Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE ENG se se neng sa tlhotlheletsa monna mongwe yo o neng a tlogela go tshela ka melao ya Baebele gore a tshele ka yone gape? Lekawana lengwe le ne la bona jang rre yo le neng le sa bolo go eletsa go nna le ene? Bala o utlwe gore batho bano ba reng.

“Ke ne ke Tshwanetse go Boela Kwa go Jehofa.”—ELIE KHALIL

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1976

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: CYPRUS

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MORWA WA SESENYI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa Cyprus mme ka golela kwa Australia. Batsadi ba me ke Basupi ba ga Jehofa mme ba ne ba dira ka natla gore ke rate Jehofa le Lefoko la gagwe, Baebele. Le fa go ntse jalo, fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka simolola go tsuologa. Ke ne ke tswa mo ntlong ke kukuna bosigo gore ke ye go kopana le basha ba bangwe. Re ne re utswa dikoloi mme re dira dilo tse dingwe tse di neng di re tsenya mo mathateng.

Kwa tshimologong, ke ne ke dira dilo tseo mo sephiring ke sa batle go utlwisa batsadi ba me botlhoko. Mme fa nako e ntse e tsamaya ke ne ke sa tlhole ke boifa go ba utlwisa botlhoko. Ke ne ka itsalanya le batho ba bagolo thata mo go nna ba ba neng ba sa rate Jehofa mme ba ne ba ntlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang. Kgabagare ke ne ka bolelela batsadi ba me gore ga ke tlhole ke batla go utlwa sepe ka bodumedi jwa bone. Ka bopelotelele, ba ne ba leka go nthusa mme ke ne ka gana thuso ya bone. Batsadi ba me ba ne ba utlwa botlhoko thata.

Fa ke sena go tswa kwa gae, ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi, le e leng go jala le go rekisa matekwane. Ke ne ke tlhoka boitsholo mme ke fetsa nako e ntsi ke ijesa monate kwa ditlelapeng tsa bosigo. Ke ne ka simolola go nna le mokgwa wa go galefa ka bonako. Fa mongwe a ne a dira kgotsa a bua sengwe se ke neng ke sa se rate ke ne ke tlala bogale, gantsi ke ne ke garumela batho le go ba betsa. Tota nka re, ke ne ke dira sengwe le sengwe se ke neng ke rutilwe gore Mokeresete ga a tshwanela go se dira.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Ke ne ka nna tsala e e ntshanang seinong le mosha mongwe yo le ene a neng a dirisa diokobatsi yo a neng a tlhokafalelwa ke rraagwe a sa le monnye. Gantsi re ne re tlotla go fitlha go nna bosigo thata. Mo go mangwe a masigo ao, o ne a mpulela mafatlha a bo a mpolelela kafa a tlhologelelwang rraagwe ka gone. E re ka ke ne ka gola ke itse ka tsholofelo ya tsogo, ke ne ka simolola go mmolelela ka ga Jesu—gore o ne a tsosa baswi le gore o solofetsa go ba tsosa mo isagweng. (Johane 5:28, 29) Ke ne ke tle ke mo reye ke re: “Akanya fela o bona rrago gape. Rotlhe re ka tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.” Dintlha tseo di ne tsa ama maikutlo a tsala ya me.

Ka dinako tse dingwe, tsala eno ya me e ne e tle e umake dilo tse di jaaka malatsi a bofelo kgotsa thuto ya Tharonngwe. Ke ne ke tle ke mmontshe ditemana di le mmalwa mo Baebeleng ya gagwe tse di neng di senola boammaaruri ka ga Jehofa Modimo, Jesu le ka malatsi a bofelo. (Johane 14:28; 2 Timotheo 3:1-5) Go nna ke bolelela tsala ya me ka ga Jehofa, go ne ga dira gore ke nne ke akanya ka ga Jehofa.

