botlhokwa. Go botlhokwa mo go Jehofa. Go botlhokwa mo go Jesu. E bile go tshwanetse ga nna botlhokwa mo go rona.

Ke eng fa go le botlhokwa mo go Jehofa? Karabo e e motlhofo ke gore “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Jehofa o batla gore re tshele re itumetse ka bosakhutleng. Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe [la batho] mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene . . . a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Modimo o ne a romela Morwawe gore e nne Mogolodi wa rona le go re naya tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise go dumalana le boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong. (Genesise 1:28) Modimo o iketleeleditse go naya batho ba ba ithutang boammaaruri ka Morwawe le go dira go dumalana le jone, mpho ya botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 6:23.

Ke eng fa go le botlhokwa mo go Jesu? Jesu le ene o rata batho. O ne a bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo ka go re swela ka go rata. (Johane 15:13) O ne a tlhaloganya gore ka go dira jalo o ne a naya batho tshono e e leng yone fela e dirang gore ba bolokwe. (Johane 14:6) Ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke gore Jesu o batla gore batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone ba solegelwe molemo ke setlhabelo sa gagwe sa thekololo. Ke gone ka moo a neng a laela balatedi ba gagwe ba boammaaruri gore ba rute batho mo lefatsheng lotlhe ka thato ya Modimo le maikaelelo a gagwe.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

Ke eng fa go tshwanetse ga nna botlhokwa mo go rona? Akanya go se kae ka dilo tse kwantle ga pelaelo di leng botlhokwa mo go wena—botsogo jwa gago le lelapa gago. A o eletsa gore wena le batho ba o ba ratang lo nne le botsogo jo bo molemo le botshelo jo bo botoka? Jehofa o dirisa Jesu go naya wena le batho ba o ba ratang tsholofelo ya go nna le botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha, go se na botlhoko le pogo. (Pesalema 37:11, 29; Tshenolo 21:3, 4) A ga o ka ke wa rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo? Fa go ntse jalo, go na le sengwe se o tshwanetseng go se dira.

Ela tlhoko gape temana e e nopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” Go itse boammaaruri ka ga Jesu le seabe sa gagwe mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo go ka re golola mo bokgobeng jo bo maswe le go feta—bokgoba jwa boleo le loso. Mme gore o gololwe jalo, o tshwanetse go “itse boammaaruri.” Ke eng fa o sa ithute mo go oketsegileng ka boammaaruri jono le kafa wena le batho ba o ba ratang lo ka solegelwang molemo ka teng? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.