Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

“Tsweetswee re Letle re Tle Gae”

“Tsweetswee re Letle re Tle Gae”

A o kile wa bo o direla Jehofa? A o kile wa akanya ka go mo direla gape mme o ipotsa gore a o tla go amogela? Tsweetswee bala setlhogo seno le se se latelang ka kelotlhoko. Di ne tsa kwalwa go akantswe ka wena.

MOSADI mongwe yo o neng a tlogela go tshela ka melao ya Bokeresete e a neng a godisitswe ka yone, o ne a re: “Ke ne ka rapela Jehofa ke mo kopa gore a ntetle gore ke boe ke nne le kamano e e molemo le ene le gore a intshwarele ka go bo ke mo utlwisitse botlhoko.” A ga o mo tlhomogele pelo? A o a tle o ipotse gore: ‘Modimo o ikutlwa jang ka batho ba ba tlogetseng go mo direla? A o sa ntse a ba gopola? A o batla gore ba “tle gae”?’ Go bona dikarabo tsa dipotso tseo, a re sekaseke mafoko a a kwadilweng ke Jeremia. Ga go pelaelo gore dikarabo tseo di tla go kgothatsa.—Bala Jeremia 31:18-20.

Akanya ka se se neng se direga fa Jeremia a ne a kwala mafoko ano. Ka 740 B.C.E., masomesome a dingwaga pele ga motlha wa ga Jeremia, Jehofa o ne a letla Baasiria go isa bogosi jwa Iseraele jwa ditso di le lesome botshwarwa. * Modimo o ne a otlhaya batho ba gagwe ka go ba letla gore ba welwe ke masetlapelo ano ka gonne ba ne ba simolola go dira maleo a a masisi, ba itlhokomolosa ditlhagiso tse baporofeti ba gagwe ba neng ba ba naya tsone gangwe le gape. (2 Dikgosi 17:5-18) A mathata a ba neng ba lebana le one kwa botshwarwa, fa ba ne ba le kgakala le Modimo wa bone le nagagae ya bone a ne a dira gore ba fetoge? A Jehofa o ne a lebetse gotlhelele ka bone? A o ne a tla ba amogela gape?

“Ke ne Ka Ikwatlhaya”

Fa batho bano ba le kwa botshwarwa ba ne ba itharabologelwa ba bo ba tlhotlheletsega go ikwatlhaya. Jehofa o ne a lemoga gore ba ikwatlhaya go tswa pelong. Reetsa fa Jehofa a tlhalosa kafa Baiseraele, ba ba bidiwang Eferaime, ba ba neng ba le kwa botshwarwa, ba neng ba ikutlwa ka gone le kafa ba neng ba leba dilo ka gone.

Jehofa a re: “Ke utlwile Eferaime a ikhutsafalela.” (Temana 18) O ne a utlwa fa Baiseraele ba ne ba lela ka ntlha ya ditlamorago tsa maleo a bone. Mokanoki mongwe a re mafoko a a reng “go ikhutsafalela” a ka kaya “go tshikhinyega.” Ba ne ba tshwana le morwa wa seganana yo o tshikhinyang tlhogo ka khutsafalo fa a ntse a akanya ka mathata a a ipaketseng one e bile a tlhologeletswe tsela e a neng a tshela ka yone kwa gae. (Luke 15:11-17) Ke eng se batho bano ba neng ba se bua?

“O ntshiamisitse . . . jaaka namane e e iseng e thapisiwe.” (Temana 18) Batho bano ba ne ba amogela gore ba tlhoka go otlhaiwa. Mme gone ba ne ba ntse jaaka namane e e sa thapisiwang. Buka nngwe ya re tshwantshanyo eno e ka nna ya raya gore ba ne ba tshwana le namane “e e ka bong e sa tlhabiwa ke setlhabo fa e ne e sa tswa mo jokweng.”

“Ntire gore ke boele morago, mme ke tla boela morago ke sa okaoke, gonne o Jehofa Modimo wa me.” (Temana 18) Batho ba ne ba ipiletsa kwa Modimong ba ikokobeditse. Ba ne ba sa bolo go tshela ka tsela e e sa siamang, jaanong ba ne ba kopa Modimo gore a ba thuse go boela kwa go ene gore a ba amogele. Thanolo nngwe ya re: “O Modimo wa rona—tsweetswee re letle re tle gae.”—Contemporary English Version.

“Ke ne ka ikwatlhaya. . . . Ke ne ka tlhabiwa ke ditlhong, gape ke ne ka ikutlwa ke kokobeditswe.” (Temana 19) Batho bano ba ne ba ikwatlhaya ka gonne ba leofile. Ba ne ba amogela molato wa bone. Gape ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong e bile ba hutsafetse.—Luke 15:18, 19, 21.