Ka bonya ka bonya, peo ya boammaaruri jwa Baebele e e neng e jadilwe mo pelong ya me mme e sa gole—peo e batsadi ba me ba neng ba leka ka natla go e jala—e ne ya simolola go gola. Ka sekai, ka dinako tse dingwe fa ke ne ke le kwa phathing nna le ditsala tsa me re dirisa diokobatsi, ka tshoganyetso fela ke ne ke tle ke simolole go akanya ka ga Jehofa. Bontsi jwa ditsala tsa me ba ne ba re ba rata Modimo mme boitsholo jwa bone bo ne bo sa bontshe seo. E re ka ke ne ke sa batle go tshwana le bone, ke ne ke itse gore ke tshwanetse go dira eng. Ke ne ke tshwanetse go boela kwa go Jehofa.

Gone ke boammaaruri gore, go motlhofo go itse se o tshwanetseng go se dira mme go thata go se dira. Go ne go le motlhofo go dira diphetogo tse dingwe; ga ke a ka thatafalelwa ke go tlogela diokobatsi. Gape ke ne ka tlogela ditsala tsa me tsa pele mme ka simolola go ithuta Baebele le mogolwane wa Mokeresete.

Le fa go ntse jalo, go ne go le thata go dira diphetogo tse dingwe. Go ne go le thata tota go laola bogale jwa me. Ka dinako dingwe ke ne ke kgona go laola bogale ka lobaka lo lo rileng mme moragonyana ke bo ke boa ke galefa gape. Morago ga foo ke ne ke ikutlwa ke le molato, ke akanya gore ke paletswe. Ke ne ke kgobegile marapo fa ke ya kwa mogolwaneng mongwe yo o neng a nthuta Baebele. Ka metlha o ne a le pelotelele e bile a le pelonomi, o ne a nkgothatsa fela thata. Nako nngwe o ne a re ke bale setlhogo sengwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo se se buang ka botlhokwa jwa go sa ineele. * Re ne ra tlotla ka dilo tse ke neng nka di dira fa ke galefa. Ka bonya ka bonya ke ne ka kgona go laola bogale jwa me ke thusiwa ke go akanya ka setlhogo seo le ke go rapela Jehofa. Kgabagare ka April 2000, ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Boammaaruri ke gore, batsadi ba me ba ne ba itumetse tota.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Jaanong ke na le kagiso ya mogopolo le segakolodi se se phepa ka gonne ke itse gore ga ke sa tlhole ke leswefatsa mmele wa me ka diokobatsi kgotsa ka boitsholo jo bo sa siamang. Ke nna ke itumetse le fa nka tswa ke dira eng fela, e ka ne e le go bereka, go ya dipokanong tsa Bokeresete kgotsa ke itapolosa ka tsela nngwe. Ke leba botshelo ka tsela e e siameng.

Ke leboga Jehofa ka ntlha ya batsadi ba me ba ba neng ba se ka ba ntlhoboga. Gape ke akanya ka mafoko ano a ga Jesu a a mo go Johane 6:44: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” Ke a itumela fa ke akanya gore ke ile ka kgona go boela kwa go Jehofa ka go bo a ile a nkgogela kwa go ene.

“Ke ne ke Eletsa go Nna le Rre.”—MARCO ANTONIO ALVAREZ SOTO

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1977

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: CHILE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: LELOKO LA SETLHOPHA SA MMINO WA DEATH-METAL

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Mmè o nkgodiseditse kwa Punta Arenas, motse o montle o o kwa Kgogometsong ya Magellan gaufi le kwa ntlheng e e kwa borwa jwa Amerika Borwa. Batsadi ba me ba ne ba kgaogana fa ke na le dingwaga di le tlhano, e leng se se neng sa dira gore ke ikutlwe ke latlhilwe. Ke ne ke eletsa go nna le rre.

Mmè o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme o ne a ya le nna kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi. Le fa go ntse jalo ke ne ke sa rate go ya dipokanong mme gantsi ke ne ke tle ke galefe fa re ya kwa go tsone. Fa ke ne ke na le dingwaga di le 13, ke ne ka kgaotsa gotlhelele go ya kwa dipokanong.

Ka nako eo ke ne ke simolotse go rata mmino mme ka lemoga gore ke na le bokgoni jwa go o tshameka. Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ke tshameka mmino wa heavy metal le wa death-metal kwa meletlong, kwa dibareng le kwa dikokoanong. Go itsalanya le batho ba ba itseng mmino, go ne ga dira gore ke rate mmino wa classic. Ke ne ka simolola go ithutela mmino kwa sekolong sa mmino sa mo lefelong la rona. Fa ke na le dingwaga di le 20, ke ne ka fudugela kwa motsemogolong, kwa Santiago, go ya go tsweletsa dithuto tsa me. Gape ke ne ka tswelela ke tshameka diletswa tsa mmino wa heavy metal le wa death-metal.

Nako eno yotlhe ke ne ke tshwenngwa ke boikutlo jwa gore ga ke motho wa sepe. E le gore ke itebatse maikutlo ao, ke ne ke tle ke nwe bojalwa ka tsela e e feteletseng le go dirisa diokobatsi ke na le batho ba ke neng ke tshameka mmino le bone ba ke neng ke ba tsaya e le ba lelapa la me. Ke ne ke na le moya wa botsuolodi o o neng o bonala mo tseleng e ke neng ke lebega ka yone. Ke ne ke apara diaparo tse dintsho, ke godisitse ditedu e bile ke godisitse moriri gore o fitlhe mo e ka nnang mo dinokeng.

Gangwe le gape, tsela e ke neng ke itshwara ka yone e ne e dira gore ke lwe le batho ke bo ke tshwarwe ke mapodise. Ka lekgetlho le lengwe fa ke ne ke nole bojalwa, ke ne ka tlhasela bagwebi ba diokobatsi ba ba neng ba tle ba tshwenye nna le ditsala tsa me. Bagwebi bano ba diokobatsi ba ne ba mpetsa botlhoko mo ke neng ka robega lotlhaa.

Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba nkutlwisa botlhoko thata ke ba ke neng ke atamalane thata le bone. Ka letsatsi lengwe, ke ne ka lemoga gore lekgarebe la me le ne le na le dingwaga di le dintsi le ratana le tsala e ke neng ke atamalane thata le yone, mme ditsala tsotlhe tsa me di ne di ntobetse seo. Ke ne ke utlwile botlhoko thata.

Ke ne ka boela kwa Punta Arenas, kwa ke neng ka simolola go ruta mmino gone le go nna moletsi wa baeyolene e kgolo e e bidiwang cello. Gape ke ne ka tswelela ke tshameka le go rekota mmino wa heavy metal le wa death-metal. Ke ne ka kopana le mosetsana mongwe yo montle yo o bidiwang Sussan mme ra simolola go nna mmogo. Nakwana morago ga foo, Sussan o ne a lemoga gore mmaagwe o ne a dumela thuto ya Tharonngwe mme nna ke ne ke sa e dumele. O ne a mpotsa jaana: “Jaanong boammaaruri ke bofe?” Ke ne ka mmolela gore ke a itse gore thuto ya Tharonngwe ga e boammaaruri le fa ke ne ke sa kgone go mmontsha bosupi go tswa mo Baebeleng. Mme ke ne ke itse gore ke bomang ba ba neng ba ka kgona go mmontsha. Ke ne ka mmolelela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ka mmontsha boammaaruri go tswa mo Baebeleng. Go tswa foo ke ne ka dira selo se ke neng ke feditse dingwaga di le dintsi ke sa se dire—ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse.