Baiseraele ba ne ba ikwatlhaya. Ba ne ba hutsafetse thata, ba ipolela maleo mo Modimong ba bo ba tlogela ditsela tsa bone tse di bosula. A go ikwatlhaya ga bone go ne go tla nolofatsa pelo ya Modimo? A o ne a tla ba amogela?

“Ke Tla mo Tlhomogela Pelo Tota”

Jehofa o ne a rata Baiseraele fela thata. O ne a re: “Ke fetogile Rre mo go Iseraele, mme fa e le Eferaime ene, ke leitibolo la me.” (Jeremia 31:9) Ruri rre yo o lorato ga a ka ke a gana go amogela morwawe yo o ikwatlhayang go tswa pelong. Ela tlhoko kafa Jehofa a bontshang batho ba gagwe ka gone gore o ikutlwa jang jaaka Rre.

“A Eferaime ke morwa yo o rategang mo go nna, kgotsa ngwana yo o tshwarwang ka lorato? Ke tla mo gakologelwa go ya pele ka selekanyo se ke buang kgatlhanong le ene ka sone.” (Temana 20) Ruri mafoko ao a bontsha lorato! Fela jaaka motsadi yo o lorato mme a sa letlelele sengwe le sengwe, Modimo o ne a tshwanelwa ke go bua “kgatlhanong” le bana ba gagwe, gangwe le gape a nna a ba tlhagisa ka dilo tse di sa siamang tse ba neng ba di dira. Fa ka botlhogoethata ba ne ba gana go reetsa, o ne a dira gore ba ye botshwarwa—tota re ka re, a dira gore ba tswe mo gae. Mme le fa a ne a tshwanelwa ke go ba otlhaya, o ne a sa ba lebala. Tota o ne a ka se ka a ba lebala. Rre yo o lorato ga a ka ke a lebala bana ba gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ikutlwa jang fa a bona bana ba gagwe ba ikwatlhaya go tswa pelong?

“Ke gone ka moo mala a me a fuduegang ka ntlha ya gagwe. * Ke tla mo tlhomogela pelo tota.” (Temana 20) Jehofa o ne a tlhologeletswe bana ba gagwe fela thata. Boikwatlhao jwa bone jo bo tswang pelong bo ne jwa ama pelo ya gagwe e bile o ne a eletsa thata gore ba boele kwa go ene. Fela jaaka rre yo o mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa wa sesinyi, Jehofa o ne “a tlhomoga pelo” e bile o ne a iketleeleditse go amogela bana ba gagwe.—Luke 15:20.

‘Jehofa Ntetle ke Tle Gae!’

Mafoko a a mo go Jeremia 31:18-20 a re thusa go tlhaloganya kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi jo bo lorato jwa ga Jehofa. Modimo ga a lebale batho ba ba kileng ba mo direla. Go tweng fa ba batla go boa ba mo direla gape? Modimo “o iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Ga a ka ke a furalela batho ba ba tlang kwa go ene ba ikwatlhaya go tswa pelong. (Pesalema 51:17) Go na le moo, o itumelela go ba amogela.—Luke 15:22-24.

Mosadi yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a tsaya kgato ya go boela kwa go Jehofa a bo a ya kwa phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la bone. Kwa tshimologong o ne a tshwanelwa ke go lwantsha maikutlo a gagwe a go kgobega marapo. A re: “Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe.” Mme bagolwane ba phuthego ba ne ba mo kgothatsa ba bo ba mo thusa gore a boe a nne le kamano e e molemo le Jehofa. O ne a bua jaana ka kanaanelo e kgolo: “Ruri go a itumedisa gore Jehofa o ne a ntletla gore ke boele gae!”

Fa e le gore o kile wa bo o direla Jehofa mme o batla go boa o mo direla gape, re kopa gore o ye kwa phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la lona. Se lebale gore Jehofa o bontsha bopelonomi le kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba ikwatlhayang mme ba goela kwa go ene ba re, “Tsweetswee re letle re tle gae.”

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka April:

Jeremia 17-31

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Makgolo a dingwaga pelenyana, ka 997 B.C.E., Baiseraele ba ne ba kgaoganngwa go nna magosi a mabedi. Bogosi jo bongwe jo bo neng bo le kwa borwa e ne e le jwa Juda jwa ditso tse pedi. Jo bongwe e ne e le bogosi jwa Iseraele jwa kwa bokone jwa ditso tse di lesome jo gape bo neng bo bidiwa Eferaime ka go bo e le lotso lo lo nang le tlhotlheletso e kgolo.

^ ser. 5 Fa buka nngwe e e kaelang baranodi ba Baebele e tlhalosa papiso eno e e ka ga mala a a fuduegang ya re: “Bajuda ba ne ba tsaya gore maikutlo a motho a nnang le one a simologa mo dikarolong tse di mo teng tsa mmele.”