Malatsi a le mmalwa moragonyana, ke ne ka bona monna mongwe yo ke neng ke akanya gore ke a mo itse, mme ka mmotsa gore a ke Mosupi wa ga Jehofa. Le fa a ne a tshositswe ke tsela e ke neng ke lebega ka yone, o ne a araba ka bopelonomi dipotso tsa me malebana le dipokano tse di tshwarelwang kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ke tlhatswegile pelo gore go kopana le ene e ne e le sesupo sa gore thapelo ya me e ne e arabiwa. Ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi mme ka nnela kwa morago gore batho ba se ka ba ntemoga. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba simolola go ntemoga ba gopola nako ya fa ke ne ke tla dipokanong ke sa le ngwana. Ba ne ba nkamogela ba bo ba ntlamparela ka lorato mo ke neng ka ikutlwa ke na le kagiso. Go ne go ntse jaaka e kete ke tlile gae. Fa ke ne ke bona monna yo a neng a nthuta Baebele fa ke ne ke le monnye, ke ne ka mo kopa gore a ithute le nna gape.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Ka letsatsi lengwe ke ne ka bala Diane 27:11 e e reng: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me.” Ke ne ka kgatlhwa ke go akanya gore motho wa maemo a a kwa tlase a ka itumedisa pelo ya Mmopi wa lobopo. Ke ne ka lemoga gore Jehofa ke Rre yo ke neng ke sa bolo go mmatla botshelo jwa me jotlhe!

Ke ne ke batla go ipedisa Rre yo o kwa legodimong le go dira thato ya gagwe mme ke ne ke nnile lekgoba la diokobatsi le bojalwa ka dingwaga di le dintsi. Ke ne ka simolola go tlhaloganya thuto ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:24 e e reng “ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi.” Fa ke ntse ke kgaratlhela go dira diphetogo, molaomotheo ono o o mo go 1 Bakorintha 15:33 o ne wa nkama pelo: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” Ke ne ka lemoga gore ke ne nka se kgone go tlogela mekgwa e e sa siamang fa ke nnela go ya kwa mafelong a ke neng ke tlwaetse go ya kwa go one le go nna ke itsalanya le batho ba e neng e le ditsala tsa me. Kgakololo ya Baebele e ne e utlwala sentle: Ke ne ke tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo gore ke tlogele dilo tse di neng di dira gore ke boele kwa mekgweng e e sa siamang.—Mathaio 5:30.

Go rata mmino go ile ga dira gore go tlogela mmino wa heavy metal gotlhelele e nne tshwetso e e boima thata e nkileng ka tshwanelwa ke go e dira. Mme ditsala tsa me mo phuthegong di ne tsa nthusa gore ke feleletse ke o tlogetse. Ke ne ka tlogela go nwa ka tsela e e feteletseng le go dirisa diokobatsi. Gape ke ne ka beola moriri, ka tlosa ditedu le go tlogela go apara diaparo tse dintsho fela. Fa ke ne ke bolelela Sussan gore ke batla go beola moriri, o ne a batla go itse gore go diregang. O ne a re: “Ke tsamaya le wena go bona gore tota go direga eng kwa Holong eo ya Bogosi!” O ne a rata se a neng a se bona koo mme go ise go ye kae le ene a simolola go ithuta Baebele. Kgabagare, nna le Sussan re ne ra nyalana. Ka 2008, re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Re itumelela go direla Jehofa mmogo le mmè.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke ne ka kgaogana le lefatshe le le neng le lebega e kete le na le boitumelo jwa mmatota ka bo ka kgaogana le ditsala tse di boferefere. Ke sa ntse ke rata mmino mme jaanong ke tlhopha gore ke reetsa ofe. Ke bolelela ba lelapa la me le batho ba bangwe, segolobogolo basha, ka se se ntiragaletseng gore ba solegelwe molemo. Ke batla go ba thusa go lemoga gore bontsi jwa dilo tse lefatshe leno le ba solofetsang tsone di ka lebega di kgatlha, mme kwa bofelong ke “matlakala a mantsi.”—Bafilipi 3:8.

Ke bone ditsala tse di ikanyegang mo phuthegong ya Bokeresete, kwa go nang le lorato le kagiso gone. Mo godimo ga moo, ka go atamalana thata le Jehofa, ke ne ka bona Rre yo ke neng ke sa bolo go mmatla.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Setlhogo se se reng “Go Atlega ka go Itshoka” se ne sa tlhagelela mo makasineng wa February 1, 2000, tsebe 4-6.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Ke ile ka kgona go boela kwa go Jehofa ka go bo a ile a nkgogela kwa go ene”